< Дела апостолска 28 >

1 И кад изиђоше срећно из лађе, тада разумеше да се острво зове Мелит.
Mme ka bofefo ra lemoga fa re gorogile mo setlhakeng sa Malita. Batho ba setlhake ba ne ba re siametse thata, ba ne ba gotsa molelo o motona fa lotshitshing go re amogela le go re thuthafatsa mo puleng le mo botsididing.
2 А дивљаци чињаху нам не малу љубав, јер наложише огањ и примише нас све због дажда који иђаше, и због зиме.
3 А Павле зграбивши гомилу грања наложи на огањ, и изишавши змија од врућине скочи му на руку.
Mme erile fa Paulo a kokoanya ngata ya dikgong go di tsenya mo molelong, noga e e botlhole ya ntshiwa mo molelong ke mogote, ya ithatha ka letsogo la gagwe!
4 И кад видеше дивљаци змију где виси о руци његовој, говораху један другом: Јамачно је овај човек крвник, ког избављеног од мора суд Божји не остави да живи.
Mme batho ba setlhake ba ne ba e bona e lepeletse mme ba raana ba re, “Ke mmolai ga gona pelaelo! Le ntswa a falotse mo lewatleng, tshiamiso ga e ka ke ya mo letla gore a tshele!”
5 А он отресавши змију у огањ не би му ништа зло.
Mme Paulo a tlhotlhorela noga mo molelong e sa mo loma.
6 А они чекаху да он отече или уједанпут да падне мртав. А кад задуго чекаше, и видеше да му ништа зло не би, променише се, и говораху да је он бог.
Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo.
7 А наоколо око оног места беху села поглавара од острва по имену Поплија, који нас прими и угости љубазно три дана.
Fa lotshitshing fa re neng ra nna teng go ne go na le tshimo ya ga Pubelio, molaodi wa setlhake. O ne a re amogela sentle a bo a re fa dijo ka malatsi a le mararo.
8 А догоди се да отац Поплијев лежаше од грознице и од срдобоље, коме ушавши Павле помоли се Богу и метну руке своје на њ и исцели га.
Mme erile ka yone nako eo, rraagwe Pubelio a bo a lwala bolwetse jwa letshoroma le motabogo o mohibidu. Paulo a tsena a mo rapelela, mme a mmaya diatla a mo fodisa!
9 А кад то би, долажаху и други који беху болесни на острву оном, и исцељиваху се.
Mme balwetse ba bangwe botlhe mo setlhakeng ba tla mme ba fodisiwa.
10 И поштоваху нас великим частима; и кад пођосмо, спремише нам што је од потребе.
Mme ka ntlha ya moo ra tshologelwa ke dimpho di le dintsi, mme erile fa go tla nako ya gore re tsamaye, batho ba olela mefuta yotlhe ya dilo tse re tlaa di tlhokang mo loetong.
11 А после три месеца одвезосмо се на лађи александријској, која је била презимила на острву, и беху на њој написани Диоскури.
E ne e le kgwedi tse tharo sekepe se sena go senyega pele ga re simolola go tsamaya, mme ka nako e, re ne ra tsamaya ka sekepe se se bidiwang Mafatlha a Basimane sa Alekesanderia, sekepe se se neng se feditse mariga mo setlhakeng.
12 И допловивши у Сиракузу остасмо онде три дана.
Re ne ra ema la ntlha kwa Sirakuse, kwa re neng ra nna teng malatsi a mararo.
13 А оданде отпловивши дођосмо у Ригију; и после једног дана кад дуну југ, дођосмо други дан у Потиоле.
Mme go tswa foo ra dikologa ra ya kwa Regiama; letsatsi le le latelang phefo ya borwa ya simolola go foka, mme letsatsi le le latelang ra goroga kwa Puteoli,
14 Онде нађемо браћу, и они нас замоле те останемо код њих седам дана; и тако пођосмо у Рим.
kwa re neng ra bona badumedi bangwe teng! Ba ne ba re kopa gore re nne nabo malatsi a supa. Go tsweng foo ra tswelela ra ya Roma.
15 И оданде чувши браћа за нас изиђоше нам на сусрет све до Апијева пазара и три крчме. И кад их виде Павле, даде хвалу Богу, и ослободи се.
