< К Евреям 7 >

1 Ибо Мелхиседек, царь Салима, священник Бога Всевышнего, тот, который встретил Авраама и благословил его, возвращающегося после поражения царей,
Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa;
2 Которому и десятину отделил Авраам от всего, - во первых по знаменованию имени царь правды, а потом и царь Салима, то есть, царь мира,
mme Aberahame a ntsha tsa bosome mo go tsotlhe tse a di gapileng mo ntweng mme a di neela Melekisedeke. Leina le le reng Melekisedeke le raya, “Tshiamo,” jalo ke Kgosi ya Tshiamo; ebile gape ke Kgosi ya Kagiso ka ntlha ya leina la motse wa gagwe, ebong Salema, leina le le rayang, “Kagiso” fa le tlhalosiwa.
3 Без отца, без матери, без родословия, не имеющий ни начала дней, ни конца жизни, уподобляясь Сыну Божию, пребывает священником навсегда.
Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng.
4 Видите, как велик тот, которому и патриарх Авраам дал десятину из лучших добыч своих.
Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang: Le e leng Aberahame tota, yo e leng motho wa ntlha ebile a tlotlega thata go gaisa botlhe ba ba itlhophetsweng ke Modimo a neela Melekisedeke tsa bosome mo dilong tsotlhe tse a di gapileng mo dikgosing tse a neng a di lwantsha.
5 Получающие священство из сынов Левиных имеют заповедь - брать по закону десятину с народа, то есть, со своих братьев, хотя и сии произошли от чресл Авраамовых.
Mongwe o ne a ka tlhaloganya gore Aberahame o ne a direla eng jaana fa Melekisedeke e ne e le moperesiti wa Sejuta, gonne erile kwa morago batho ba Modimo ba direlwa molao o o ba tlamang gore ba ntshe dineo go thusa baperesiti ba bone, gonne baperesiti e ne e le masika a bone.
6 Но сей, не происходящий от рода их, получил десятину от Авраама и благословил имевшего обетования.
Mme Melekisedeke e ne e se wa losika, mme le fa go ntse jalo Aberahame a mo duela. Melekisedeke o ne a naya Aberahame matlhogonolo,
7 Без всякого же прекословия меньший благословляется большим.
mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang.
8 И здесь десятины берут человеки смертные, а там имеющий о себе свидетельство, что он живет.
Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela.
9 И, так сказать, сам Левий, принимающий десятины, в лице Авраама дал десятину:
Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame.
10 Ибо он был еще в чреслах отца, когда Мелхиседек встретил его.
Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone.
11 Итак, если бы совершенство достигалось посредством левитского священства, - и с ним сопряжен закон народа, - то какая бы еще нужда была восставать иному священнику по чину Мелхиседека, а не по чину Аарона именоваться?
Fa e le gore baperesiti ba Sejuta le melao ya bone ba ne ba na le nonofo ya go re boloka, ke eng jaanong fa Modimo o ne wa bona go tshwanetse gore o rome Keresete e le moperesiti yo o lekanang le Melekisedeke ka maemo, go na le gore o rome mongwe yo o lekanang le Arone ka maemo, a e leng gore baperesiti botlhe ba bangwe ba ne ba na nao?
12 Потому что с переменой священства необходимо быть перемене закона.
Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo.
13 Ибо Тот, о Котором говорится сие, принадлежал к иному колену, из которого никто не приступал к жертвеннику;
14 Ибо известно, что Господь наш воссиял из колена Иудина, о котором Моисей ничего не сказал относительно священства.
15 И это еще яснее видно из того, что по подобию Мелхиседека восстает священник иной,
Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke,
16 Который таков не по закону заповеди плотской, но по силе жизни непрестающей.
ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng.
17 Ибо засвидетельствовано: “Ты священник вовек по чину Мелхиседека”. (aiōn g165)
Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” (aiōn g165)
18 Отменение же прежде бывшей заповеди бывает по причине ее немощи и бесполезности,
Ee, tsamaiso e kgologolo ya boperesiti e motheo wa yone e neng e le gore boperesiti e nne tshwanelo ya ba losika fela e ne ya tlosolosiwa gonne e ne e sena thuso epe. E ne e le bokoa ebile e sena molemo go boloka batho.
19 Ибо закон ничего не довел до совершенства; но вводится лучшая надежда, посредством которой мы приближаемся к Богу.
Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one.
20 И как сие не без клятвы, -
Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe,
21 Ибо те были священниками без клятвы, а Сей с клятвою, потому что о Нем сказано: “клялся Господь и не раскается: Ты священник вовек по чину Мелхиседека”, - (aiōn g165)
le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” (aiōn g165)
22 То лучшего завета поручителем соделался Иисус.
Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka.
23 Притом тех священников было много, потому что смерть не допускала пребывать одному;
Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele.
24 А Сей, как пребывающий вечно, имеет и священство непреходящее, (aiōn g165)
Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. (aiōn g165)
25 Посему и может всегда спасать приходящих чрез Него к Богу, будучи всегда жив, чтобы ходатайствовать за них.
O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe.
26 Таков и должен быть у нас первосвященник: святый, непричастный злу, непорочный, отделенный от грешников и превознесенный выше небес,
Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong.
27 Который не имеет нужды ежедневно, как те первосвященники, приносить жертвы сперва за свои грехи, потом за грехи народа; ибо Он совершил это однажды, принесши в жертву Себя Самого.
Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong.
28 Ибо закон поставляет первосвященниками человеков, имеющих немощи; а слово клятвенное, после закона, поставило Сына, навеки совершенного. (aiōn g165)
Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng. (aiōn g165)

< К Евреям 7 >