< От Луки 8 >

1 После сего Он проходил по городам и селениям, проповедуя и благовествуя Царствие Божие, и с Ним двенадцать,
Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.
2 и некоторые женщины, которых Он исцелил от злых духов и болезней: Мария, называемая Магдалиною, из которой вышли семь бесов,
Basadi bangwe ba tsamaya nae, ba o ntshitseng mewa e e maswe mo go bone kgotsa ba o ba fodisitseng; mo go bone go ne go le Marea Magatalena (Jesu o ne a ntshitse mewa e e maswe ele supa mo go ene).
3 и Иоанна, жена Хузы, домоправителя Иродова, и Сусанна, и многие другие, которые служили Ему имением своим.
Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe.
4 Когда же собралось множество народа, и из всех городов жители сходились к Нему, Он начал говорить притчею:
Ka letsatsi lengwe a neela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo utlwa, setshwantsho se, fa ba bangwe ba bantsi ba sa ntse ba le mo tseleng ba tswa mo metseng e mengwe.
5 вышел сеятель сеять семя свое, и когда он сеял, иное упало при дороге и было потоптано, и птицы небесные поклевали его;
“Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng.
6 а иное упало на камень и, взойдя, засохло, потому что не имело влаги;
Peo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola.
7 а иное упало между тернием, и выросло терние и заглушило его;
Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela.
8 а иное упало на добрую землю и, взойдя, принесло плод сторичный. Сказав сие, возгласил: кто имеет уши слышать, да слышит!
E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)
9 Ученики же Его спросили у Него: что бы значила притча сия?
Baapostoloi ba gagwe ba mmotsa gore polelo e e rayang.
10 Он сказал: вам дано знать тайны Царствия Божия, а прочим в притчах, так что они видя не видят и слыша не разумеют.
Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse.
11 Вот что значит притча сия: семя есть слово Божие;
“Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong.
12 а упавшее при пути, это суть слушающие, к которым потом приходит диавол и уносит слово из сердца их, чтобы они не уверовали и не спаслись;
Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa.
13 а упавшее на камень, это те, которые, когда услышат слово, с радостью принимают, но которые не имеют корня, и временем веруют, а во время искушения отпадают;
Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.
14 а упавшее в терние, это те, которые слушают слово, но, отходя, заботами, богатством и наслаждениями житейскими подавляются и не приносят плода;
Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.
15 а упавшее на добрую землю, это те, которые, услышав слово, хранят его в добром и чистом сердце и приносят плод в терпении. Сказав это, Он возгласил: кто имеет уши слышать, да слышит!
“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”
16 Никто, зажегши свечу, не покрывает ее сосудом, или не ставит под кровать, а ставит на подсвечник, чтобы входящие видели свет.
[Ka nako e nngwe a botsa a re, ] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng.
17 Ибо нет ничего тайного, что не сделалось бы явным, ни сокровенного, что не сделалось бы известным и не обнаружилось бы.
Se se supa gore ka letsatsi leo sengwe le sengwe [mo dipelong tsa batho] se tlaa leriwe mo leseding mme se supegediwe botlhe.
18 Итак, наблюдайте, как вы слушаете: ибо, кто имеет, тому дано будет, а кто не имеет, у того отнимется и то, что он думает иметь.
Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”
19 И пришли к Нему Матерь и братья Его, и не могли подойти к Нему по причине народа.
Mme ya re ka nako nngwe fa mmaagwe le bomonnawe ba tsile go mmona, ba seka ba tsena mo tlung e o neng a ruta mo go yone ka ntlha ya bontsintsi jwa batho.
20 И дали знать Ему: Матерь и братья Твои стоят вне, желая видеть Тебя.
E rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona,
21 Он сказал им в ответ: матерь Моя и братья Мои суть слушающие слово Божие и исполняющие его.
a re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.”
22 В один день Он вошел с учениками Своими в лодку и сказал им: переправимся на ту сторону озера. И отправились.
Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
23 Во время плавания их Он заснул. На озере поднялся бурный ветер, и заливало их волнами, и они были в опасности.
Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
24 И, подойдя, разбудили Его и сказали: Наставник! Наставник! погибаем. Но Он, встав, запретил ветру и волнению воды; и перестали, и сделалась тишина.
Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
25 Тогда Он сказал им: где вера ваша? Они же в страхе и удивлении говорили друг другу: кто же это, что и ветрам повелевает и воде, и повинуются Ему?
Mme a ba botsa a re, “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, “Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?”
26 И приплыли в страну Гадаринскую, лежащую против Галилеи.
Mme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea.
