< Деяния 13 >

1 В Антиохии, в тамошней церкви, были некоторые пророки и учители: Варнава, и Симеон, называемый Нигер, и Луций Киринеянин, и Манаил, совоспитанник Ирода четвертовластника, и Савл.
Mo baporofiting le mo baruting ba phuthego kwa Antioka go ne go le Barenabase le Simeone (yo gape o neng a bidiwa “Monna Montsho”), le Lukio (wa Kurene), le Manaene (yo o otletsweng gongwe le Kgosi Herode), le Saulo.
2 Когда они служили Господу и постились, Дух Святый сказал: отделите Мне Варнаву и Савла на дело, к которому Я призвал их.
Letsatsi lengwe banna ba, ba ntse ba rapela ba bile ba itimile dijo, Mowa O O Boitshepo wa re, “Ntomololelang Barenabase le Saulo go dira tiro e e tlhophegileng e ke e ba bileditseng.”
3 Тогда они, совершив пост и молитву и возложив на них руки, отпустили их.
Mme morago ga go itima dijo le go rapela, ba ba baya diatla, mme ba ba naya tsela.
4 Сии, быв посланы Духом Святым, пришли в Селевкию, а оттуда отплыли в Кипр;
Mme ya re ka go gogwa ke Mowa O O Boitshepo ba ya kwa Seleukia ba bo ba ya kwa Kupero.
5 и, быв в Саламине, проповедывали слово Божие в синагогах Иудейских; имели же при себе и Иоанна для служения.
Mme mo motseng wa Salamise, ba ne ba ya kwa tlung ya thuto ya Sejuta ba rera. (Johane Mareko o ne a tsamaya le bone e le mothusi wa bone).
6 Пройдя весь остров до Пафа, нашли они некоторого волхва, лжепророка, Иудеянина, именем Вариисуса,
Morago ba rera mo motseng mongwe le mongwe go kgabaganya setlhaketlhake sotlhe go fitlhelela ba tsena mo Pafosa kwa ba neng ba kopana teng le moloi wa Mojuta, moporofiti wa tsietso yo o neng a bidiwa Barajesu. O ne a ikgolagantse le molaodi Seregio Paulo, yo e neng e le motho yo o tlhaloganyang thata. Molaodi a laletsa Barenabase le Saulo go mo etela, gonne o ne a batla go utlwa molaetsa wa bone o o neng o tswa kwa Modimong.
7 который находился с проконсулом Сергием Павлом, мужем разумным. Сей, призвав Варнаву и Савла, пожелал услышать слово Божие.
8 А Елима волхв ибо то значит имя его противился им, стараясь отвратить проконсула от веры.
Mme Elemase (leina la gagwe ka Segerika), wa moloi a leka go faposa le go tlhotlheletsa gore molaodi a seka a reetsa se Saulo le Barenabase ba neng ba se bua, a leka go mo dira gore a seka a ikanya Morena.
9 Но Савл, он же и Павел, исполнившись Духа Святаго и устремив на него взор,
Mme Saulo ka a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba moloi ka bogale mme a re,
10 сказал: о, исполненный всякого коварства и всякого злодейства, сын диавола, враг всякой правды! перестанешь ли ты совращать с прямых путей Господних?
“Morwa diabolo ke wena, o tletse mofuta mongwe le mongwe wa go tsietsa le bolotsana, mmaba wa sengwe le sengwe se se siameng, a ga o kitla o khutlisa go ganetsa Morena?
11 И ныне вот, рука Господня на тебя: ты будешь слеп и не увидишь солнца до времени. И вдруг напал на него мрак и тьма, и он, обращаясь туда и сюда, искал вожатого.
Mme Modimo gompieno o beile seatla sa one sa kwatlhao mo go wena, mme o tlaa foufala ka lobakanyana.” Ka bonako ga nna mouwane le lefifi mo go ene, mme a simolola go tsamaya a kopa mongwe gore a mo tshware ka letsogo a mo goge.
12 Тогда проконсул, увидев происшедшее, уверовал, дивясь учению Господню.
Mme erile molaodi a bona se se diragetseng a dumela mme a hakgamalela nonofo ya molaetsa wa Modimo.
13 Отплыв из Пафа, Павел и бывшие при нем прибыли в Пергию, в Памфилии. Но Иоанн, отделившись от них, возвратился в Иерусалим.
