< От Матфея 11 >

1 И когда окончил Иисус наставления двенадцати ученикам Своим, перешел оттуда учить и проповедывать в городах их.
Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone.
2 Иоанн же, услышав в темнице о делах Христовых, послал двоих из учеников своих
Johane wa Mokolobetsi yo o neng jaanong a le mo kgolegelong, a utlwa kaga dikgakgamatso tsotlhe tse Mesia o neng a di dira, jalo a roma barutwa ba gagwe go botsa Jesu gore,
3 сказать Ему: Ты ли Тот, Который должен придти, или ожидать нам другого?
“A o ene tota yo re mo lebeletseng, kgotsa re nne re lebeletse?”
4 И сказал им Иисус в ответ: пойдите, скажите Иоанну, что слышите и видите:
Jesu a ba raya a re, “Boelang kwa go Johane lo mmolelele kaga dikgakgamatso tse lo mponyeng ke di dira
5 слепые прозревают и хромые ходят, прокаженные очищаются и глухие слышат, мертвые воскресают и нищие благовествуют;
difofu tse ke di foufolotseng, le digole tse jaanong di tsamayang kwa ntle ga thuso le balepero ba ba fodisitsweng, le bosusu ba ba utlwang, le baswi ba ba rudisitsweng; lo bo lo mmolelele gore ke rerela bahumanegi mafoko a a molemo.
6 и блажен, кто не соблазнится о Мне.
Jaanong lo bo lo mo neela molaetsa o, ‘Go sego ba ba sa mpelaeleng.’”
7 Когда же они пошли, Иисус начал говорить народу об Иоанне: что смотреть ходили вы в пустыню? трость ли, ветром колеблемую?
Erile barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu a simolola go bua le bontsintsi jwa batho ka ga gagwe a re, “Erile lo tswela mo sekakeng se se senang sepe go bona Johane, lo no lo solofetse gore lo tlaa mmona a ntse jang? A tshwana le tlhaga e e fokang mo phefong?
8 Что же смотреть ходили вы? человека ли, одетого в мягкие одежды? Носящие мягкие одежды находятся в чертогах царских.
Kgotsa a lo no lo solofetse go bona monna yo o apereng jaaka kgosana mo maphatsipatsing a bogosi?
9 Что же смотреть ходили вы? пророка? Да, говорю вам, и больше пророка.
Kgotsa moporofiti wa Modimo? Ee, mme o mogolo go na le moporofiti fela.
10 Ибо он тот, о котором написано: се, Я посылаю Ангела Моего пред лицем Твоим, который приготовит путь Твой пред Тобою.
Gonne Johane ke ene yo o umakilweng mo dikwalong; morongwa yo o neng a tshwanetse go tla pele game, go anamisa go tla game, le go baakanya batho go nkamogela.
11 Истинно говорю вам: из рожденных женами не восставал больший Иоанна Крестителя; но меньший в Царстве Небесном больше его.
Ammaaruri, mo go botlhe ba ba kileng ba tsalwa, ga go na yo o galalelang thata go gaisa Johane wa Mokolobetsi. Mme le fa go ntse jalo, le masedi a mabotlana mo Bogosing jwa legodimo a tlaa nna a magolo go na nae!
12 От дней же Иоанна Крестителя доныне Царство Небесное силою берется, и употребляющие усилие восхищают его,
“Mme go simolola nako e Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka yone a kolobetsa go fitlhelela jaanong jaana, matshwititshwiti a a matlhagatlhaga a ntse a kgobokanela Bogosi jwa Legodimo,
13 ибо все пророки и закон прорекли до Иоанна.
Gonne melao yotlhe le baporofiti ba ne ba solofetse Mesia. Mme Johane a bonala,
14 И если хотите принять, он есть Илия, которому должно придти.
mme fa lo batla go tlhaloganya se ke se rayang, ke Elija; ene yo baporofiti ba rileng o tlaa tla ka nako e Bogosi bo simololang ka yone.
15 Кто имеет уши слышать, да слышит!
