< Ditiro 27 >

1 Mme lwa bofelo dithulaganyo tsa dirwa go re re simolole mosepele wa rona wa go ya kwa Roma ka sekepe; jalo Paulo le magolegwa a mangwe a mantsi ba bewa mo tlhokomelong ya mogolwane yo o neng a bidiwa Julio, leloko la mophato wa badisa. 2 Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona. 3 Tsatsi le le latelang erile re ema kwa Sidona, Julio o ne a siame thata mo go Paulo mme a mo letla gore a fologe mo sekepeng a etele ditsala tsa gagwe gore di mo amogele ka boitumelo. 4 Mme erile go tloga foo, ra kgorelediwa ke diphefo tse di neng tsa dira gore go nne thata go tlhamalatsa sekepe, jalo ra leba kwa bokone jwa Kupero fa gare ga setlhake le lefatshe, 5 mme ra feta go bapa le kgaolo ya Kilikia le Pamfilia, ra ema kwa Mira, mo kgaolong ya Lukia. 6 Mme foo molaodi wa rona a bona sekepe sa Egepeto se se tswang kwa Alekesanderia, se ya Itale, mme sa re tsaya. 7 Re ne ra tsamaya mo dikgoberegong malatsi a le mantsi, mme la bofelo ra atamela Kinido; mme diphefo di ne di setse di gaketse, jalo ra tabogela kwa Kereta, ra feta mo boemelong dikepe jwa Salamone. Mme erile re ntse re lebaganye le phefo ka bothata jo bogolo re tsamaya re iketlile mo lotshitshing lwa borwa, ra goroga mo felong fa go bidiwang Dinwane Dintle gaufi le motse wa Lusia. 8 9 Mme ra nna malatsi a le mantsi koo. Ka nako eo phefo e ne ya nna maswe mo e leng gore re ne re sa kgone go tsamaya mosepele o moleele, gonne ngwaga e ne e tsamaela go fela, mme Paulo a bua le balaodi ba sekepe ka gone. 10 A re, “Borra, ke dumela gore go tlaa nna mathata kwa pele fa re ka tswelela, gongwe sekepe sa rona se ka nna sa senyega, kgotsa ra latlhegelwa ke morwalo wa rona, ra gobala kgotsa ra a swa.” 11 Mme le fa gontse jalo batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba reetsa molaodi wa sekepe le mong wa sone go na le Paulo. 12 Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima. 13 Mme ka yone nako eo ga simologa phefo e e fokang ka bonya e tswa borwa, mme go ne go lebega e le letsatsi le le siametseng loeto, jalo ba tsamaya ba ikamile lotshitshi lwa lewatle. 14 Mme ka bofefo morago ga moo, ga nna le phetogo mo loaping, ga tsoga ledimo la phefo e e nonofileng thata (e ba e bitsang ya Bokone-botlhaba) la kapa sekepe la se phailela kwa teng ga lewatle. La ntlha ba ne ba leka go se lebisa kwa lotshitshing mme ba se ka ba kgona, jalo ba ineela gore phefo e kgweeletse sekepe kwa e yang teng. 15 16 Mme la bofelo ra goroga fa setlhakenyaneng se se neng se bidiwa Jauda, kwa e rileng ka bothata ra tlolela mo mokorong wa namolo o o neng o tswa kwa morago, 17 mme ra fapa sekepe kwa tlase. Badiri mo sekepeng ba ne ba tshaba go phepheulelwa ke phefo kwa go totomelang kwa lotshitshing lwa Afrika. Ba folosa disaile tsa sekepe ba ntse ba phepheulwa ke phefo. 18 Erile letsatsi le le latelang fa lewatle le kokomoga, badiri mo sekepeng ba simolola go latlhela merwalo mo lewatleng. 19 Mme letsatsi le le latelang ba latlhela dilwana tsa bone le sengwe le sengwe se se neng se le gaufi nabo. 20 Dikhuduego tsa lewatle tsa nna dikgolo ka malatsi a le mantsi go fitlhelela la bofelo go sena tsholofelo epe. 21 Mme ka lobaka lo lo leele go ne go sena ope yo o kileng a ja, mme la bofelo Paulo o ne a bitsa badiredi ba sekepe botlhe a re, “Banna, lo ka bo lo ne lwa ntheetsa lantlha mme ra seka ra tloga mo Dinwane Dintle, lo ka bo lo falotse dikgobalo tse le tatlhegelo! 