< От Матфея 21 >

1 И когда приблизились к Иерусалиму и пришли в Виффагию к горе Елеонской, тогда Иисус послал двух учеников,
Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele.
2 сказав им: пойдите в селение, которое прямо перед вами; и тотчас найдете ослицу привязанную и молодого осла с нею; отвязав, приведите ко Мне;
A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano.
3 и если кто скажет вам что-нибудь, отвечайте, что они надобны Господу; и тотчас пошлет их.
Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.”
4 Все же сие было, да сбудется реченное через пророка, который говорит:
Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng,
5 Скажите дщери Сионовой: се, Царь твой грядет к тебе кроткий, сидя на ослице и молодом осле, сыне подъяремной.
“Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.”
6 Ученики пошли и поступили так, как повелел им Иисус:
Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng,
7 привели ослицу и молодого осла и положили на них одежды свои, и Он сел поверх их.
ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone.
8 Множество же народа постилали свои одежды по дороге, а другие резали ветви с дерев и постилали по дороге;
Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
9 народ же, предшествовавший и сопровождавший, восклицал: осанна Сыну Давидову! благословен Грядущий во имя Господне! осанна в вышних!
Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”
10 И когда вошел Он в Иерусалим, весь город пришел в движение и говорил: кто Сей?
Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
11 Народ же говорил: Сей есть Иисус, Пророк из Назарета Галилейского.
Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.”
12 И вошел Иисус в храм Божий, и выгнал всех продающих и покупающих в храме, и опрокинул столы меновщиков и скамьи продающих голубей,
Jesu a tsena mo Tempeleng, a lelekela barekisi kwa ntle, a pitikolola mabati a go ananyediwang madi mo go one le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi.
13 и говорил им: написано: дом Мой домом молитвы наречется; а вы сделали его вертепом разбойников.
A ba raya a re, “Dikwalo tsa re tempele ya me ke lefelo la thapelo, mme lona lo e fetotse borakanelo jwa magodu.”
14 И приступили к Нему в храме слепые и хромые, и Он исцелил их.
Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng.
15 Видев же первосвященники и книжники чудеса, которые Он сотворил, и детей, восклицающих в храме и говорящих: осанна Сыну Давидову! - вознегодовали
Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?”
16 и сказали Ему: слышишь ли, что они говорят? Иисус же говорит им: да! разве вы никогда не читали: из уст младенцев и грудных детей Ты устроил хвалу?
Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’”
17 И, оставив их, вышел вон из города в Вифанию и провел там ночь.
Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng.
18 Поутру же, возвращаясь в город, взалкал;
Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala,
19 и увидев при дороге одну смоковницу, подошел к ней и, ничего не найдя на ней, кроме одних листьев, говорит ей: да не будет же впредь от тебя плода вовек. И смоковница тотчас засохла. (aiōn g165)
Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, “O se ka wa tlhola o ungwa gape!” Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela. (aiōn g165)
20 Увидев это, ученики удивились и говорили: как это тотчас засохла смоковница?
Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?”
21 Иисус же сказал им в ответ: истинно говорю вам, если будете иметь веру и не усомнитесь, не только сделаете то, что сделано со смоковницею, но если и горе сей скажете: поднимись и ввергнись в море, - будет;
Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala.
22 и все, чего ни попросите в молитве с верою, получите.
Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”
23 И когда пришел Он в храм и учил, приступили к Нему первосвященники и старейшины народа и сказали: какой властью Ты это делаешь? и кто Тебе дал такую власть?
Mme e rile a sena go boela kwa Tempeleng a sa ntse a ruta, baperesiti ba bagolo le bangwe ba bagolwane ba Sejuda ba tla kwa go ene ba batla go itse gore e ne e le ka tetlelelo ya ga mang gore a lelekele baananyi kwa ntle maabane.
24 Иисус сказал им в ответ: спрошу и Я вас об одном; если о том скажете Мне, то и Я вам скажу, какою властью это делаю;
Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele.
25 крещение Иоанново откуда было: с небес или от человеков? Они же рассуждали между собою: если скажем: с небес, то Он скажет нам: почему же вы не поверили ему?
A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua.
26 а если сказать: от человеков, - боимся народа, ибо все почитают Иоанна за пророка.
Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.”
27 И сказали в ответ Иисусу: не знаем. Сказал им и Он: и Я вам не скажу, какою властью это делаю.
Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.”
28 А как вам кажется? У одного человека было два сына; и он, подойдя к первому, сказал: сын! пойди сегодня работай в винограднике моем.
“Mme lo akanya jang ka ga se? Monna yo o neng a na le bomorwawe ba le babedi o na a raya yo motona a re, ‘Morwaaka, tsamaya o ye go dira mo tshimong ya me gompieno.’
29 Но он сказал в ответ: не хочу; а после, раскаявшись, пошел.
Morwawe a fetola a re, ‘Ga ke na go dira jalo,’ mme kwa morago a fetola maikutlo a gagwe a tsamaya.
30 И подойдя к другому, он сказал то же. Этот сказал в ответ: иду, государь; и не пошел.
Hong rraagwe a raya yo monnyennyane a re, ‘Wena tsamaya!’ Mme a re, ‘Ee, rra, ke tlaa tsamaya.’ Mme a seka a dira jalo.
31 Который из двух исполнил волю отца? Говорят Ему: первый. Иисус говорит им: истинно говорю вам, что мытари и блудницы вперед вас идут в Царство Божие,
Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.
32 ибо пришел к вам Иоанн путем праведности, и вы не поверили ему, а мытари и блудницы поверили ему; вы же, и видев это, не раскаялись после, чтобы поверить ему.
Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela.
33 Выслушайте другую притчу: был некоторый хозяин дома, который насадил виноградник, обнес его оградою, выкопал в нем точило, построил башню и, отдав его виноградарям, отлучился.
“Jaanong reetsang polelo e: Mong wa setsha mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mofine e e ageletsweng, mme a direla motlhokomedi wa yone lefelo la boletelo, hong a hirisetsa balemi bangwe tshimo ya gagwe ka tumalano ya go kgaogana thobo, mme a huduga go nna mo lefatsheng le lengwe.
34 Когда же приблизилось время плодов, он послал своих слуг к виноградарям взять свои плоды;
“E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe.
35 виноградари, схватив слуг его, иного прибили, иного убили, а иного побили камнями.
Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa.
36 Опять послал он других слуг, больше прежнего; и с ними поступили так же.
“Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha.
37 Наконец, послал он к ним своего сына, говоря: постыдятся сына моего.
Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle.
38 Но виноградари, увидев сына, сказали друг другу: это наследник; пойдем, убьем его и завладеем наследством его.
“Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’
39 И, схватив его, вывели вон из виноградника и убили.
Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya.
40 Итак, когда придет хозяин виноградника, что сделает он с этими виноградарями?
“Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?”
41 Говорят Ему: злодеев сих предаст злой смерти, а виноградник отдаст другим виноградарям, которые будут отдавать ему плоды во времена свои.
Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”
42 Иисус говорит им: неужели вы никогда не читали в Писании: камень, который отвергли строители, тот самый сделался главою угла? Это от Господа, и есть дивно в очах наших?
Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’
43 Потому сказываю вам, что отнимется от вас Царство Божие и дано будет народу, приносящему плоды его;
“Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo.
44 и тот, кто упадет на этот камень, разобьется, а на кого он упадет, того раздавит.
Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”
45 И, слышав притчи Его, первосвященники и фарисеи поняли, что Он о них говорит,
E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe,
46 и старались схватить Его, но побоялись народа, потому что Его почитали за Пророка.
ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.

< От Матфея 21 >