< Marcum 12 >

1 Et coepit illis in parabolis loqui: Vineam pastinavit homo, et circumdedit sepem, et fodit lacum, et aedificavit turrim, et locavit eam agricolis, et peregre profectus est.
Tse ke ditshwantsho dingwe tsa dipolelo tse Jesu o kileng a di bolelela batho ka nako eo. Monna o kile a jala tshimo, mme a e agelela ka logora a ba a epa lehuti la go gamolela matute a moretlwa, a aga ntlo ya molebeledi. Hong a naya balemi tshimo go e thapa ka tuelo, mme a ya kwa lefatshing le le kgakala.
2 Et misit ad agricolas in tempore servum ut ab agricolis acciperet de fructu vineae.
Ka motlha wa thobo a romela mongwe wa badiri ba gagwe go tla go tsaya seabe sa gagwe sa thobo.
3 Qui apprehensum eum ceciderunt, et dimiserunt vacuum.
Mme balemi ba itaya morongwa ba mmusetsa morago a sa tsaya sepe.
4 Et iterum misit ad illos alium servum: et illum in capite vulneraverunt, et contumeliis affecerunt.
Mme mong wa tshimo a romela mongwe gape wa badiri ba gagwe, yo le ene o neng a itewa fela jalo, ba mo itaya go gaisa wa pele, gonne o ne a ntshitswe dintho tse di boitshegang mo tlhogong.
5 Et rursum alium misit, et illum occiderunt: et plures alios: quosdam caedentes, alios vero occidentes.
Monna yo mongwe yo o neng a mo romile o ne a bolawa; mme morago, ba bangwe ba ne ba itewa kgotsa ba bolawa,
6 Adhuc ergo unum habens filium charissimum: et illum misit ad eos novissimum, dicens: Quia reverebuntur filium meum.
go fitlhela go sala a le mongwe fela, ebong morwawe yo o tsetsweng a le esi. La bofelo a romela ene, a gopola gore ba tlaa mo tlotla.
7 Coloni autem dixerunt ad invicem: Hic est heres: venite, occidamus eum: et nostra erit hereditas.
“Mme e rile fa balemi ba mmona a tla ba re, ‘Ke ene yo o tlaa tsayang tshimo fa rraagwe a a swa. Tlang re mmolayeng. Hong tshimo e tlaa nna ya rona!’
8 Et apprehendentes eum, occiderunt: et eiecerunt extra vineam.
Hong ba mo tshwara ba mmolaya ba latlhela setopo sa gagwe kwa ntle ga tshimo.
9 Quid ergo faciet Dominus vineae? Veniet, et perdet colonos: et dabit vineam aliis.
“O akanya gore mong wa tshimo o tlaa dirang fa a utlwa ka se se diragetseng? O tlaa tla a ba bolaya botlhe, mme a neela ba bangwe tshimo eo.
10 Nec scripturam hanc legistis: Lapidem, quem reprobaverunt aedificantes, hic factus est in caput anguli:
A ga lo ga kologelwe gore lo badile temana mo dikwalong? e e reng, ‘Lentswe le baagi ba neng ba le latlha le ne la nna lentswe la kgokgotsho, lentswe le le tlotlegang thata mo kagong!
11 A Domino factum est istud, et est mirabile in oculis nostris?
Se ke tiro ya Modimo e bile ke selo se se gakgamatsang go bonwa.’”
12 Et quaerebant eum tenere: et timuerunt turbam. cognoverunt enim quoniam ad eos parabolam hanc dixerit. Et relicto eo abierunt.
Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba batla go mo tshwara teng foo, ka ntlha ya go dirisa setshwantsho se, gonne ba ne ba itse gore o raya bone, e ne e le balemi ba ba bosula mo polelong ya gagwe.
13 Et mittunt ad eum quosdam ex Pharisaeis, et Herodianis, ut eum caperent in verbo.
Mme ba romela bangwe ba baeteledipele ba tumelo le ba dipolotiki go bua le ene le go leka go mo lalela gore a tle a bue sengwe se ba ka lekang go mo tshwara ka sone.
14 Qui venientes dicunt ei: Magister, scimus quia verax es, et non curas quemquam: nec enim vides in faciem hominum, sed in veritate viam Dei doces. licet dare tributum Caesari, an non dabimus?
Mme ditlhola tse tsa re, “Moruti, re itse gore o bolela boammaaruri le fa go ntse jang! Ga o tlhotlhelediwe ke dikakanyo le dikeletso tsa batho, mme o ruta ditsela tsa Modimo sentle. Jaanong re bole lele, a go siame go duela lekgetho la Roma, kgotsa nnyaa?”
