< Bakorintha I 14 >

1 A lorato e nne lone maikaelelo a lona a magolo; le fa go ntse jalo, kopang le tsone dineo tsa botlhokwa tse Mowa O O Boitshepo o di nayang mme bogolo thata mpho ya seporofeso, go kgona go rera molaetsa wa Modimo.
διωκετε την αγαπην ζηλουτε δε τα πνευματικα μαλλον δε ινα προφητευητε
2 Mme fa mpho ya gago e le ya go “bua ka diteme,” ke gore go bua ka dipuo tse o iseng o ke o di ithute, o tlaa bo o bua le Modimo e seng le batho ba bangwe, ka gonne ga ba kitla ba kgona go go tlhaloganya. O tlaa bo o bua ka nonofo ya Mowa mme e tlaa bo e le sephiri.
ο γαρ λαλων γλωσση ουκ ανθρωποις λαλει αλλα τω θεω ουδεις γαρ ακουει πνευματι δε λαλει μυστηρια
3 Mme yo o porofesang, a rera melaetsa ya Modimo, o thusa ba bangwe go gola mo Moreneng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa.
ο δε προφητευων ανθρωποις λαλει οικοδομην και παρακλησιν και παραμυθιαν
4 Jalo motho yo o “buang ka diteme” o ithusa go gola mo moweng, mme yo o porofesang, a rera melaetsa e e tswang kwa Modimong, o thusa phuthego yotlhe go gola mo boitshepong le mo boitumelong.
ο λαλων γλωσση εαυτον οικοδομει ο δε προφητευων εκκλησιαν οικοδομει
5 Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo na le mpho ya go “bua ka diteme,” mme le e leng go feta foo. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo kgona go porofesa, lo rera melaetsa ya Modimo, gonne seo ke nonofo e kgolo e e nang le mosola thata go na le go bua dipuo tse di sa itsiweng, fa e se fela fa o ka bolelela batho botlhe kwa morago gore o ne o rayang, gore le bone polelo ya gago e tle e ba solegele molemo.
θελω δε παντας υμας λαλειν γλωσσαις μαλλον δε ινα προφητευητε μειζων γαρ ο προφητευων η ο λαλων γλωσσαις εκτος ει μη διερμηνευη ινα η εκκλησια οικοδομην λαβη
6 Ditsala tse di rategang, le fa e le nna ke tla kwa go lona ke bua dipuo tse lo sa di tlhaloganyeng, moo go ka lo thusa ka eng? Mme fa ke bua ka tlhamalalo se Modimo o se ntshenoletseng, ke lo bolelela dilo tse ke di itseng, le se se tlaa diregang le boammaaruri jo bogolo jwa Lefoko la Modimo, seo ke selo se lo se tlhokang; ke sone se se tlaa lo thusang.
νυνι δε αδελφοι εαν ελθω προς υμας γλωσσαις λαλων τι υμας ωφελησω εαν μη υμιν λαλησω η εν αποκαλυψει η εν γνωσει η εν προφητεια η εν διδαχη
7 Le fa e le diletso jaaka phala kgotsa harepa, ke dikai tsa tlhokego ya go bua puo e e utlwalang, go na le go bua ka dipuo tse di sa itsiweng. Gonne ga go ope yo o ka tlhaloganyang modumo o phala e o tshamekang fa e se ntlha nngwe le nngwe ya molodi e utlwala sentle.
ομως τα αψυχα φωνην διδοντα ειτε αυλος ειτε κιθαρα εαν διαστολην τοις φθογγοις μη δω πως γνωσθησεται το αυλουμενον η το κιθαριζομενον
8 Mme fa moletsa-phala wa mophato a sa letse phala sentle, masole a tlaa itse jang gore ba bilediwa go ya ntweng.
και γαρ εαν αδηλον φωνην σαλπιγξ δω τις παρασκευασεται εις πολεμον
9 Ka tsela e e ntseng jalo, fa o bua le motho ka puo nngwe e a sa e tlhaloganyeng, o tlaa itse jang gore o rayang? Go ka bo go tshwana fela le motho a bua a le nosi.
ουτως και υμεις δια της γλωσσης εαν μη ευσημον λογον δωτε πως γνωσθησεται το λαλουμενον εσεσθε γαρ εις αερα λαλουντες
10 Ke dumela gore go na le makgolo kgolo a dipuo tse di farologanyeng mo lefatsheng, mme tsotlhe di siametse ba ba di tlhaloganyang,
τοσαυτα ει τυχοι γενη φωνων εστιν εν κοσμω και ουδεν {VAR1: αυτων } αφωνον
11 mme mo go nna ga di reye sepe. Motho yo o buang le nna ka nngwe ya dipuo tse o tlaa bo a le moeng mo go nna le nna ke tlaa bo ke le moeng mo go ene.
εαν ουν μη ειδω την δυναμιν της φωνης εσομαι τω λαλουντι βαρβαρος και ο λαλων εν εμοι βαρβαρος
12 E re ka lo tshwenyegile thata go nna le dimpho tse di faphegileng tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo, mo kopeng tse di botoka thata, tse di tlaa nnang le thuso thata mo phuthegong yotlhe.
