< К Римлянам 6 >

1 Что же скажем? Оставаться ли нам в грехе, чтобы умножилась благодать? Никак.
Jalo he, a re tlaa nna re tswelela re dira dibe gore Modimo o tle o nne o re kaele tshiamo le boitshwarelo.
2 Мы умерли для греха: как же нам жить в нем?
Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe.
3 Неужели не знаете, что все мы, крестившиеся во Христа Иисуса, в смерть Его крестились?
4 Итак мы погреблись с Ним крещением в смерть, дабы как Христос воскрес из мертвых славою Отца, так и нам ходить в обновленной жизни.
Nonofo ya tlholego ya lona e kgologolo e e ratang go leofa e tsentswe le ene mo phupung ka kolobetso fa a a swa, mme erile fa Modimo Rara, ka nonofo e e galalelang o mo rudisa, lo ne lwa neelwa botshelo jwa gagwe jo bontle jo bosha go itumela ka jone.
5 Ибо если мы соединены с Ним подобием смерти Его, то должны быть соединены и подобием воскресения,
Gonne lo fetogile tokololo ya gagwe, jalo he lo sule nae, go bua jalo ke raya ka nako e a neng a a swa ka yone; mme jaanong lo na le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha mme lo tlaa tsoga fela jaaka a ne a tsoga.
6 зная то, что ветхий наш человек распят с Ним, чтобы упразднено было тело греховное, дабы нам не быть уже рабами греху;
Dikeletso tsa lona tse di bosula tsa bogologolo di ne tsa kokotelwa mo mokgorong nae, tokololo eo ya lona e e ratang go leofa e ne ya ripitliwa ya ba ya ntshiwa dintho mo go bolayang, gore mmele wa gago o o ratang go leofa o seka wa tlhola o nna ka fa tlase ga taolo ya sebe, o sa tlhole o tlhoka go nna motlhanka wa boleo;
7 ибо умерший освободился от греха.
gonne fa o sa tlhole o dira sebe o golotswe mo thaelong ya sone le nonofo ya sone go go laola.
8 Если же мы умерли со Христом, то веруем, что и жить будем с Ним,
Mme ka tlholego ya lona e kgologolo ya go rata boleo e “sule” le Keresete, re itse gore lo tlaa nna le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha.
9 зная, что Христос, воскреснув из мертвых, уже не умирает: смерть уже не имеет над Ним власти.
Keresete o tsogile mo baswing mme ga a kitla a tlhola a a swa gape. Loso ga lo sa tlhole lo na le nonofo mo go ene.
10 Ибо что Он умер, то умер однажды для греха; а что живет, то живет для Бога.
O swetse ruri gangwe fela go fedisa nonofo ya sebe, mme jaanong o tshela ka metlha yotlhe mo botsalanong go ya bosakhutleng.
11 Так и вы почитайте себя мертвыми для греха, живыми же для Бога во Христе Иисусе, Господе нашем.
Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona.
12 Итак да не царствует грех в смертном вашем теле, чтобы вам повиноваться ему в похотях его;
Se tlhole o letlelela sebe go laola mmele wa gago o o kgobaletseng; se ineele mo dithatong tsa one tse di leofang.
13 и не предавайте членов ваших греху в орудия неправды, но представьте себя Богу, как оживших из мертвых и члены ваши Богу в орудия праведности.
Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
14 Грех не должен над вами господствовать, ибо вы не под законом, но под благодатью.
Sebe ga se sa tlhole se tshwanetse go nna monnga lona, gonne jaanong ga lo sa tlhole lo golegeletswe mo molaong mo sebe se lo dirang makgoba teng, mme lo gololesegile ka fa tlase ga thato ya Modimo le kutlwelo-botlhoko ya one.
15 Что же? Станем ли грешить, потому что мы не под законом, а под благодатью? Никак.
A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo!
16 Неужели вы не знаете, что, кому вы отдаете себя в рабы для послушания, того вы и рабы, кому повинуетесь, или рабы греха к смерти, или послушания к праведности?
A ga o lemoge gore o ka itlhophela mong wa gago? O ka tlhopha sebe (le loso) kgotsa theetso (le kgololo). Yo o mo ineelang, o tlaa go tsaya a bo a nna mong wa gago mme o tlaa nna motlhanka wa gagwe.
17 Благодарение Богу, что вы, быв прежде рабами греха, от сердца стали послушны тому образу учения, которому предали себя.
A go lebogwe Modimo ka gore le fa lo kile lwa itlhophela go nna batlhanka ba boleo; jaanong lo tshegeditse thuto e Modimo o e lo neileng ka pelo yotlhe ya lona.
18 Освободившись же от греха, вы стали рабами праведности.
Mme jaanong lo gololesegile mo go mong wa lona yo mogologolo, (sebe); jaanong lo batlhanka ba mong wa lona yo mosha, ebong tshiamo.
19 Говорю по рассуждению человеческому, ради немощи плоти вашей. Как предавали вы члены ваши в рабы нечистоте и беззаконию на дела беззаконные, так ныне представьте члены ваши в рабы праведности на дела святые.
Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile.
20 Ибо, когда вы были рабами греха, тогда были свободны от праведности.
Mo malatsing ale fa lo ne lo sa ntse lo le batlhanka ba boleo, lo ne lo sa tshwenyege ka tshiamo ya Modimo.
21 Какой же плод вы имели тогда? Такие дела, каких ныне сами стыдитесь, потому что конец их - смерть.
Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng.
22 Но ныне, когда вы освободились от греха и стали рабами Богу, плод ваш есть святость, а конец - жизнь вечная. (aiōnios g166)
Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
23 Ибо возмездие за грех - смерть, а дар Божий - жизнь вечная во Христе Иисусе, Господе нашем. (aiōnios g166)
Gonne maduo a boleo ke loso, mme neo ya Mo-dimo e e sa rekweng ke botshelo jo bosakhutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōnios g166)

< К Римлянам 6 >