< 2-e Петра 3 >

1 Это уже второе послание пишу к вам, возлюбленные; в них напоминанием возбуждаю ваш чистый смысл,
Lo ke lokwalo lwa me lwa bobedi, bakaulengwe ba ba rategang, mme mo go tsone tsoopedi ke lekile go lo gakolola, fa lo ntetla kaga boammaaruri jo lo setseng lo bo itse:
2 чтобы вы помнили слова, прежде реченные святыми пророками, и заповедь Господа и Спасителя, преданную Апостолами вашими.
boammaaruri jo lo bo ithutileng mo baporofiting ba ba boitshepo le mo go rona Baaposetoloi ba re lo tliseditseng mafoko a Morena le Mmoloki wa rona.
3 Прежде всего знайте, что в последние дни явятся наглые ругатели, поступающие по собственным своим похотям
Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri.
4 и говорящие: где обетование пришествия Его? Ибо с тех пор, как стали умирать отцы, от начала творения, все остается так же.
Se e tlaa nna tsela ya bone ya kganetsanyo: “Kana Keresete o solofeditse go tla gape, a mme o tsile? Jaanong o kae? Ga a kitla a tla! Ka ntlha ya eng, fela jaaka mongwe le mongwe a ka gakologelwa, sengwe le sengwe se ntse fela jaaka mo letsatsing la ntlha la lobopo.”
5 Думающие так не знают, что вначале словом Божиим небеса и земля составлены из воды и водою:
Ba itebatsa ka bomo boammaaruri jo: Gore Modimo o ne wa senya lefatshe ka morwalela o o boitshegang bogologolo o sena go dira magodimo ka lefoko la taolo ya One, mme wa dirisa metse go dira lefatshe le go le dikaganyetsa.
6 потому тогдашний мир погиб, быв потоплен водою.
7 А нынешние небеса и земля, содержимые тем же Словом, сберегаются огню на день суда и погибели нечестивых человеков.
Mme Modimo o ne wa laola lefatshe le magodimo go bolokelwa molelo ka letsatsi la katlholo, fa botlhe ba ba senang boModimo ba tlaa nyelediwa.
8 Одно то не должно быть сокрыто от вас, возлюбленные, что у Господа один день, как тысяча лет, и тысяча лет, как один день.
Mme se lebaleng se, ditsala tse di rategang, gore letsatsi kgotsa dingwaga tse di sekete go simologa gompieno mo Moreneng di tshwana fela le ka moso.
9 Не медлит Господь исполнением обетования, как некоторые почитают то медлением; но долготерпит нас, не желая, чтобы кто погиб, но чтобы все пришли к покаянию.
Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya.
10 Придет же день Господень, как тать ночью, и тогда небеса с шумом прейдут, стихии же, разгоревшись, разрушатся, земля и все дела на ней сгорят.
Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo.
11 Если так все это разрушится, то какими должно быть в святой жизни и благочестии вам,
Mme jalo ere ka sengwe le sengwe se se re dikaganyeditseng se tlaa nyerologa, re tshwanetse ra bo re tshela botshelo jo bo boitshepo jo bo nang le boModimo jo bo ntseng jang? Re tlaa tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo boitshepo jwa Bo-Modimo.
12 ожидающим и желающим пришествия дня Божия, в который воспламененные небеса разрушатся и разгоревшиеся стихии растают?
Lo tshwanetse go lebelela letsatsi leo lwa ba lwa le ipaakanyetsa, letsatsi le Modimo o tlaa tshubang magodimo ka molelo, mme mebele ya selegodimo e tlaa nyerologa e nyelela mo dikgabong.
13 Впрочем, мы, по обетованию Его, ожидаем нового неба и новой земли, на которых обитает правда.
Mme re lebeletse tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha morago ga lobaka, kwa go tlaa bong go le tshiamo fela.
14 Итак, возлюбленные, ожидая сего, потщитесь явиться пред Ним неоскверненными и непорочными в мире;
Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang.
15 и долготерпение Господа нашего почитайте спасением, как и возлюбленный брат наш Павел, по данной ему премудрости, написал вам,
Mme gakologelwang gore ke eng fa a diegile go tla. O re naya nako ya gore re tseye molaetsa wa gagwe wa poloko re o ise kwa go ba bangwe.
16 как он говорит об этом и во всех посланиях, в которых есть нечто неудобовразумительное, что невежды и неутвержденные, к собственной своей погибели, превращают, как и прочие Писания.
Mokaulengwe yo o botlhale yo o rategang Paulo o buile ka dilo tse mo dikwalong tse dintsi tsa gagwe. Dikakgelo dingwe tsa gagwe ga di motlhofo go tlhaloganngwa, mme go na le batho ba ba dieleele ka bomo, ba ba agang ba batla dithanolo, ditlhaloso tse di sa tlwaelesegang, ba pitikolotse dikwalo tsa gagwe gore di reye sengwe se se pharologanyo thata le se a neng a se raya, fela jaaka ba dira mo dintlheng tse dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo mme phelelo ya bone ke tshenyego.
17 так вы, возлюбленные, будучи предварены о сем, берегитесь, чтобы вам не увлечься заблуждением беззаконников и не отпасть от своего утверждения,
Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo.
18 но возрастайте в благодати и познании Господа нашего и Спасителя Иисуса Христа. Ему слава и ныне и в день вечный. Аминь. (aiōn g165)
Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle. Ke nna, Petere. (aiōn g165)

< 2-e Петра 3 >

The World is Destroyed by Water
The World is Destroyed by Water