Bakaulengwe ba Roma ba ne ba utlwile gore re e tla mme ba tla go re kopantsha kwa patlelong mo Tseleng ya Apio. Bangwe ba kopana le rona kwa matlung a mararo a boitapoloso. Erile Paulo a ba bona, a leboga Modimo mme a nametsega.
16 А кад дођосмо у Рим, капетан предаде сужње војводи. Али се Павлу допусти да живи где хоће с војником који га чуваше.
Mme erile fa re goroga kwa Roma, Paulo o ne a letlelelwa gore a nne fa a ratang teng, le fa a ne a disitswe ke lesole.
17 А после три дана Павле сазва старешине јеврејске. И кад се они скупише, говораше им: Људи браћо! Ја ништа не учиних противно народу или обичајима отачким; и Јерусалимљани предаше ме као сужња у руке Римљанима,
Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane.
18 Који извидевши за мене хтеше да ме пусте, јер се не нађе на мени ниједна смртна кривица.
Mme Ba-Roma ba ne ba ntshekisa ba bo ba rata go nkgolola, gonne ba ne ba sa bone molato ope o o tshwanetseng loso jaaka bagolwane ba Bajuta ba ne ba batla.
19 Али кад Јудејци говораху насупрот, натера ме невоља да се иштем пред ћесара, не као да бих свој народ имао шта тужити.
Mme erile fa Bajuta ba gana katlholo eo, ka bona go tlhokega, gore ke ikuele mo go Kaisara, ke sa ba eleletse bosula bope.
20 Тога ради узрока замолих вас да се видимо и да се разговоримо; јер наде ради Израиљеве окован сам у ово гвожђе.
Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.”
21 А они му рекоше: Ми нити примисмо писма за те из Јудеје; нити дође ко од браће да јави или да говори шта зло за тебе.
Mme ba fetola ba re, “Ga re ise re ke re utlwe sepe se o sekisiwang ka ga sone! Ga re ise re ke re amogele dikwalo dipe tse di tswang kwa Judea kgotsa dipego tse di tlang le ba ba tswang kwa Jerusalema.
22 Него молимо да чујемо од тебе шта мислиш; јер нам је познато за ову јерес да јој се свуда насупрот говори.
Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!”
23 И одредивши му дан дођоше к њему у гостионицу многи; којима казиваше сведочећи царство Божје и уверавајући их за Исуса из закона Мојсијевог и из пророка од јутра до самог мрака.
Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa!
24 И једни вероваху ономе што говораше а једни не вероваху.
Mme bangwe ba ne ba dumela, ba bangwe ba gana go dumela.
25 А будући несложни међу собом, одлажаху кад рече Павле једну реч: Добро каза Дух Свети преко пророка Исаије очевима нашим
Mme erile ba sena go ganetsanya ka bosi ba tsamaya ba tlhabilwe ke lefoko la bofelo la ga Paulo le le reng, “Mowa O O Boitshepo o ne o bua boammaaruri fa o bua ka Moporofiti Isaia o re,
26 Говорећи: Иди к народу овоме и кажи: Ушима ћете чути и нећете разумети; и очима ћете гледати и нећете видети.
‘Raya Bajuta o re, “Lo tlaa utlwa lo bo lo bona mme ga lo na go tlhaloganya,”
27 Јер одрвени срце овог народа, и ушима тешко чују, и очима својим зажмурише да како не виде очима, и ушима не чују, и да се не обрате да их исцелим.
gonne dipelo tsa lona di thata le ditsebe tsa lona ga di reetse mme lo tswetse matlho a lona gore lo seka lwa bona lwa tlhaloganya, le go sokologela kwa go nna gore ke lo fodise.’
28 Да вам је дакле на знање да се незнабошцима посла спасење Божје, они ће и чути.
Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.”
29 И кад он ово рече, отидоше Јевреји препирући се међу собом.
30 А Павле остаде пуне две године о свом трошку, и дочекиваше све који му долажаху,
Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela,
31 Проповедајући царство Божје, и учећи о Господу нашем Исусу Христу слободно, и нико му не брањаше.
a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.

< Дела апостолска 28 >