15 Qui sciens versutiam illorum, ait illos: Quid me tentatis? afferte mihi denarium ut videam.
Jesu a bona leano la bone mme a re, “Ntshupegetsang ledi mme ke tlaa lo bolelela.”
16 At illi attulerunt ei. Et ait illis: Cuius est imago haec, et inscriptio? Dicunt ei: Caesaris.
E rile fa ba le mo naya a re, “Setshwantsho se le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re, “Ke tsa ga Kaesara.”
17 Respondens autem Iesus dixit illis: Reddite igitur quae sunt Caesaris, Caesari: et quae sunt Dei, Deo. Et mirabantur super eo.
Mme Jesu a ba raya a re, “Go siame, fa e le gore ke tsa gagwe, mo neyeng ditsa gagwe. Mme tse eleng tsa Modimo di tshwanetse go newa Modimo!” Mme ba simolola go ingwaya ditlhogo ka ntlha ya go palelwa ke karabo ya gagwe.
18 Et venerunt ad eum Sadducaei, qui dicunt resurrectionem non esse: et interrogabant eum dicentes:
Hong Basadukai ba tla kwa go ene, e le setlhopha sengwe sa banna se se reng ga go na tsogo ya baswi. Potso ya bone ke e:
19 Magister, Moyses nobis scripsit, ut si cuius frater mortuus fuerit, et dimiserit uxorem, et filios non reliquerit, accipiat frater eius uxorem ipsius, et resuscitet semen fratri suo.
“Moruti, Moshe o re neile molao gore fa motho a a swa a sena bana, a monnawe a tseye mosadi wa gagwe mme a nne le bana le ene mo leineng la ga mogolowe.
20 Septem ergo fratres erant: et primus accepit uxorem, et mortuus est non relicto semine.
Go kile ga bo go le bomorwa motho ba supa mme yo mo tona a nyala, a swa a sena bana. Jalo monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene a akofa a swa a sena bana. Mme yo mongwe a mo nyala le ene a swa a sena bana ga tswelela jalo go fitlhelela ba a swa botlhe. Mme le gona go ne go sena bana; morago ga moo mosadi le ene a swa.
21 Et secundus accepit eam, et mortuus est: et nec iste reliquit semen. Et tertius similiter.
22 Et acceperunt eam similiter septem: et non reliquerunt semen. Novissima omnium defuncta est et mulier.
23 In resurrectione ergo cum resurrexerint, cuius de his erit uxor? septem enim habuerunt eam uxorem.
“Se re batlang go se itse ke se—Mo tsogong ya baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang gonne e ne e le mosadi wa bone botlhe?”
24 Et respondens Iesus, ait illis: Nonne ideo erratis, non scientes Scripturas, neque virtutem Dei?
Jesu a araba a re, “Molato wa lona ke gore ga lo itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo.
25 Cum enim a mortuis resurrexerint, neque nubent, neque nubentur, sed erunt sicut angeli Dei in caelis.
Gonne e tlaa re fa batho ba ba supang ba, le mosadi ba tsoga mo baswing, ba tlaa bo ba sa nyala mme ba tlaa bo ba tshwana le baengele.
26 De mortuis autem quod resurgant, non legistis in libro Moysi, super rubum quomodo dixerit illi Deus, inquiens: Ego sum Deus Abraham, et Deus Isaac, et Deus Iacob?
“Mme kaga tsogo ya baswi a ga lo ise lo ke lo bale mo lokwalong lwa ga Ekesodo ka ga Moshe le setlhare se se tukang? Modimo o ne wa raya Moshe wa re, ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe’.
27 Non est Deus mortuorum, sed vivorum. Vos ergo multum erratis.
“Modimo o ne o bolelela Moshe gore batho ba, le fa ba sule mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng, ba ne ba sa ntse ba tshela, gonne o ka bo o se ka wa re, ‘Ke Modimo wa ba ba seong!’ Lo dirile phoso e tona.”
28 Et accessit unus de Scribis, qui audierat illos conquirentes, et videns quoniam bene illis responderit, interrogavit eum quod esset primum omnium mandatum.
Mme mongwe wa baruti ba tumelo yo o neng a eme foo a reeditse puisanyo ya bone a lemoga gore Jesu o arabile sentle. Hong a botsa a re, “Mo melaong yotlhe, ke ofe wa botlhokwa?”
29 Iesus autem respondit ei: Quia primum omnium mandatum est: Audi Israel, Dominus Deus tuus, Deus unus est:
Jesu a araba a re, “Ke o o reng, ‘Utlwa wena Iseraele! Morena Modimo wa rona ke ene Modimo a le nosi.
30 et diliges Dominum Deum tuum ex tota corde tuo, et ex tota anima tua, et ex tota mente tua, et ex tota virtute tua. Hoc est primum mandatum.
