< От Иоанна 4 >

1 Когда же узнал Иисус о дошедшем до фарисеев слухе, что Он более приобретает учеников и крестит, нежели Иоанн, -
Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe
2 хотя Сам Иисус не крестил, а ученики Его, -
(ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe).
3 то оставил Иудею и пошел опять в Галилею.
A tswa mo Judea mme a boela kwa kgaolong ya Galalea.
4 Надлежало же Ему проходить через Самарию.
Mme a tshwanelwa ke go ralala Samaria a le mo tseleng.
5 Итак приходит Он в город Самарийский, называемый Сихарь, близ участка земли, данного Иаковом сыну своему Иосифу.
Mme erile motshegare wa sethoboloko, fa a atamela motse wa Sikara, a goroga fa Sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le mo setsheng sa lefatshe se Jakobe a neng a se neile morwawe Josefe.
6 Там был колодезь Иаковлев. Иисус, утрудившись от пути, сел у колодезя. Было около шестого часа.
Jesu o ne a lapisitswe ke go tsamaya mo mogoteng wa letsatsi sekgala se se leele, hong a nna fa thoko ga sediba a lapile thata.
7 Приходит женщина из Самарии почерпнуть воды. Иисус говорит ей: дай Мне пить.
Mme ka bofefo ga tla mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, mme Jesu a mo kopa metse a go nwa.
8 Ибо ученики Его отлучились в город купить пищи.
O ne a le nosi ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go reka dijo.
9 Женщина Самарянская говорит Ему: как ты, будучи Иудей, просишь пить у меня, Самарянки? ибо Иудеи с Самарянами не сообщаются.
Mosadi a gakgamala gore a Mojuta o ka kopa “Mosamaria yo o nyatsegang” sengwe, ka tlwaelo ba ne ba sa buisanye! Mme a bua kaga selo se le Jesu.
10 Иисус сказал ей в ответ: если бы ты знала дар Божий и Кто говорит тебе: дай Мне пить, то ты сама просила бы у Него, и Он дал бы тебе воду живую.
Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”
11 Женщина говорит Ему: господин! тебе и почерпнуть нечем, а колодезь глубок; откуда же у тебя вода живая?
Mme mosadi a re, “Ga o na segelelo, le gone sediba se se boteng thata! O ne o tlaa tsaya kae metse a botshelo?
12 Неужели ты больше отца нашего Иакова, который дал нам этот колодезь и сам из него пил, и дети его, и скот его?
Kwa ntle ga moo, a o mogolo mo go rraarona mogolwagolwane Jakobe? O ka mpha metse a a botoka jang go na le a Jakobe le bo morwawe le dikgomo tsa bone di a noleng ka boitumelo?”
13 Иисус сказал ей в ответ: всякий, пьющий воду сию, возжаждет опять,
Jesu a fetola a re, “Batho ba tshwarwa ke lenyora ka bofefo fa ba sena go nwa metsi a.
14 а кто будет пить воду, которую Я дам ему, тот не будет жаждать вовек; но вода, которую Я дам ему, сделается в нем источником воды, текущей в жизнь вечную. (aiōn g165, aiōnios g166)
A ke a ba nayang, a nna motswedi wa bosakhutleng mo go bone. Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.” (aiōn g165, aiōnios g166)
15 Женщина говорит Ему: господин! дай мне этой воды, чтобы мне не иметь жажды и не приходить сюда черпать.
Mme mosadi a mo raya a re, “Tswee-tswee rra, nnosa metsi ao! Hong ga ke na go tlhola ke nyorwa gape, le fa e le go tsamaya mosepele o moleele o wa go tla go ga metse fano malatsi otlhe.”
16 Иисус говорит ей: пойди, позови мужа твоего и приди сюда.
Mme Jesu a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tla le monna wa gago.”
17 Женщина сказала в ответ: у меня нет мужа. Иисус говорит ей: правду ты сказала, что у тебя нет мужа,
Mme mosadi a mo fetola a re, “Kana ga ke a nyalwa.”
18 ибо у тебя было пять мужей, и тот, которого ныне имеешь, не муж тебе; это справедливо ты сказала.
Jesu a re, “O bua boammaaruri Ka gore o kile wa nna le banna ba le batlhano, mme monna yo o nnang le ene gompieno jaana ga a go nyala.”
19 Женщина говорит Ему: Господи! вижу, что Ты пророк.
Mme mosadi a mo raya a re, “Rra, o tshwa-netse wa bo o le moporofiti.
20 Отцы наши поклонялись на этой горе, а вы говорите, что место, где должно поклоняться, находится в Иерусалиме.
Mme he, mpolelela, ke eng fa lona Bajuta lo re Jerusalema ke lone fela lefelo la kobamelo-Modimo, fa rona Basamaria re re ke fano [mo Thabeng ya Gerasime] kwa borraa-rona mogolwagolwane ba neng ba obamela teng?”
21 Иисус говорит ей: поверь Мне, что наступает время, когда и не на горе сей, и не в Иерусалиме будете поклоняться Отцу.
Jesu a fetola a re, “Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema.
22 Вы не знаете, чему кланяетесь, а мы знаем, чему кланяемся, ибо спасение от Иудеев.
Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo?
23 Но настанет время и настало уже, когда истинные поклонники будут поклоняться Отцу в духе и истине, ибо таких поклонников Отец ищет Себе.
Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona.
24 Бог есть дух, и поклоняющиеся Ему должны поклоняться в духе и истине.
Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta.”
25 Женщина говорит Ему: знаю, что придет Мессия, то есть Христос; когда Он придет, то возвестит нам все.
Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.”
26 Иисус говорит ей: это Я, Который говорю с тобою.
