< Petere I 5 >

1 Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona: 2 otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena. 3 Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng. 4 Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, tuelo ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe. 5 Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang. 6 Fa lo ikokobetsa fa tlase ga seatla se segolo sa Modimo, mo lobakeng lwa One lo lo siameng o tlaa lo tsholetsa. 7 Mo letleng go tsaya dingongorego tsotlhe tsa lona le dipabalelo, gonne o lo akanyetsa ka metlha yotlhe o bile o lebeletse sengwe le sengwe se se lo amang. 8 Itlhokomeleng, lo lebeleleng ditlhaselo tse di tswang kwa go Satane, mmaba, wa lona yo mogolo. O potologa jaaka tau e e dumang e e bolailweng ke tlala, o batla mongwe go mo gagolaka. 9 Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse. 10 Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha. (aiōnios g166) 11 Mo go One a go nne nonofo mo dilong tsotlhe, ka metlha. Amen. (aiōn g165) 12 Ke lo romelela lokwalo lo lo khutshwane lo ka bopelonomi jwa ga Silefano yo, mo mogopolong wa me, e leng mokaulengwe yo o ikanyegang thata. Ke solofela gore ke lo kgothaditse ka lokwalo lo gonne ke lo neile bosupi jwa boammaaruri ka fa Modimo o segofatsang ka teng. Se ke se lo boleletseng fa se tshwanetse go lo thusa go nitama mo loratong lwa One. 13 Phuthego e e mono Roma, ke mokaulengwe wa lona mo Moreneng, e a lo dumedisa; le morwaake Mareko. 14 Dumedisanang ka mabogo go supa lorato lwa Sekeresete. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete. Ke nna, Petere

< Petere I 5 >