Mme o tshwanetse go mo rata ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa le ka tlhaloganyo le ka thata yotlhe ya gago.’
31 Secundum autem simile est illi: Diliges proximum tuum tamquam teipsum. Maius horum aliud mandatum non est.
“Wa bobedi wa re, ‘O tshwanetse go rata ba bangwe fela jaaka o ithata;’ ga go na melao epe e e fetang e.”
32 Et ait illi Scriba: Bene Magister, in veritate dixisti, quia unus est Deus, et non est alius praeter eum.
Mme Moruti wa tumelo a araba a re, “Morena o buile boammaaruri fa o re go na le Modimo o le mongwe fela mme ga go na ope gape.
33 Et ut diligatur ex toto corde, et ex toto intellectu, et ex tota anima, et ex tota fortitudine: et diligere proximum tamquam seipsum, maius est omnibus holocaustomatibus, et sacrificiis.
Mme ke itse gore go tlhokega thata go mo rata ka pelo yotlhe ya me le ka kitso, le go rata ba bangwe jaaka ke ithata, go na le go ntsha mehuta yotlhe ya ditlhabelo mo aletareng ya Tempele.”
34 Iesus autem videns quod sapienter respondisset, dixit illi: Non es longe a regno Dei. Et nemo iam audebat eum interrogare.
Mme e rile Jesu a lemoga go tlhaloganya ga monna yo a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Mme morago ga moo ga seka ga tlhola ga nna le ope yo o pelokgale go mmotsa dipotso.
35 Et respondens Iesus dicebat, docens in templo: Quomodo dicunt Scribae Christum filium esse David?
Ya re morago Jesu a ntse a ruta batho mo tikologong ya Tempele, a ba botsa potso e: “Ke eng fa baruti ba tumelo ya lona ba re, Mesia o tshwanetse a bo a le wa lotso lwa ga Kgosi Dafide?
36 Ipse enim David dicit in Spiritu sancto: Dixit Dominus Domino meo, Sede a dextris meis, donec ponam inimicos tuos scabellum pedum tuorum.
Dafide ka esi o buile ka Mowa o o Boitshepo a re, ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong ja me je legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’
37 Ipse ergo David dicit eum Dominum, et unde est filius eius? Et multa turba eum libenter audivit.
E re ka Dafide a ne a mmitsa Morena wa gagwe, o ka nna morwawe jang?” (Kakanyo e ya itumedisa bontsintsi jwa batho, mme ba mo reetsa ka kgatlhego e kgolo thata.)
38 Et dicebat eis in doctrina sua: Cavete a Scribis, qui volunt in stolis ambulare, et salutari in foro,
Dilo dingwe tse a di ba rutileng ka nako eo ke tse: “Itlhokomeleng mo baruting ba tumelo! Gonne ba rata go apara diaparo tsa bahumi le tsa barutegi, le gore batho botlhe ba ba ikobele fa ba tsamaya mo marekisetsong.
39 et in primis cathedris sedere in synagogis, et primos discubitus in coenis:
Ba rata go nna mo ditilong tse di kwa pele mo ditempeleng le manno a tlotlo mo medirong,
40 qui devorant domos viduarum sub obtentu prolixae orationis: hi accipient prolixius iudicium.
mme ga ba tlhabiwe ke ditlhong go tsietsa batlholagadi mo matlung a bone, tota ba fitlha gore ke batho ba mekgwa e e ntseng jang, ba dira jaaka o ka re ba obamela Modimo ka go rapela dithapelo tse di telele mo ponong ya batho. Ka ntlha ya go dira jalo katlholo ya bone e tlaa nna e kgolo.”
41 Et sedens Iesus contra gazophylacium, aspiciebat quomodo turba iactaret aes in gazophylacium, et multi divites iactabant multa.
Hong a ya fa letloleng la madi a Tempele a nna fa fatshe a lebelela fa bontsi jwa batho bo ntse bo latlhela madi. Bangwe ba ba neng ba humile ba ne ba latlhela a magolo.
42 Cum venisset autem vidua una pauper, misit duo minuta, quod est quadrans,
Hong ga tla mosadi wa motlholagadi wa mohumanegi a tla a latlhela dithebe di le pedi.
43 et convocans discipulos suos, ait illis: Amen dico vobis, quoniam vidua haec pauper plus omnibus misit, qui miserunt in gazophylacium.
A biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Mohumanegi yole wa motlholagadi o ntshitse mo go golo go feta gotlhe ga bahumi go kopantswe! Gonne bone ba ntshitse mo go botlana, ga dikhumo tsa bone, fa ene a ntshitse thebe ya gagwe ya bofelo.”
44 Omnes enim ex eo, quod abundabat illis, miserunt: haec vero de penuria sua omnia quae habuit misit totum victum suum.

< Marcum 12 >