22 Mme le fa go ntse jalo nametsegang! Ga go ope wa rona yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo, ntswa sekepe sone se tlaa nwela. 23 “Gonne bosigo jo bo fetileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe le yo ke mo direlang o ne a ema fa thoko ga me, 24 a re, ‘Se boife, Paulo, gonne ka boammaaruri o tlaa sekisiwa ke Kaesara! Mo gongwe gape ke eng, Modimo o arabile kopo ya gago mme o tlaa boloka matshelo a botlhe ba ba mo loetong le wena.’ 25 Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile! 26 Mme le fa go ntse jalo sekepe sa rona se tlaa senyegela fa setlhakeng.” 27 Mme erile e ka nna nako ya bosigo-gare mo bosigong jwa bo lesome le bone jwa khuduego ya lewatle, fa re ntse re phepheulelwa kwa pele le kwa morago mo lewatleng la Aderia, batsamaisi ba sekepe ba belaela gore lefatshe le gaufi. 28 Ba ne ba lekeletsa boteng jwa metse mme ba bona e le boteng jwa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi. Morago ga sebakanyana ba lekeletsa gape, mme ba bona e le dikgato di le masome a roba bongwe. 29 Mme ka selekanyo se ba itse gore ba gaufi le go phepheulelwa kwa lotshitshing, mme ka ba tshaba mafika a a gaufi le lotshitshi, ba digela diitsetsepelo di le nne ka kwa morago ga sekepe mme ba rapela gore go nne lesedi. 30 Mme batsamaisi ba bangwe ba loga leano la go tlogela sekepe, mme ba fologa mokoro wa phalotsho jaaka o ka re ba ya go tlhoma diitsetsepelo kwa pele. 31 Mme Paulo a raya masole le molaodi a re, “Lo tlaa swa lotlhe fa lo ka seka lwa nna mo sekepeng.” 32 Mme masole a kgaola megala a tlogela mokoro wa wa. 33 Erile masa a sa, Paulo a kopa mongwe le mongwe gore a je, a re, “Ga lo ise lo ke lo ame dijo mo dibekeng tse pedi tse di fetileng! 34 Tsweeng-tsweeng jang sengwe gore lo thusege! Gonne le fa ele thiri ya ditlhogo tsa lona ga e na go nyelela!” 35 Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja. 36 Ka bofefo mongwe le mongwe a ikutlwa sentle mme ba simolola go ja, 37 rotlhe re ne re le makgolo a mabedi le masome a supa le borataro, gonne eo ke yone palo e e neng e le mo sekepeng. 38 Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng. 39 Mme erile bosa bo sele, ba seka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane se se lobota lo papametseng mme ba akanya gore a ba ka tsena fa gare ga mantswe ba phepheulelwa ke phefo kwa lotshitshing. 40 Mme la bofelo ba ikaelela go leka jalo. Ba kgaola diitsetsepelo ba di tlogela mo lewatleng, ba folosa dikgong tse di sokololang sekepe ba pega disaile ba leba kwa lotshitshing. 41 Mme sekepe sa thula totoma ya motlhaba sa totomela. Mpa ya sone ya tsena mo mmung, mme marago a sone a thujwa ke makhubu a metsi. 42 Mme masole a buisanya le molaodi wa bone gore ba bolaye magolegwa e se re kgotsa ope wa bone a shapela kwa lotshitshing a falola. 43 Mme Julio ka a ne a batla go boloka Paulo, a ganana le mogopolo oo. Mme a laola gore botlhe ba ba ka kgonang go shapa ba fologe ba shapele kwa ntle, 44 mme ba ba sa kgoneng go shapa ba leke ka dipolanka le dikgong tse di robegileng mo sekepeng. Mme mongwe le mongwe a kgona go falolela kwa lotshitshing.

< Ditiro 27 >