< Philippenses 1 >

1 Paulus et Timotheus servi Iesu Christi omnibus sanctis in Christo Iesu qui sunt Philippis cum episcopis et diaconis
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.
2 gratia vobis et pax a Deo Patre nostro et Domino Iesu Christo
A Modimo o lo segofatse lotlhe. Ee, ke rapela gore Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a neye mongwe le mongwe wa lona masego a magolo a gagwe, le kagiso ya gagwe mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona.
3 gratias ago Deo meo in omni memoria vestri
Go lo rapelela ga me gotlhe go tletse go baka Modimo!
4 semper in cunctis orationibus meis pro omnibus vobis cum gaudio deprecationem faciens
Fa ke lo rapelela, pelo ya me e tlala boitumelo,
5 super communicatione vestra in evangelio a prima die usque nunc
Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno.
6 confidens hoc ipsum quia qui coepit in vobis opus bonum perficiet usque in diem Christi Iesu
Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.
7 sicut est mihi iustum hoc sentire pro omnibus vobis eo quod habeam in corde vos et in vinculis meis et in defensione et confirmatione evangelii socios gaudii mei omnes vos esse
Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.
8 testis enim mihi est Deus quomodo cupiam omnes vos in visceribus Christi Iesu
Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete.
9 et hoc oro ut caritas vestra magis ac magis abundet in scientia et omni sensu
Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.
10 ut probetis potiora ut sitis sinceres et sine offensa in diem Christi
Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.
11 repleti fructu iustitiae per Christum Iesum in gloriam et laudem Dei
Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.
12 scire autem vos volo fratres quia quae circa me sunt magis ad profectum venerunt evangelii
Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete.
13 ita ut vincula mea manifesta fierent in Christo in omni praetorio et in ceteris omnibus
Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete.
14 et plures e fratribus in Domino confidentes vinculis meis abundantius audere sine timore verbum Dei loqui
Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.
15 quidam quidem et propter invidiam et contentionem quidam autem et propter bonam voluntatem Christum praedicant
Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa,
16 quidam ex caritate scientes quoniam in defensionem evangelii positus sum
ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!
17 quidam autem ex contentione Christum adnuntiant non sincere existimantes pressuram se suscitare vinculis meis
18 quid enim dum omni modo sive per occasionem sive per veritatem Christus adnuntiatur et in hoc gaudeo sed et gaudebo
Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela.
19 scio enim quia hoc mihi proveniet in salutem per vestram orationem et subministrationem Spiritus Iesu Christi
Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me.
20 secundum expectationem et spem meam quia in nullo confundar sed in omni fiducia sicut semper et nunc magnificabitur Christus in corpore meo sive per vitam sive per mortem
Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso.
21 mihi enim vivere Christus est et mori lucrum
Gonne mo go nna, go tshela go raya dipako tsa ga Keresete, mme go swa, go siame bogolo!
22 quod si vivere in carne hic mihi fructus operis est et quid eligam ignoro
Mme fa go tshela go ka nnaya lobaka lo lo ntsi go gapela batho mo go Keresete, foo, tota ga ke itse gore go botoka eng, go tshela kgotsa go swa!
23 coartor autem e duobus desiderium habens dissolvi et cum Christo esse multo magis melius
Ka dinako tse dingwe ke batla go tshela mme ka dinako tse dingwe ga ke batle, gonne ke tlhwaafalela go ya go nna le Keresete. Go ka nna boitumelo jang mo go nna go na le go nna kwano!
24 permanere autem in carne magis necessarium est propter vos
Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna!
25 et hoc confidens scio quia manebo et permanebo omnibus vobis ad profectum vestrum et gaudium fidei
Ee, ke santse ke tlhokega mo lefatsheng leno, mme jalo ke ikutlwa ke tlhomamisa gore ke tlaa nama ke le mo lefatsheng go se kae, go lo thusa go gola lo bo lo itumela mo tumelong ya lona.
26 ut gratulatio vestra abundet in Christo Iesu in me per meum adventum iterum ad vos
Go nna kwano ga me go tlaa lo itumedisa go ba go lo naya mabaka a go galaletsa Keresete Jesu ka go mpabalela, fa ke lo etela gape.
27 tantum digne evangelio Christi conversamini ut sive cum venero et videro vos sive absens audiam de vobis quia stetistis uno spiritu unianimes conlaborantes fide evangelii
Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,
28 et in nullo terreamini ab adversariis quae est illis causa perditionis vobis autem salutis et hoc a Deo
lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.
29 quia vobis donatum est pro Christo non solum ut in eum credatis sed ut etiam pro illo patiamini
Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela.
30 eundem certamen habentes qualem et vidistis in me et nunc audistis de me
Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.

< Philippenses 1 >