27 Когда же вышел Он на берег, встретил Его один человек из города, одержимый бесами с давнего времени, и в одежду не одевавшийся, и живший не в доме, а в гробах.
Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu.
28 Он, увидев Иисуса, вскричал, пал пред Ним и громким голосом сказал: что Тебе до меня, Иисус, Сын Бога Всевышнего? умоляю Тебя, не мучь меня.
Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!”
29 Ибо Иисус повелел нечистому духу выйти из сего человека, потому что он долгое время мучил его, так что его связывали цепями и узами, сберегая его; но он разрывал узы и был гоним бесом в пустыни.
Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele.
30 Иисус спросил его: как тебе имя? Он сказал: легион, - потому что много бесов вошло в него.
Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe!
31 И они просили Иисуса, чтобы не повелел им идти в бездну. (Abyssos g12)
Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo. (Abyssos g12)
32 Тут же на горе паслось большое стадо свиней; и бесы просили Его, чтобы позволил им войти в них. Он позволил им.
Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla.
33 Бесы, выйдя из человека, вошли в свиней, и бросилось стадо с крутизны в озеро и потонуло.
Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe.
34 Пастухи, видя происшедшее, побежали и рассказали в городе и в селениях.
Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana.
35 И вышли видеть происшедшее; и, придя к Иисусу, нашли человека, из которого вышли бесы, сидящего у ног Иисуса, одетого и в здравом уме; и ужаснулись.
Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata.
36 Видевшие же рассказали им, как исцелился бесновавшийся.
Hong ba ba neng ba bone selo se se diragala ba bolela ka fa monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a fodisitsweng ka teng.
37 И просил Его весь народ Гадаринской окрестности удалиться от них, потому что они объяты были великим страхом. Он вошел в лодку и возвратился.
Mme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
38 Человек же, из которого вышли бесы, просил Его, чтобы быть с Ним. Но Иисус отпустил его, сказав:
Monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana.
39 возвратись в дом твой и расскажи, что сотворил тебе Бог. Он пошел и проповедывал по всему городу, что сотворил ему Иисус.
A mo raya a re, “Boela kwa go ba ntlo ya gago, o ba bolelele selo se sentle se Modimo o se go diretseng.” O ne a tsamaya le motse otlhe a bolelela mongwe le mongwe kaga kgakgamatso e kgolo ya ga Jesu.
40 Когда же возвратился Иисус, народ принял Его, потому что все ожидали Его.
Ka fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse.
41 И вот, пришел человек, именем Иаир, который был начальником синагоги; и, пав к ногам Иисуса, просил Его войти к нему в дом,
Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe,
42 потому что у него была одна дочь, лет двенадцати, и та была при смерти. Когда же Он шел, народ теснил Его.
gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.
43 И женщина, страдавшая кровотечением двенадцать лет, которая, издержав на врачей все имение, ни одним не могла быть вылечена,
Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.
44 подойдя сзади, коснулась края одежды Его; и тотчас течение крови у ней остановилось.
45 И сказал Иисус: кто прикоснулся ко Мне? Когда же все отрицались, Петр сказал и бывшие с Ним: Наставник! народ окружает Тебя и теснит, - и Ты говоришь: кто прикоснулся ко Мне?
Mme Jesu a botsa a re, “Ke mang yo o nkamileng?” Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, “Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…”
46 Но Иисус сказал: прикоснулся ко Мне некто, ибо Я чувствовал силу, исшедшую из Меня.
Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna.”
47 Женщина, видя, что она не утаилась, с трепетом подошла и, пав пред Ним, объявила Ему перед всем народом, по какой причине прикоснулась к Нему и как тотчас исцелилась.
Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.
48 Он сказал ей: дерзай, дщерь! вера твоя спасла тебя; иди с миром.
Hong Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.”
49 Когда Он еще говорил это, приходит некто из дома начальника синагоги и говорит ему: дочь твоя умерла; не утруждай Учителя.
E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.”
50 Но Иисус, услышав это, сказал ему: не бойся, только веруй, и спасена будет.
Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, “Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama.”
51 Придя же в дом, не позволил войти никому, кроме Петра, Иоанна и Иакова, и отца девицы, и матери.
Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.
52 Все плакали и рыдали о ней. Но Он сказал: не плачьте; она не умерла, но спит.
Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”
53 И смеялись над Ним, зная, что она умерла.
Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.
54 Он же, выслав всех вон и взяв ее за руку, возгласил: девица! встань.
Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, “Tsoga morweetsana.”
55 И возвратился дух ее; она тотчас встала, и Он велел дать ей есть.
Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, “Mo neeng sengwe a je!”
56 И удивились родители ее. Он же повелел им не сказывать никому о происшедшем.
Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.

< От Луки 8 >