Hong Jesu a mo raya a re, “Ke nna Mesia!”
27 В это время пришли ученики Его и удивились, что Он разговаривал с женщиною; однакож ни один не сказал: чего Ты требуешь? или: о чем говоришь с нею?
Mme erile gone foo fela barutwa ba gagwe ba goroga. Ba gakgamalela go mmona a bua le mosadi, mme le fa e le ope wa bone a se ka a mmotsa gore ke eng.
28 Тогда женщина оставила водонос свой, и пошла в город, и говорит людям:
Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana,
29 пойдите, посмотрите Человека, Который сказал мне все, что я сделала: не Он ли Христос?
“Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?”
30 Они вышли из города и пошли к Нему.
Mme batho ba motse ba tla ba tsositse modumo ba ya go mmona.
31 Между тем ученики просили Его, говоря: Равви! ешь.
Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja.
32 Но Он сказал им: у Меня есть пища, которой вы не знаете.
Mme Jesu a ba fetola a re, “Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone.”
33 Посему ученики говорили между собою: разве кто принес Ему есть?
Mme barutwa ba botsanya ba re, “Yo o di mo lereditseng ke mang?”
34 Иисус говорит им: Моя пища есть творить волю Пославшего Меня и совершить дело Его.
Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.
35 Не говорите ли вы, что еще четыре месяца, и наступит жатва? А Я говорю вам: возведите очи ваши и посмотрите на нивы, как они побелели и поспели к жатве.
A lo gopola gore tiro ya thobo ga e na go simolola go fitlhelela selemo se fela mo dikgweding tse nne go simolola jaanong jaana? Lebang mo tikologong! Masimo a magolo a e leng mewa ya batho, a simolola go butswa mo tikologong yotlhe ya rona, ebile a setse a ka rojwa.
36 Жнущий получает награду и собирает плод в жизнь вечную, так что и сеющий и жнущий вместе радоваться будут, (aiōnios g166)
Barobi ba tlaa duelwa tuelo e ntle, mme ba tlaa phuthela mewa e e bolokwang mo difalaneng tsa legodimo! Ke boitumelo jo bogolo jang jo bo letileng mojadi le morobi! (aiōnios g166)
37 ибо в этом случае справедливо изречение: один сеет, а другой жнет.
Gonne ke boammaaruri gore mongwe o a jala mme yo mongwe o a roba.
38 Я послал вас жать то, над чем вы не трудились: другие трудились, а вы вошли в труд их.
Ke lo romile go roba kwa lo sa jalang teng; ba bangwe ba dirile tiro ya bone mme lona lwa amogela thobo.”
39 И многие Самаряне из города того уверовали в Него по слову женщины, свидетельствовавшей, что Он сказал ей все, что она сделала.
Batho ba le bantsi ba ba tswang mo motseng wa Samarea, ba dumela gore ke Mesia ka ntlha ya polelo ya mosadi e e reng, “O mpoleletse sengwe le sengwe se ke neng ke aga ke se dira!”
40 И потому, когда пришли к Нему Самаряне, то просили Его побыть у них; и Он пробыл там два дня.
Erile ba ya go mmona kwa sedibeng, ba feta ba mo kopa go ya go nna mo motseng wa bone; mme a dira jalo, a nna malatsi a le mabedi,
41 И еще большее число уверовали по Его слову.
a a neng a lekanye ba le bantsi go dumela mo go ene ba sena go mo utlwa.
42 А женщине той говорили: уже не по твоим речам веруем, ибо сами слышали и узнали, что Он истинно Спаситель мира, Христос.
Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.”
43 По прошествии же двух дней Он вышел оттуда и пошел в Галилею,
Erile a sena go nna malatsi a mabedi, a ya Galalea
44 ибо Сам Иисус свидетельствовал, что пророк не имеет чести в своем отечестве.
fela jaaka a ne a tle a re, “Moporofiti o tlotlega gongwe le gongwe fa e se fela mo lefatsheng la ga gabo!”
45 Когда пришел Он в Галилею, то Галилеяне приняли Его, видев все, что Он сделал в Иерусалиме в праздник, - ибо и они ходили на праздник.
Mme Bagalalea ba feta ba mo amogela sentle ka diatla tsoo pedi gonne ba ne ba le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo le gore ba ne ba bonye dikgakgamatso dingwe tsa gagwe.
46 Итак Иисус опять пришел в Кану Галилейскую, где претворил воду в вино. В Капернауме был некоторый царедворец, у которого сын был болен.
Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata,
47 Он, услышав, что Иисус пришел из Иудеи в Галилею, пришел к Нему и просил Его придти и исцелить сына его, который был при смерти.
a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
48 Иисус сказал ему: вы не уверуете, если не увидите знамений и чудес.
Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?”
49 Царедворец говорит Ему: Господи! приди, пока не умер сын мой.
Kgosana ya mo rapela ya re, “Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa.”
50 Иисус говорит ему: пойди, сын твой здоров. Он поверил слову, которое сказал ему Иисус, и пошел.
Mme Jesu a mo raya a re, “Boela kwa gae. Morwao o fodile!” Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae.
51 На дороге встретили его слуги его и сказали: сын твой здоров.
Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng.
52 Он спросил у них: в котором часу стало ему легче? Ему сказали: вчера в седьмом часу горячка оставила его.
A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, “Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!”
53 Из этого отец узнал, что это был тот час, в который Иисус сказал ему: сын твой здоров, и уверовал сам и весь дом его.
Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, “Morwao o fodile.” Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.
54 Это второе чудо сотворил Иисус, возвратившись из Иудеи в Галилею.
Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.

< От Иоанна 4 >