< Marcum 11 >

1 Et cum appropinquarent Ierosolymae, et Bethaniae ad montem olivarum, mittit duos ex discipulis suis,
Mme erile ba atamela Bethefage le Bethania ntlheng ya Jerusalema ba tla mo thoteng ya Lotlhware, Jesu a romela barutwa ba gagwe ba babedi kwa pele.
2 et ait illis: Ite in castellum, quod contra vos est, et statim introeuntes illuc, invenietis pullum ligatum, super quem nemo adhuc hominum sedit: solvite illum, et adducite.
A ba raya a re, “Yang mo motsing ole, mme e tlaa re fela fa lo tsena lo tlaa bona tonkana e golegilwe e e iseng e ke e palangwe, e gololeng lo e lere kwano.
3 Et si quis vobis dixerit: Quid facitis? dicite, quia Domino necessarius est: et continuo illum dimittet huc.
Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena wa rona o a e batla mme o tlaa e busa ka bonako.’”
4 Et abeuntes invenerunt pullum ligatum ante ianuam foris in bivio: et solvunt eum.
Hong banna ba babedi bao ba tsamaya ba fitlhela tonkana eo?”
5 Et quidam de illic stantibus dicebant illis: Quid facitis solventes pullum?
6 Qui dixerunt eis sicut praeceperat illis Iesus, et dimiserunt eos.
Hong ba bua se Jesu a se ba boleletseng mme batho ba ba letla.
7 Et duxerunt pullum ad Iesum: et imponunt illi vestimenta sua, et sedit super eum.
Hong tonkana ya isiwa kwa go Jesu, barutwa ba baya diaparo mo mokwatleng wa yone gore Jesu a nne mo go tsone.
8 Multi autem vestimenta sua straverunt in via: alii autem frondes caedebant de arboribus, et sternebant in via.
Hong ba le bantsi mo matshutitshuting ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga ga Jesu, fa ba bangwe ba latlhela dikala tsa ditlhare tse ba tswang go di rema kwa nageng.
9 Et qui praeibant, et qui sequebantur clamabant, dicentes: Hosanna: Benedictus, qui venit in nomine Domini:
O ne a le fa gare ga dipopelelo, go na le boidiidi kwa pele le kwa morago, ba goa ba re, “Tshela ka boleele Kgosi! Go sego yoo tlang ka leina la Morena!
10 benedictum quod venit regnum patris nostri David: Hosanna in excelsis.
Go sego bogosi jo o bo lereng, Bogosi jwa ga Dafide rraetsho! Modimo boloka kgosi!”
11 Et introivit Ierosolymam in templum: et circumspectis omnibus, cum iam vespera esset hora, exiit in Bethaniam cum duodecim.
Mme hong a tsena mo Jerusalema a ya mo Tempeleng. Mme ya re a sena go leba dilo tsotlhe, ka kelotlhoko, a tswa a tsamaya, gonne go ne go setse go le maitseboa, a ya Bethania le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.
12 Et alia die cum exirent a Bethania, esuriit.
E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala.
13 Cumque vidisset a longe ficum habentem folia, venit si quid forte inveniret in ea. et cum venisset ad eam, nihil invenit praeter folia: non enim erat tempus ficorum.
Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo.
14 Et respondens dixit ei: Iam non amplius in aeternum ex te fructum quisquam manducet. Et audiebant discipuli eius. (aiōn g165)
Hong Jesu a raya setlhare a re, “Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!” Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo. (aiōn g165)
15 Et veniunt iterum in Ierosolymam. Et cum introisset in templum, coepit eiicere vendentes, et ementes in templo: et mensas numulariorum, et cathedras vendentium columbas evertit.
Mme e rile fa ba goroga mo Jerusalema a tsena mo Tempeleng a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang, a pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le maobo a ba ba rekisang maphoi,
16 et non sinebat ut quisquam transferret vas per templum:
a kganela botlhe ba ba neng ba lere dilwana tsa thekiso.