Mme Paulo le ba o neng a na nabo ba tloga mo Pafosa ka sekepe ba ya Perega, wa Pamfilia. Mme Johane a ba ngwegela a boela Jerusalema.
14 Они же, проходя от Пергии, прибыли в Антиохию Писидийскую и, войдя в синагогу в день субботний, сели.
Mme Barenabase le Paulo ba ne ba ya Antioka, motse o o neng o le mo kgaolong ya Pisidia. Ka letsatsi la Sabata ba ne ba tsena mo tlung ya thuto go tshwara tirelo-Modimo.
15 После чтения закона и пророков начальники синагоги послали сказать им: мужи братия! если у вас есть слово наставления к народу, говорите.
Mme morago ga go balwa mo go tlwaelesegileng ga Dikwalo tsa ga Moshe le tsa Baporofiti, bagolwane ba ntlo ya thuto ba ba romelela molaetsa o: “Bakaulengwe, fa lo na le lefoko la tao mo go rona, tlang lo le bue!”
16 Павел, встав и дав знак рукою, сказал: мужи Израильтяне и боящиеся Бога! послушайте.
Mme Paulo a ema, a dumedisa mme a simolola a re, “Bana ba Iseraele, le botlhe ba ba fano ba ba tlotlang Modimo, [mmang ke simolole se ke se buang ka go lo bolelela ditso di se kae].
17 Бог народа сего избрал отцов наших, и возвысил сей народ во время пребывания в земле Египетской, и мышцею вознесенною вывел их из нее,
“Modimo wa chaba e, ya Iseraele o tlhophile bo rraa-ronamogolwagolwane mme wa ba tlotla mo Egepeto ka go ba ntsha ka kgalalelo mo botlhankeng jwa bone.
18 и около сорока лет времени питал их в пустыне.
“Mme wa ba tlhokomela mo go tsamayeng ga bone mo sekakeng ka dingwaga di le masome mane.
19 И, истребив семь народов в земле Ханаанской, разделил им в наследие землю их.
Mme wa senya dichaba di supa mo Kanana, mme wa neela Iseraele lefatshe la bone e le boswa. Baatlhodi ba busitse ka lobaka lo e neng e ka nna dingwaga di le makgolo a mane le masome a matlhano, mme ba ne ba salwa morago ke Samuele wa moporofiti.
20 И после сего, около четырехсот пятидесяти лет, давал им судей до пророка Самуила.
21 Потом просили они царя, и Бог дал им Саула, сына Кисова, мужа из колена Вениаминова. Так прошло лет сорок.
“Mme batho ba kopa gore ba nne le kgosi, mme Modimo wa ba neela Saulo (morwa Kishe), monna wa lotso lwa ga Benjamine, yo o neng a busa ka dingwaga di le masome a mane.
22 Отринув его, поставил им царем Давида, о котором и сказал, свидетельствуя: нашел Я мужа по сердцу Моему, Давида, сына Иессеева, который исполнит все хотения Мои.
“Mme le fa go ntse jalo, Modimo wa mo tlosa wa tlhoma Dafide go nna kgosi mo maemong a gagwe, monna yo Modimo o neng wa re ka ga gagwe, ‘Dafide (morwa Jese) monna yo pelo yame e mo itumelelang thata, yo o tlaa dirang go rata ga me gotlhe.’
23 Из его-то потомства Бог по обетованию воздвиг Израилю Спасителя Иисуса.
Go tswa mo losikeng lwa monna yo, Modimo o ne wa tlisetsa Iseraele Mmoloki, ebong Jesu, fela jaaka o solofeditse.
24 Перед самым явлением Его Иоанн проповедывал крещение покаяния всему народу Израильскому.
Mme pele ga a goroga, Johane wa Mokolobetsi o ne a rera botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo Iseraele a sokologe mo dibeng le go boela mo Modimong.
25 При окончании же поприща своего Иоанн говорил: за кого почитаете вы меня? я не тот; но вот, идет за мною, у Которого я недостоин развязать обувь на ногах.
Mme erile fa Johane a fetsa tiro ya gagwe a botsa a re, ‘A lo akanya gore ke Mesia? Nnyaa! Ene o e tla ka bonako, mme mo go ene ga ke sepe!’
