< 2-е Коринфянам 4 >

1 Посему, имея по милости Божией такое служение, мы не унываем;
Ke Modimo ka bo one, mo kutlwelong botlhoko ya one, yo o re neileng tiro e e hakgamatsang e, (ya go bolelela ba bangwe Mafoko a one a a Molemo), mme jalo ga re kake ra lesa.
2 но, отвергнув скрытные постыдные дела, не прибегая к хитрости и не искажая слова Божия, а открывая истину, представляем себя совести всякого человека пред Богом.
Ga re leke go gogela batho ka boferefere mo go dumeleng, ga re na kgatlhego mo go tsietseng ope. Ga re ke re leka go gapa ope go dumela gore Baebele e ruta se e sa se ruteng. Ditsela tsotlhe tseo tsa matlhabisa ditlhong re di baketse. Re ema fa pele ga Modimo jaaka re bua mme jalo re bolele boammaaruri, jaaka botlhe ba re itseng ba tlaa dumela.
3 Если же и закрыто благовествование наше, то закрыто для погибающих,
Fa Mafoko a a Molemo a re a rerang a siregetse bangwe, a siregetse yo o tsamayang mo tseleng e e isang losong lo lo sa khutleng.
4 для неверующих, у которых бог века сего ослепил умы, чтобы для них не воссиял свет благовествования о славе Христа, Который есть образ Бога невидимого. (aiōn g165)
Satane, yo o leng modimo wa lefatshe le le bosula le, o mo foufaditse, ga a kgone go bona kgalalelo ya lesedi la Efangele e e phatsimang mo go ene, kgotsa go tlhaloganya molaetsa o o hakgamatsang o re o rerang kaga kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng Modimo. (aiōn g165)
5 Ибо мы не себя проповедуем, но Христа Иисуса, Господа; а мы - рабы ваши для Иисуса,
Ga re tsamaye re rera kaga rona, mme fa e se ka ga Keresete Jesu jaaka Morena. Gotlhe mo re go buang ka ga rona ke gore re batlhanka ba lona ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.
6 потому что Бог, повелевший из тьмы воссиять свету, озарил наши сердца, дабы просветить нас познанием славы Божией в лице Иисуса Христа.
Gonne Modimo, o o rileng, “A go nne lesedi mo lefifing”, o dirile gore re tlhaloganye gore ke phatshimo ya kgalalelo ya one e e bonalang mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
7 Но сокровище сие мы носим в глиняных сосудах, чтобы преизбыточная сила была приписываема Богу, а не нам.
Mme khumo e ya botlhokwa, lesedi le, le nonofo e jaanong e phatshimang mo go rona, e tshotswe ka setsholo se se nyelelang, se e leng mebele ya rona e e bokoa. Mongwe le mongwe o ka bona gore nonofo ya kgalalelo e e mo go rona e tshwanetse ya bo e tswa kwa Modimong mme ga se ya rona.
8 Мы отовсюду притесняемы, но не стеснены; мы в отчаянных обстоятельствах, но не отчаиваемся;
Re pitlagantswe mo ntlheng tsotlhe ke ma-tshwenyego, mme ga go re dire sepe. Re akabetse ka gore ga re itse gore ke eng fa dilo di direga jaana, mme ga re kgobege marapo re tlogele.
9 мы гонимы, но не оставлены; низлагаемы, но не погибаем.
Re a tsongwa, mme Modimo ga o re latlhe. Re digelwa fa fatshe, mme re tsoge re tswelele pele.
10 Всегда носим в теле мертвость Господа Иисуса, чтобы и жизнь Иисусова открылась в теле нашем.
Mebele e ya rona ka metlha yotlhe e lebaganye le loso fela jaaka wa ga Jesu Keresete o dirile; jalo go bonala sentle mo go botlhe gore ke Keresete yo o tshelang mo go rona (yo o re babalelang).
11 Ибо мы живые непрестанно предаемся на смерть ради Иисуса, чтобы и жизнь Иисусова открылась в смертной плоти нашей,
Ee, re tshelela mo kotsing ka metlha yotlhe mo matshelong a rona ka ntlha ya go direla Morena, mme se se re naya nako ka metlha go supela pele nonofo ya ga Jesu Keresete mo mebeleng ya rona e e swang.
12 так что смерть действует в нас, а жизнь в вас.
Ka ntlha ya go rera ga rona, re lebagane le loso, mme go feletse ele botshelo jwa lona jo bosakhutleng.
13 Но, имея тот же дух веры, как написано: я веровал и потому говорил, и мы веруем, потому и говорим,
Re bua ka bopelokgale ka se re se dumelang (re tshepa Modimo go re tlhokomela), fela jaaka mokwadi wa Pesalema a ne a bua a re, “Ke a dumela ebile jalo ke a bua.”
14 зная, что Воскресивший Господа Иисуса воскресит через Иисуса и нас и поставит перед Собою с вами.
Re a itse gore Modimo o o tsositseng Morena Jesu mo losong, le rona o tlaa re busetsa gape mo botshelong le Jesu, o bo o re baya fa pele ga one le lona.
15 Ибо все для вас, дабы обилие благодати тем большую во многих произвело благодарность во славу Божию.
Dipogiso tse tsa rona ke poelo mo go lona. Mme fa lo ntse lo ntsifala ka go gapelwa mo Moreneng, lo tlaa mo leboga ka bontsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya gagwe e kgolo, le Morena o tlaa galalediwa thata.
16 Посему мы не унываем; но если внешний наш человек и тлеет, то внутренний со дня на день обновляется.
Ke gone ka moo re sa kgobegeng marapo. Le fa mebele ya rona e e swa, go nonofa ga rona kafa teng mo Moreneng, go gola letsatsi le letsatsi.
17 Ибо кратковременное легкое страдание наше производит в безмерном преизбытке вечную славу, (aiōnios g166)
Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha! (aiōnios g166)
18 когда мы смотрим не на видимое, но на невидимое: ибо видимое временно, а невидимое вечно. (aiōnios g166)
Jalo ga re lebe se re ka se bonang jaanong jaana, matshwenyego a re dikanyeditse, mme re lebeletse pele boitumelo mo legodimong jo re iseng re ke re bo bone. Matshwenyego a tloga a fela, mme boitumelo jo bo tlang bo tlaa nnela ruri. (aiōnios g166)

< 2-е Коринфянам 4 >