< Ditiro 17 >

1 Mme ba ralala metse ya Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonia, kwa go neng go na le ntlo ya thuto ya Sejuta teng. 2 Jaaka e ne e le tlwaelo ya ga Paulo, a tsena mo teng a rera, mme ya re ka go latelana ga bo Sabata ba le bararo a bulela batho dikwalo, 3 a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia. 4 Bangwe ba ba neng ba reeditse ba ne ba kgonwa ke molaetsa wa Lefoko mme ba sokologa ba inaakanya le Paulo le Silase mmogo le badumedi ba Bagerika ba banna ba le bantsi, le basadi ba motse ba ba tlotlegang ba le bantsi. 5 Mme baeteledipele ba Bajuta ba ne ba fufega mme ba tlhotlheletsa batho ba ba senang molemo (dimatla) mo motseng go dira lesomo la go simolola mokubukubu. Ba ne ba tlhasela bonno jwa ga Jasone, ba loga leano la go isa Paulo le Silase kwa tlung ya tsheko go otlhaiwa. 6 Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona, 7 mme Jasone o ba letleletse go tsena mo tlung ya gagwe. Botlhe ba molato wa go tsogologela puso, gonne ba bolela fa go na le kgosi nngwe, e go tweng Jesu mo boemong jwa ga Kaesarea.” 8 Mme batho ba motse, le baatlhodi, ba ne ba tshwenyega thata ka mafoko a, mme ba ba lesa ba tsamaya fela ba sena go ba duedisa madi a go sekela kwa ntle. 9 10 Mme bosigo joo Bakeresete ba akofa ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea, mme jaaka gale, ba ya kwa tlung ya thuto go ya go rera. 11 Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri. 12 Lwa bofelo bangwe ba bone ba le bantsi ba ne ba dumela, mmogo le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba le bantsi le bone ba dumela. 13 Mme erile fa Bajuta mo Thesalonika ba utlwa gore Paulo o ne a rera kwa Berea, ba ya teng go ya go tsosa mokubukubu. 14 Ka bonako badumedi ba tshabisetsa Paulo kwa lewatleng, fa Silase le Timotheo bone ba sala. 15 Ba ba neng ba patile Paulo ba ne ba tsamaya nae go ya kwa Athena, mme ba boela kwa Berea ka molaetsa o o yang kwa go Silase le Timotheo gore ba itlhaganelele go kopana nae. 16 Mme erile fa Paulo a sa ntse a ba letetse mo Athena, a tshwenyega thata ka go bona medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo motseng. 17 O ne a ya kwa tempeleng go ya go buisanya le Bajuta le Badichaba ba ba neng ba kgatlhegela go obamela Modimo, mme a bua letsatsi le letsatsi mo patlelong le botlhe ba ba neng ba le foo. 18 Mme ba kopana le batlhalefi bangwe ba Bapikuria le Basetoika. Erile fa a ba bolelela kaga Jesu le kaga tsogo ya gagwe ba re, “Ke molori,” kgotsa, “O leka go dirisa tumelo ya seeng.” 19 Mme ba ne ba mo laletsa kwa patlelong ya Thaba ya Marase ba re, “Tla o re bolelele thata ka ga tumelo e ncha e, 20 gonne o bua dilo tse di hakgamatsang mme re batla go utlwa mo gogolo.” 21 (Ke tshwanetse go tlhalosa gore Baathena mmogo le baeng ba ba mo Athena ba ne ba lebega ba senya nako ya bone yotlhe ba buisanya ka ga megopolo e mesha)! 22 Mme Paulo erile fa a ema fa pele ga bone kwa Areapago a ba raya a re, “Batho ba Athena ke lemoga fa lo le badumedi, 23 gonne erile ke ntse ke tsamaya ke ne ka bona dibeso di le dintsi tsa lona, mme nngwe ya tsone e ne e kwadilwe go twe. ‘Go Modimo o o sa itseweng.’ Lo ntse lo o obamela lo sa itse gore ke mang, mme gompieno ke batla go lo bolelela ka ga one. 24 “O dirile lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, mme jaaka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho. 25 Le gone diatla tsa batho ga di ka ke tsa direla ditlhoko tsa one se o se tlhokang, ga o tlhoke sepe! One ka bo one o naya botshelo ebile o tshedisa sengwe le sengwe gape o diragatsa sengwe le sengwe se se tlhokegang. 26 O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone. 27 “Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona. 28 Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one! Jaaka mongwe wa bakwadi ba lona ba maboko a boletse a re, ‘Re bana ba Modimo!’ 29 Fa se e le boammaaruri, ga re a tshwanela go gopola Modimo jaaka modimo o o dirilweng ka gauta kana selefera kgotsa o betlilwe ka lentswe. 30 Mme Modimo o ne wa itshokela botlhoka-kitso jwa motho mo lobakeng lo lo fetileng kaga dilo tse, mme jaanong o laola mongwe le mongwe gore a latlhe medimo ya gagwe mme a obamele one fela. 31 Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong.” 32 Erile fa ba utlwa Paulo a bua kaga tsogo ya motho yo o neng a sule, bangwe ba tshega, mme ba bangwe ba re, “Re batla gore re tle re utlwe gape kaga gone.” 33 Mme moo ga fetsa puisanyo ya bone le Paulo, 34 mme bangwe ba se kae ba ikopanya nae ba nna badumedi. Mongwe mo go bone e ne e le Dionisio wa lekgotla la motse le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe.

< Ditiro 17 >