26 Мужи братия, дети рода Авраамова и боящиеся Бога между вами! вам послано слово спасения сего.
“Bakaulengwe, lona bomorwa Aberahame, le lona lotlhe Badichaba ba lo tlotlang Modimo, poloko e ke ya rona rotlhe!
27 Ибо жители Иерусалима и начальники их, не узнав Его и осудив, исполнили слова пророческие, читаемые каждую субботу,
Bajuta mo Jerusalema le baeteledipele ba bone ba diragaditse seporofeso ka go bolaya Jesu, gonne ba ne ba sa mo lemoge, kgotsa ba sa itse gore ke ene yo baporofiti ba neng ba kwadile ka ga gagwe, le fa ba ne ba utlwa mafoko a baporofiti a balwa Sabata mongwe le mongwe.
28 и, не найдя в Нем никакой вины, достойной смерти, просили Пилата убить Его.
Mme ba ne ba tlhoka mabaka a a utlwalang go mmolaya, mme ba kopa Pilatwe gore a ba letle gore ba bolaye Jesu.
29 Когда же исполнили все написанное о Нем, то, сняв с древа, положили Его во гроб.
Mme erile ba sena go diragatsa seporofeso sotlhe ka ga loso lwa gagwe, o ne a pagololwa mo sefapanong mme a tsenngwa mo lebitleng.
30 Но Бог воскресил Его из мертвых.
“Mme Modimo wa mo tsosa gape! mo losong.
31 Он впродолжение многих дней являлся тем, которые вышли с Ним из Галилеи в Иерусалим и которые ныне суть свидетели Его перед народом.
Mme o ne a bonwa gantsi mo malatsing a makhutshwane a a latelang ke banna ba ba neng ba na nae go tswa Galalea go ya Jerusalema, banna ba ba neng ba sa bolo go nna ba bolela ka gale mo phatlalatseng.
32 И мы благовествуем вам, что обетование, данное отцам, Бог исполнил нам, детям их, воскресив Иисуса,
“Mme jaanong Barenabase le nna re fano go lo tlisetsa Mafoko a a Molemo a, gore tsholofetso ya Modimo mo go borraetsho-mogolo e diragaditswe mo dinakong tsa rona, ka go tsosa Jesu mo losong gape. Se ke sone se Pesalema ya bobedi e buang kaga sone fa e bua kaga Jesu e re, ‘Gompieno ke go tlotlile jaaka Morwaake.’
33 как и во втором псалме написано: Ты Сын Мой; Я ныне родил Тебя.
34 А что воскресил Его из мертвых, так что Он уже не обратится в тление, о сем сказал так: Я дам вам милости, обещанные Давиду, верно.
“Gonne Modimo o ne o solofeditse go mo rudisa gape, a se kitla a tlhola a a swa gape. Mo go kwadilwe mo lokwalong lo lo reng, ‘Ke tlaa lo direla dilo tse di hakgamatsang tse ke di solofeditseng Dafide.’
35 Посему и в другом месте говорит: не дашь Святому Твоему увидеть тление.
“Mo Pesalemeng e nngwe o tlhalositse thata a re, ‘Modimo ga o kitla o letla gore yo o Boitshepo wa one a bole.’
36 Давид, в свое время послужив изволению Божию, почил, и приложился к отцам своим, и увидел тление;
Mo go ne go sa reye Dafide, gonne erile Dafide a sena go direla dikokomana tsa gagwe ka fa go rateng ga Modimo, o ne a swa mme a fitlhwa, mme mmele wa gagwe wa bola.
37 а Тот, Которого Бог воскресил, не увидел тления.
[Nnyaa, go ne go raya yo mongwe], mongwe yo Modimo o mo rudisitseng, yo mmele wa gagwe o iseng o ke o tshwarwe ke tshenyego ya loso.
38 Итак, да будет известно вам, мужи братия, что ради Него возвещается вам прощение грехов;
“Bakaulengwe! Reetsang! Mo monneng yo ebong Jesu, go na le boitshwarelo jwa dibe tsa lona!
39 и во всем, в чем вы не могли оправдаться законом Моисеевым, оправдывается Им всякий верующий.
Mme mongwe le mongwe yo o mo ikanyang o golotswe mo melatong yotlhe le gone o siame, sengwe se molao wa Sejuta o neng o sa kake wa se dira.