17 et docebat, dicens eis: Nonne scriptum est: Quia domus mea, domus orationis vocabitur omnibus gentibus? Vos autem fecistis eam speluncam latronum.
A ba raya a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gore, ‘Ntlo ya me ya thapelo e tshwanetse go nna bonno jo dichaba tsotlhe di rapelelang mo go jone;’ mme lo setse lo e fetotse mongobo wa dinokwane.”
18 Quo audito principes sacerdotum, et Scribae quaerebant quomodo eum perderent: timebant enim eum, quoniam universa turba admirabatur super doctrina eius.
Hong e rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuta ba utlwa se o se dirileng ba simolola go loga maano a gore ba ka mmolaya jang. Mathata a bone e ne e le go boifa gore go tlaa tsoga mokubukubu gonne batho ba ne ba kgatlhegela thuto ya ga Jesu thata.
19 Et cum vespera facta esset, egrediebatur de civitate.
Mo maitseboeng ao jaaka gale ba ne ba tloga mo motsing.
20 Et cum mane transirent, viderunt ficum aridam factam a radicibus.
Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding!
21 Et recordatus Petrus, dixit ei: Rabbi, ecce ficus, cui maledixisti, aruit.
Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re “Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!”
22 Et respondens Iesus ait illis: Habete fidem Dei.
Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, “Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele!
23 amen dico vobis, quia quicumque dixerit huic monti: Tollere, et mittere in mare, et non haesitaverit in corde suo, sed crediderit, quia quodcumque dixerit, fiat, fiet ei.
24 Propterea dico vobis, omnia quaecumque orantes petitis, credite quia accipietis, et evenient vobis.
Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela!
25 Et cum stabitis ad orandum, dimittite si quis habetis adversus aliquem: ut et Pater vester qui in caelis est, dimittat vobis peccata vestra.
Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona.”
26 Quod si vos non dimiseritis: nec Pater vester, qui in caelis est, dimittet vobis peccata vestra.
Ka nako e ba bo ba gorogile mo Jerusalema gape, mme ya re a tsamaya mo felong ga Tempele, baperesiti ba bagolo le ba bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, “Go diragalang fano? Ke mang yo o go neileng nonofo ya go lelekela babapatsi kwa ntle?”
27 Et veniunt rursus Ierosolymam. Et cum ambularet in templo, accedunt ad eum summi sacerdotes, et Scribae, et seniores:
28 et dicunt ei: In qua potestate haec facis? et quis dedit tibi hanc potestatem ut ista facias?
29 Iesus autem respondens, ait illis: Interrogabo vos et ego unum verbum, et respondete mihi: et dicam vobis in qua potestate haec faciam.
Mme Jesu a ba araba a re, “Ke tla lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe fela!
30 Baptismus Ioannis, de caelo erat, an ex hominibus? Respondete mihi.
Lwa reng ka Johane wa Mokolobetsi? A o ne a romilwe ke Modimo kgotsa nnyaa? Nkarabang!”
31 At illi cogitabant secum, dicentes: Si dixerimus, De caelo, dicet nobis, Quare ergo non credidistis ei?
Mme ba buisanya ka ga potso eo ba re, “Fa re araba re re o romilwe ke Modimo, o tlaa re, ‘Go siame, ke ka ntlha yang lo ne lo sa mo dumele’
32 Si dixerimus, Ex hominibus, timemus populum. omnes enim habebant Ioannem quia vere propheta esset.
Mme fa re re Modimo o ne o sa mo roma, hong batho ba tlaa tsosa mokubukubu,” (Gonne batho botlhe ba dumela fa Johane e ne e le moporofiti).
33 Et respondentes dicunt Iesu: Nescimus. Et respondens Iesus ait illis: Neque ego dico vobis in qua potestate haec faciam.
Hong ba re, “Ga re ka ke ra araba. Ga re itse.” Mme Jesu a fetola a re, “Le nna ga nkitla ke araba potso ya lona!”

< Marcum 11 >