< Johane I 1 >

1 Keresete o ne a ntse a le teng fa lefatshe le simologa, le gone nna ke mmonye ka matlho a me ka bo ka mo reetsa a bua. Ke mo amile ka diatla tsa me. Ene ka sebele ke molaetsa wa Botshelo wa Modimo. 2 Ene yo, yo e leng Botshelo jo bo tswang kwa Modimong re ne ra mmontshiwa, jalo re supa gore re mmonye: ke bua kaga Keresete, yo e leng Botshelo jo bo sa khutleng. O ne a na le Rara mme ra mmontshiwa. (aiōnios g166) 3 Gape ka re, re lo bolelela ka se rona re se bonyeng tota ra bo ra se utlwa, gore lo tle lo nne le seabe mo bolekaneng le mo boitumelong jo re nang najo mo Modimong le mo go Jesu Keresete MorwaOne. 4 Mme fa lo dira jaaka ke bua mo lokwalong lo, le lona lo tlaa tlala boitumelo, mme le rona re tlaa itumela. 5 O ke molaetsa o Modimo o o re neetseng go o lo bolelela: gore Modimo ke lesedi mme mo go One ga go na lefifi gotlhelele. 6 Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka. 7 Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe. 8 Fa re re ga re na boleo, re a itsietsa, ebile re gana go amogela boammaaruri. 9 Mme fa re ipolela dibe tsa rona mo go One, o ka ikanngwa go re itshwarela le go re tlhapisa mo tshiamololong nngwe le nngwe. (Ebile go tshwanetse Modimo sentle thata go re direla jaana gonne Keresete o swetse go tlosa dibe tsa rona). 10 Fa re re ga re a leofa, re bua maaka ebile re bitsa Modimo moaki, gonne wa re re leofile.

< Johane I 1 >