< Деяния 3 >

1 Петр и Иоанн шли вместе в храм в час молитвы девятый.
Erile maitsiboa mangwe Petere le Johane ba ya kwa Tempeleng go ya go kopanela merapelo e e neng e nna ka nako ya boraro malatsi otlhe.
2 И был человек, хромой от чрева матери его, которого носили и сажали каждый день при дверях храма, называемых Красными, просить милостыни у входящих в храм.
Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe.
3 Он, увидев Петра и Иоанна перед входом в храм, просил у них милостыни.
Ya re Petere le Johane ba feta gaufi nae a ba kopa madi.
4 Петр с Иоанном, всмотревшись в него, сказали: взгляни на нас.
Ba mo tlhoma matlho, mme Petere a re, “Leba kwano!”
5 И он пристально смотрел на них, надеясь получить от них что-нибудь.
Segole sa ba tlhoma matlho ka tlhoafalo, se solofetse mpho nngwe.
6 Но Петр сказал: серебра и золота нет у меня; а что имею, то даю тебе: во имя Иисуса Христа Назорея встань и ходи.
Mme Petere a mo raya a re, “Ga re na madi a re ka go a nayang! Mme ke tlaa go naya sengwe! Ke go laola ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha ka re, Ema o tsamaye!”
7 И, взяв его за правую руку, поднял; и вдруг укрепились его ступни и колени,
Petere a tshwara segole ka seatla a se emisa ka dinao. Mme ya re a dira jalo, maoto a monna yoo le magwejana a fodisiwa a bo a nonotshiwa mo e leng gore o ne a ba a kgona go tlolaka, a ema foo lobakanyana mme a simolola go tsamaya! Mme a tsamaya a tlolaka a baka Modimo a tsena le bone mo Tempeleng.
8 и, вскочив, стал, и начал ходить, и вошел с ними в храм, ходя, и скача, и хваля Бога.
9 И весь народ видел его ходящим и хвалящим Бога;
Erile fa batho ba ba mo Tempeleng ba mmona a tsamaya ebile ba utlwa a galaletsa Modimo,
10 и узнали его, что это был тот, который сидел у Красных дверей храма для милостыни; и исполнились ужаса и изумления от случившегося с ним.
ebile ba lemoga fa e le mokopi yo ba mmoneng gantsi fa kgorong e e bidiwang Bontle, ba hakgamadiwa ke se se diragetseng.
11 И как исцеленный хромой не отходил от Петра и Иоанна, то весь народ в изумлении сбежался к ним в притвор, называемый Соломонов.
Ya re a ntse a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela kwa loobong lo lo bidiwang lwa ga Solomone ba hakgametse thata.
12 Увидев это, Петр сказал народу: мужи Израильские! что дивитесь сему или что смотрите на нас, как будто бы мы своею силою или благочестием сделали то, что он ходит?
Mme Petere a bona sebaka sa go bua le batho a ba raya a re, “Batho ba Iseraele, ke eng se se hakgamatsang thata kaga se? Ke eng fa lo re lebile thata jaaka o ka re re fodisitse monna yo ka nonofo le ka bo-Modimo jwa rona re dirile gore a tsamaye?
13 Бог Авраама, и Исаака, и Иакова, Бог отцов наших, прославил Сына Своего Иисуса, Которого вы предали и от Которого отреклись перед лицом Пилата, когда он полагал освободить Его.
Gonne ke Modimo wa ga Aberahame, Isake, Jakobe le Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o o lerileng kgalalelo mo motlhankeng wa one Jesu Keresete ka go dira jalo. Ke raya Jesu yo lo mo itatotseng fa pele ga ga Pilatwe, mo godimo ga maikaelelo a ga Pilatwe a go mo golola.
14 Но вы от Святого и Праведного отреклись и просили даровать вам человека убийцу,
Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai.
15 а Начальника жизни убили. Сего Бог воскресил из мертвых, чему мы свидетели.
Mme lwa bolaya Motlhodi wa botshelo; mme Modimo wa mo rudisa mo losong. Mme nna le Johane re basupi ba selo se se diragetseng se, gonne, erile lo sena go mmolaya ra mmona a tshela!
16 И ради веры во имя Его, имя Его укрепило сего, которого вы видите и знаете, и вера, которая от Него, даровала ему исцеление сие перед всеми вами.
Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo.
17 Впрочем, я знаю, братия, что вы, как и начальники ваши, сделали это по неведению;
“Bakaulengwe ba ba rategang, ke lemoga gore se lo se dirileng mo go Jesu lo se dirile ka go tlhoka kitso; mme le baeteledipele ba lona ba ka bolelwa fela jalo.
18 Бог же, как предвозвестил устами всех Своих пророков пострадать Христу, так и исполнил.
“Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe.
19 Итак покайтесь и обратитесь, чтобы загладились грехи ваши,
Ke gone sokololelang ditlhaloganyo le megopolo ya lona kwa Modimong, lo sokologele kwa go one gore o tlose maleo a lona o bo o lo leretse metlha ya boitumelo jo bo tswang kwa Moreneng,
20 да придут времена отрады от лица Господа, и да пошлет Он предназначенного вам Иисуса Христа,
le go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape.
21 Которого небо должно было принять до времен совершения всего, что говорил Бог устами всех святых Своих пророков от века. (aiōn g165)
Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo. Fela jaaka Moshe a kile a bua bogologolo a re, ‘Morena Modimo o tlaa tsosa Moporofiti mo gare ga lona yo o tlaa tshwanang le nna! Lo mo reetseng ka kelo-tlhoko mo go sengwe le sengwe se o se lo bolelelang. (aiōn g165)
22 Моисей сказал отцам: Господь Бог ваш воздвигнет вам из братьев ваших Пророка, как меня, слушайтесь Его во всем, что Он ни будет говорить вам;
23 и будет, что всякая душа, которая не послушает Пророка того, истребится из народа.
Lefa e le mang yo o se kitlang a mo reetsa o tlaa senyediwa ruri.
24 И все пророки, от Самуила и после него, сколько их ни говорили, также предвозвестили дни сии.
Samuele le moporofiti mongwe le mongwe ga ba bolo go bolela kaga se se diragalang gompieno.’
25 Вы сыны пророков и завета, который завещевал Бог отцам вашим, говоря Аврааму: и в семени твоем благословятся все племена земные.
“Lo bana ba baporofiti bao; mme lo baletswe mo tsholofetsong ya Modimo e o e diretseng bagologolwane ba lona go segofatsa lotlhe ka Bajuta, eo ke tsholofetso e Modimo o e neileng Aberehame.
26 Бог, воскресив Сына Своего Иисуса, к вам первым послал Его благословить вас, отвращая каждого от злых дел ваших.
Mme erile fela fa Modimo o sena go rudisa motlhanka wa one mo baswing, o ne wa mo roma pele kwa go lona batho ba Iseraele, go lo segofatsa ka go lo sokolola mo dibeng tsa lona.”

< Деяния 3 >