40 Берегитесь же, чтобы не пришло на вас сказанное у пророков:
Mme jaanong itlhokomeleng! Se direng gore mafoko a baporofiti a reye lona. Gonne ba re,
41 смотрите, презрители, подивитесь и исчезните; ибо Я делаю делово дни ваши, дело, которому не поверили бы вы, если бы кто рассказывал вам.
‘Lebang mme lo nyelele, lona banyatsi ba boammaaruri, gonne ke dira sengwe mo lobakeng lwa lona, sengwe se lo se ka keng lwa se dumela fa lo utlwa se bolelwa.’”
42 При выходе их из Иудейской синагоги язычники просили их говорить о том же в следующую субботу.
Mme erile batho ba tswa mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, ba kopa Paulo go boa a ya go bua le bone beke e e latelang.
43 Когда же собрание было распущено, то многие Иудеи и чтители Бога, обращенные из язычников, последовали за Павлом и Варнавою, которые, беседуя с ними, убеждали их пребывать в благодати Божией.
Mme Bajuta ba le bantsi le Badichaba ba badumedi ba ba neng ba rapela kwa tlung ya thuto ba sala Paulo le Barenabase morago mo mmileng mme bone ba ba tlhotlheletsa go amogela kutlwelobotlhoko e Modimo o e ba nayang.
44 В следующую субботу почти весь город собрался слушать слово Божие.
Beke e e latelang motse otlhe wa batla go tla go ba utlwa ba rera Lefoko la Modimo.
45 Но Иудеи, увидев народ, исполнились зависти и, противореча и злословя, сопротивлялись тому, что говорил Павел.
Mme erile fa Bajuta ba baeteledipele ba bona bontsintsi jwa batho ba tlala lefufa, mme ba hutsa ba bo ba ganetsa se Paulo o neng a se bua.
46 Тогда Павел и Варнава с дерзновением сказали: вам первым надлежало быть проповедану слову Божию, но как вы отвергаете его и сами себя делаете недостойными вечной жизни, то вот, мы обращаемся к язычникам. (aiōnios g166)
Mme Paulo le Barenabase ba ne ba bua ka bopelokgale ba re, “Go ne go tlhokega gore Mafoko a a Molemo a a tswang kwa Modimong a tshwanetse go neelwa lona Bajuta pele. Mme ka gobo lo a ganne, lwa ba lwa itshupa fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, go siame re tlaa bo neela Badichaba. (aiōnios g166)
47 Ибо так заповедал нам Господь: Я положил Тебя во свет язычникам, чтобы Ты был во спасение до края земли.
Gonne se ke se Morena o se laotseng fa a re, Ke lo dirile lesedi mo go badichaba, go ba goga mo khutlong tse di kgakala tsa lefatshe go ba tlisa mo polokong ya me.”
48 Язычники, слыша это, радовались и прославляли слово Господне, и уверовали все, которые были предуставлены к вечной жизни. (aiōnios g166)
Mme erile Badichaba ba utlwa se, ba itumela thata mme ba ipelela molaetsa wa ga Paulo; ba le bantsi ba ba neng ba batla botshelo jo bo sa khutleng, ba dumela. (aiōnios g166)
49 И слово Господне распространялось по всей стране.
Mme molaetsa wa Modimo wa gasama mo kgaolong eo yotlhe.
50 Но Иудеи, подстрекнув набожных и почетных женщин и первых в городе людей, воздвигли гонение на Павла и Варнаву и изгнали их из своих пределов.
Mme baeteledipele ba Sejuta ba feretlha badumedi ba basadi ba ba boifang Modimo ga mmogo le baeteledipele ba motse mme ba tlhotlheletsa boidiidi jwa batho go nna kgatlhanong le Paulo le Barenabase, mme ba ba kobela kwa ntle ga motse.
51 Они же, отрясши на них прах от ног своих, пошли в Иконию.
Mme ba ne ba itlhotlhora lorole mo dinaong tsa bone go supa go nna kgatlhanong le motse o, mme ba ya kwa motseng wa Ikonio.
52 А ученики исполнялись радости и Духа Святаго.
Mme ba ba ba sokolotseng ba tlala boitumelo le Mowa O O Boitshepo.

< Деяния 13 >