ουτως και υμεις επει ζηλωται εστε πνευματων προς την οικοδομην της εκκλησιας ζητειτε ινα περισσευητε
13 Fa mongwe a neilwe mpho ya go bua ka diteme tse di sa itsiweng, o tshwanetse go rapelela mpho ya go itse se a se buileng gore a tle a kgone go tlhalosetsa batho sentle se a neng a se bua.
διοπερ ο λαλων γλωσση προσευχεσθω ινα διερμηνευη
14 Gonne fa ke rapela ka puo e ke sa e tlhaloganyeng, mowa wa me o a rapela mme nna ga ke itse se ke se buang.
εαν γαρ προσευχωμαι γλωσση το πνευμα μου προσευχεται ο δε νους μου ακαρπος εστιν
15 Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang;
τι ουν εστιν προσευξομαι τω πνευματι προσευξομαι δε και τω νοι ψαλω τω πνευματι ψαλω δε και τω νοι
16 gonne fa o baka ebile o leboga Modimo ka mowa fela, o bua ka loleme lo longwe, ba ba sa go tlhaloganyeng ba ka baka Modimo jang le wena? Ba ka tlhakanela jang tebogo le wena fa ba sa itse gore wa reng?
επει εαν ευλογησης τω πνευματι ο αναπληρων τον τοπον του ιδιωτου πως ερει το αμην επι τη ση ευχαριστια επειδη τι λεγεις ουκ οιδεν
17 O tlaa bo o leboga sentle thata, fa go belaesega, mme batho ba bangwe ba ba leng teng ga ba kitla ba thusega.
συ μεν γαρ καλως ευχαριστεις αλλ ο ετερος ουκ οικοδομειται
18 Ke leboga Modimo go bo ke “bua ka diteme” mo sephiring go lo gaisa lotlhe.
ευχαριστω τω θεω μου παντων υμων μαλλον γλωσσαις λαλων
19 Mme mo kobamelong e e mo pepeneneng ke ka bua mafoko a le matlhano a batho ba ka a tlhaloganyang a bo a ba thusa, go na le mafoko a a dikete di le lesome a a buiwang ka diteme ka puo e e sa itsiweng.
αλλ εν εκκλησια θελω πεντε λογους δια του νοος μου λαλησαι ινα και αλλους κατηχησω η μυριους λογους εν γλωσση
20 Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o.
αδελφοι μη παιδια γινεσθε ταις φρεσιν αλλα τη κακια νηπιαζετε ταις δε φρεσιν τελειοι γινεσθε
21 Re boleletswe mo dikwalong tsa bogologolo gore Modimo o tlaa roma batho go tswa mafatsheng a mangwe go bua ka dipuo tsa seeng mo bathong ba one, mme le fa go ntse jalo ga ba kitla ba reetsa.
εν τω νομω γεγραπται οτι εν ετερογλωσσοις και εν χειλεσιν ετεροις λαλησω τω λαω τουτω και ουδ ουτως εισακουσονται μου λεγει κυριος
22 Jalo a o a bona gore go kgona go “bua ka diteme” ga se sesupo sa bana ba Modimo kaga nonofo ya one, mme ke sesupo mo go ba ba sa bolokwang. Mme le fa go ntse jalo, seporofeso (go rera boammaaruri jo bo tibileng jwa Modimo) ke se Bakeresete ba se tlhokang, mme ba ba sa dumeleng ga ba ise ba go ipaakanyetse.
ωστε αι γλωσσαι εις σημειον εισιν ου τοις πιστευουσιν αλλα τοις απιστοις η δε προφητεια ου τοις απιστοις αλλα τοις πιστευουσιν
23 Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o sa bolokwang, a utlwa lotlhe lo bua dipuo tse dingwe, o a tshwanela go akanya gore lo a tsenwa.
εαν ουν συνελθη η εκκλησια ολη επι το αυτο και παντες γλωσσαις λαλωσιν εισελθωσιν δε ιδιωται η απιστοι ουκ ερουσιν οτι μαινεσθε
24 Mme fa lo porofesa, lo rera Lefoko la Modimo, (le fa tota thero e e ntseng jalo bogolo e le ya badumedi) mme motho yo o sa bolokwang, kgotsa Mokeresete yo mosha a tsena, yo o sa tlhaloganyeng kaga dilo tse, dithero tse tsotlhe di tlaa dira gore a dumele gore ke moleofi, le segakolodi sa gagwe se tlaa tlhajwa ke sengwe le sengwe se a se utlwang.
εαν δε παντες προφητευωσιν εισελθη δε τις απιστος η ιδιωτης ελεγχεται υπο παντων ανακρινεται υπο παντων
25 E tlaa re fa a reeditse, dikakanyo tsa gagwe tsa sephiri di tlaa bewa mo pepeneneng mme o tlaa wela fa fatshe ka mangole a obamela Modimo, a bolela gore tota Modimo o teng mo gare ga lona.
