< Luki 5 >

1 Jedanput pak kad narod naleže k njemu da slušaju rijeè Božiju on stajaše kod jezera Genisaretskoga,
Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo.
2 I vidje dvije laðe gdje stoje u kraju, a ribari bijahu izišli iz njih i ispirahu mreže:
Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone.
3 I uljeze u jednu od laði koja bješe Simonova, i zamoli ga da malo odmakne od kraja; i sjedavši uèaše narod iz laðe.
Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng.
4 A kad presta govoriti, reèe Simonu: hajde na dubinu, i bacite mreže svoje te lovite.
Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, “Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!”
5 I odgovarajuæi Simon reèe mu: uèitelju! svu noæ smo se trudili, i ništa ne uhvatismo: ali po tvojoj rijeèi baciæu mrežu.
Mme Simone a fetola a re, “Morena,” re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape.
6 I uèinivši to uhvatiše veliko mnoštvo riba, i mreže im se prodriješe.
Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga!
7 I namagoše na društvo koje bješe na drugoj laði da doðu da im pomognu; i doðoše, i napuniše obje laðe tako da se gotovo potope.
Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang.
8 A kad vidje Simon Petar, pripade ka koljenima Isusovijem govoreæi: iziði od mene, Gospode! ja sam èovjek griješan.
Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.”
9 Jer bijaše ušao strah u njega i u sve koji bijahu s njim od mnoštva riba koje uhvatiše;
Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone.
10 A tako i u Jakova i Jovana, sinove Zevedejeve, koji bijahu drugovi Simonovi. I reèe Isus Simonu: ne boj se; otsele æeš ljude loviti.
Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!”
11 I izvukavši obje laðe na zemlju ostaviše sve, i otidoše za njim.
Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene.
12 I kad bješe Isus u jednom gradu, i gle, èovjek sav u gubi: i vidjevši Isusa pade nièice moleæi mu se i govoreæi: Gospode! ako hoæeš možeš me oèistiti.
Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.”
13 I pruživši ruku dohvati ga se, i reèe: hoæu, oèisti se. I odmah guba spade s njega.
Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.
14 I on mu zapovjedi da nikom ne kazuje: nego idi i pokaži se svešteniku, i prinesi dar za oèišæenje svoje, kako je zapovjedio Mojsije za svjedoèanstvo njima.
Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.”
15 Ali se glas o njemu još veæma razlažaše, i mnoštvo naroda stjecaše se da ga slušaju i da ih iscjeljuje od njihovijeh bolesti.
Hong polelo ya nonofo ya gagwe ya anama ka bonako mme kokoano e kgolo ya batho ya tla go utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone.
16 A on odlažaše u pustinju i moljaše se Bogu.
Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela.
17 I jedan dan uèaše on, i ondje sjeðahu fariseji i zakonici koji bijahu došli iz sviju sela Galilejskijeh i Judejskijeh i iz Jerusalima; i sila Gospodnja iscjeljivaše ih.
Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene.
18 I gle, ljudi donesoše na odru èovjeka koji bješe uzet, i tražahu da ga unesu i metnu preda nj;
Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu!
19 I ne našavši kuda æe ga unijeti od naroda, popeše se na kuæu i kroz krov spustiše ga s odrom na srijedu pred Isusa.
20 I vidjevši vjeru njihovu reèe mu: èovjeèe! opraštaju ti se grijesi tvoji.
Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!”
21 I poèeše pomišljati književnici i fariseji govoreæi: ko je ovaj što huli na Boga? Ko može opraštati grijehe osim jednoga Boga?
Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe.
22 A kad razumje Isus pomisli njihove, odgovarajuæi reèe im: šta mislite u srcima svojijem?
Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso?
23 Šta je lakše reæi: opraštaju ti se grijesi tvoji? ili reæi: ustani i hodi?
A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?”
24 Nego da znate da vlast ima sin èovjeèij na zemlji opraštati grijehe, reèe uzetome: ) tebi govorim: ustani i uzmi odar svoj i idi kuæi svojoj.
Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.”
25 I odmah ustade pred njima, i uze na èemu ležaše, i otide kuæi svojoj hvaleæi Boga.
Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo.
26 I svi se upropastiše, i hvaljahu Boga, i napunivši se straha govorahu: èuda se nagledasmo danas!
Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.”
27 I potom iziðe, i vidje carinika po imenu Levija gdje sjedi na carini, i reèe mu: hajde za mnom.
Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, “Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!”
28 I ostavivši sve, ustade i poðe za njim.
Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene.
29 I zgotovi mu Levije kod kuæe svoje veliku èast; i bješe mnogo carinika i drugijeh koji sjeðahu s njim za trpezom.
Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng.
30 I vikahu na njega književnici i fariseji govoreæi uèenicima njegovijem: zašto s carinicima i grješnicima jedete i pijete?
Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo.
31 I odgovarajuæi Isus reèe im: ne trebaju zdravi ljekara nego bolesni.
Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng,
32 Ja nijesam došao da dozovem pravednike nego grješnike na pokajanje.
Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.”
33 A oni mu rekoše: zašto uèenici Jovanovi poste èesto i mole se Bogu, tako i farisejski; a tvoji jedu i piju?
Ngongorego e nngwe e ne e le ya gore barutwa ba ga Jesu ba dira modiro mo boemong jwa go ikitsa dijo, fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai bone ba aga ba itima dijo ebile ba rapela. Ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago bone ba a nwa ba a ja?”
34 A on im reèe: možete li svatove natjerati da poste dok je ženik s njima?
Jesu a botsa a re, “A batho ba ba itumelang ba ka ikitsa go ja? A balalediwa ba lenyalo ba ka tshwarwa ke tlala fa ba le mo moketeng le monyadi?
35 Nego æe doæi dani kad æe se oteti od njih ženik, i onda æe postiti u one dane.
Mme nako e tlaa tla e monyadi o tlaa bolawang ka yone; ke gone ba se kitlang ba batla go ja.”
36 Kaza im pak i prièu: niko ne meæe zakrpe od nove haljine na staru haljinu, inaèe æe i novu razdrijeti, i staroj ne lièi što je od novoga.
Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: a re, “Ga go na ope yo o gagolang sebata sa seaparo se sesha go bitiya seaparo se segologolo, gonne seaparo se sesha se tlaa bo se sentswe, mme seaparo se segologolo se tlaa lebega se le maswe ka ntlha ya sebata se sesha mo go sone.
37 I niko ne ljeva vina novoga u mjehove stare; inaèe prodre novo vino mjehove i ono se prolije, i mjehovi propadnu;
Mme ga go ope yo o ka tshelang seno sa mofine se sesha mo teng ga dinkgwana tse di kgologolo, gonne seno se sesha se tlaa phunya dinkgwana mme di tsholole mofine.
38 Nego vino novo u mjehove nove treba ljevati, i oboje æe se saèuvati.
Mofine o mosha o tshwanetse go tshelwa mo dinkgwaneng tse disha.
39 I niko pivši staro neæe odmah novoga; jer veli: staro je bolje.
Mme ga go ope yo e a reng a sena go nwa mofine o mogologolo a eletse o mosha. Mme batho ba re ditsela tsa bogologolo di botoka.”

< Luki 5 >