“Fa e le gore lo kile lwa rata go reetsa, reetsang jaanong.
16 Но кому уподоблю род сей? Он подобен детям, которые сидят на улице и, обращаясь к своим товарищам,
“Ke tlaa reng ka ga chaba e? Batho ba, ba tshwana le bana ba tshameka, ba ba rayang balekane ba bone ba re,
17 говорят: мы играли вам на свирели, и вы не плясали; мы пели вам печальные песни, и вы не рыдали.
‘Re tshamekile lenyalo mme lwa seka lwa itumela, ra tshameka phitlho mme lwa seka lwa utlwa botlhoko’.
18 Ибо пришел Иоанн, ни ест, ни пьет; и говорят: в нем бес.
Gonne Johane wa Mokolobetsi ga a nwe le fa e le mofine, gape o itima dijo gantsi, mme lwa re, ‘O a tsenwa’.
19 Пришел Сын Человеческий, ест и пьет; и говорят: вот человек, который любит есть и пить вино, друг мытарям и грешникам. И оправдана премудрость чадами ее.
Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”
20 Тогда начал Он укорять города, в которых наиболее явлено было сил Его, за то, что они не покаялись:
Mme a simolola go kgoba metse e a neng a dirile bogolo jwa dikgakgamatso dingwe tsa gagwe mo go yone ka gore e ne e sa boela mo Modimong.
21 горе тебе, Хоразин! горе тебе, Вифсаида! ибо если бы в Тире и Сидоне явлены были силы, явленные в вас, то давно бы они во вретище и пепле покаялись,
A re, “A bo go latlhega wena Korasina, a bo go latlhega wena Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di dirileng mo mebileng ya lona di ne di dirilwe mo Ture le Sidona ba ba kgopo, batho ba teng ba ka bo ba sa bolo go sokologa ka ditlhong le boingotlo.
22 но говорю вам: Тиру и Сидону отраднее будет в день суда, нежели вам.
“Ammaaruri Ture le Sidona ba tlaa bo ba le botoka go na le lona ka Letsatsi la Katlholo!
23 И ты, Капернаум, до неба вознесшийся, до ада низвергнешься, ибо если бы в Содоме явлены были силы, явленные в тебе, то он оставался бы до сего дня; (Hadēs g86)
Mme Kaperanama, lefa a tlotlwa thata, o tlaa fologela mo diheleng! Gonne fa dikgakgamatso tse dintle tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sodoma, o ka bo a sa ntse a le teng le gompieno. (Hadēs g86)
24 но говорю вам, что земле Содомской отраднее будет в день суда, нежели тебе.
Ammaaruri, Sodoma, o tlaa bo a le botoka go na le wena ka Letsatsi la Katlholo.”
25 В то время, продолжая речь, Иисус сказал: славлю Тебя, Отче, Господи неба и земли, что Ты утаил сие от мудрых и разумных и открыл то младенцам;
Mme Jesu a rapela thapelo e, “Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ke lebogela gore o fitlhetse ba ba ikgopolang ba le botlhale boammaaruri, mme wa bo senolela banyana!
26 ей, Отче! ибо таково было Твое благоволение.
Ee, Rara, gonne go go kgatlhile go go dira ka tsela e!”
27 Все предано Мне Отцем Моим, и никто не знает Сына, кроме Отца; и Отца не знает никто, кроме Сына и кому Сын хочет открыть.
“Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang.
28 Придите ко Мне все труждающиеся и обремененные, и Я успокою вас;
Tlang kwano go nna mme ke tla lo lapolosa, lotlhe ba lo dirang thata ka fa tlase ga jokwe e e bokete.
29 возьмите иго Мое на себя и научитесь от Меня, ибо Я кроток и смирен сердцем, и найдете покой душам вашим;
Sikarang jokwe ya me, gonne e lo lekana sentle mmang ke lo rute; gonne ke bonolo le boingotlo, jalo lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo, gonne ke lo naya merwalo e e motlhofo fela.”
30 ибо иго Мое благо и бремя Мое легко.

< От Матфея 11 >