και ουτως τα κρυπτα της καρδιας αυτου φανερα γινεται και ουτως πεσων επι προσωπον προσκυνησει τω θεω απαγγελλων οτι ο θεος οντως εν υμιν εστιν
26 Jaanong bakaulengwe ba me, a re oketseng se ke se buang. Fa lo kopana, bangwe ba tlaa opela, mongwe o tlaa ruta kgotsa a bolele kitsiso nngwe e Modimo o e mo neileng, kgotsa a bue puo e e sa itsegeng, kgotsa a bolele se yo mongwe a se buang ka puo e e sa itsegeng, mme sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go solegela botlhe molemo, le go ba aga mo Moreneng.
τι ουν εστιν αδελφοι οταν συνερχησθε εκαστος υμων ψαλμον εχει διδαχην εχει γλωσσαν εχει αποκαλυψιν εχει ερμηνειαν εχει παντα προς οικοδομην γενεσθω
27 Go se nne palo e e fetang bobedi kgotsa boraro ya ba ba buang puo e e sa itsegeng, mme gape ba tshwanetse go bua ka go latelana mme mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go ranola se ba se buang.
ειτε γλωσση τις λαλει κατα δυο η το πλειστον τρεις και ανα μερος και εις διερμηνευετω
28 Mme fa go sena ope yo o ka ranolang, ga ba a tshwanela go buela kwa godimo. Ba tshwanetse go buela kwa tlase le Modimo ka puo e e sa itsegeng mme e seng mo pepeneneng.
εαν δε μη η διερμηνευτης σιγατω εν εκκλησια εαυτω δε λαλειτω και τω θεω
29 Ba babedi kgotsa ba bararo ba ka porofesa ka tatelano fa ba na le mpho eo, ba bangwe botlhe ba reeditse. Mme fa mongwe a porofesa, mongwe o sele a amogela molaetsa kgotsa mogopolo mo Moreneng, yo o buang o tshwanetse go khutlisa puo ya gagwe.
προφηται δε δυο η τρεις λαλειτωσαν και οι αλλοι διακρινετωσαν
εαν δε αλλω αποκαλυφθη καθημενω ο πρωτος σιγατω
31 Ka tsela e botlhe ba ba nang le mpho ya go porofesa ba ka bua ka tatelano, mme mongwe le mongwe o tlaa ithuta a bo a kgothatsega a bo a thusega.
δυνασθε γαρ καθ ενα παντες προφητευειν ινα παντες μανθανωσιν και παντες παρακαλωνται
32 Gakologelwang gore motho yo o nang le molaetsa o o tswang mo Modimong o na le nonofo ya go ikganela kgotsa go emela lobaka lwa gagwe gore lo tle.
και πνευματα προφητων προφηταις υποτασσεται
33 Modimo ga se one o o ratang gore dilo di nne e seng ka fa thulaganyong le ka tsela e e tenang. O rata kutlwano, mme o e bona mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe.
ου γαρ εστιν ακαταστασιας ο θεος αλλ ειρηνης ως εν πασαις ταις εκκλησιαις των αγιων
34 Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikopanong tsa phuthego. Ga ba a tshwanela go akgela mo puisanyong, gonne ba ba botlana mo banneng jaaka dikwalo le tsone di bolela.
αι γυναικες υμων εν ταις εκκλησιαις σιγατωσαν ου γαρ επιτετραπται αυταις λαλειν αλλ υποτασσεσθαι καθως και ο νομος λεγει
35 Fa ba na le potso go botsa, a ba botse banna ba bone kwa malapeng gonne ga go a siama gore basadi ba bue megopolo ya bone mo dikopanong tsa phuthego.
ει δε τι μαθειν θελουσιν εν οικω τους ιδιους ανδρας επερωτατωσαν αισχρον γαρ εστιν γυναιξιν εν εκκλησια λαλειν
36 A ga lo dumele? A mme lo akanya gore kitso ya thato ya Modimo e a simologa ebile e felela ka lona Bakorinta? Fa lo rialo, lo a fosa!
η αφ υμων ο λογος του θεου εξηλθεν η εις υμας μονους κατηντησεν
37 Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene.
ει τις δοκει προφητης ειναι η πνευματικος επιγινωσκετω α γραφω υμιν οτι του κυριου εισιν εντολαι
38 Mme fa go na le mongwe yo o santseng a ganetsa, re tla mo tlogela mo boeleeleng jwa gagwe.
ει δε τις αγνοει αγνοειτω
39 Jalo badumedi ka nna, eletsang go nna baporofiti gore lo kgone go rera molaetsa wa Modimo sentle; mme lo seka lwa re go phoso go “bua ka diteme,”
ωστε αδελφοι ζηλουτε το προφητευειν και το λαλειν γλωσσαις μη κωλυετε
40 le fa go ntse jalo, tlhomamisang gore sengwe le sengwe se dirwa sentle mo tshiamong le mo thulaganyong.
παντα ευσχημονως και κατα ταξιν γινεσθω

< Bakorintha I 14 >