< Lucam 10 >

1 Post haec autem designavit Dominus et alios septuaginta duos. et misit illos binos ante faciem suam in omnem civitatem, et locum, quo erat ipse venturus.
Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.
2 Et dicebat illis: Messis quidem multa, operarii autem pauci. Rogate ergo dominum messis ut mittat operarios in messem suam.
Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa.
3 Ite: ecce ego mitto vos sicut agnos inter lupos.
Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri.
4 Nolite portare sacculum, neque peram, neque calceamenta, et neminem per viam salutaveritis.
Lo se ka lwa tsaya madi, kgotsa kgetsana, kgotsa le fa e le dilwana tse dingwe le gone lo se ka lwa senya nako mo tseleng.
5 In quamcumque domum intraveritis, primum dicite: Pax huic domui:
“Mme e ne e re fa lo tsena mo lolwapeng, lo lo segofatsa.
6 et si ibi fuerit filius pacis, requiescet super illum pax vestra: sin autem, ad vos revertetur.
Fa lo tshwanelwa ke tshegofatso, tshegofatso e tlaa nna mo go lone; fa e sa lo tshwanele; tshegofatso e tlaa boela mo go lona.
7 In eadem autem domo manete edentes, et bibentes quae apud illos sunt: dignus est enim operarius mercede sua. Nolite transire de domo in domum.
“Mme e re fa lo tsena mo motseng,
8 Et in quamcumque civitatem intraveritis, et susceperint vos, manducate quae apponuntur vobis:
Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’
9 et curate infirmos, qui in illa sunt, et dicite illis: Appropinquavit in vos regnum Dei.
10 In quamcumque autem civitatem intraveritis, et non susceperint vos, exeuntes in plateas eius, dicite:
“Mme fa batho ba motse ba lo gana, tsamayang le mebila ya one lo re,
11 Etiam pulverem, qui adhaesit nobis de civitate vestra, extergimus in vos: tamen hoc scitote, quia appropinquavit regnum Dei.
‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’
12 Dico vobis, quia Sodomis in die illa remissius erit, quam illi civitati.
“Le Sodoma tota yo o bosula o tlaa nna botoka go na le motse oo ka letsatsi la katlholo.
13 Vae tibi Corozain, vae tibi Bethsaida: quia si in Tyro, et Sidone factae fuissent virtutes, quae factae sunt in vobis, olim in cilicio, et cinere sedentes poeniterent.
A bo go latlhega lona, metse ya Korasina le Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di lo diretseng di ka bo di dirilwe mo metseng ya Ture le Sidona, batho ba yone ba ka bo ba sa bolo go sokologa bogologolo, ba apere letsela la kgetse ba bile ba latlhetse melora mo ditlhogong tsa bone go supa kutlobotlhoko ya dipelo tsa bone.
14 Verumtamen Tyro, et Sidoni remissius erit in iudicio, quam vobis.
Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.”
15 Et tu Capharnaum usque ad caelum exaltata, usque ad infernum demergeris. (Hadēs g86)
Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng. (Hadēs g86)
16 Qui vos audit, me audit: et qui vos spernit, me spernit. Qui autem me spernit, spernit eum, qui misit me.
Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.”
17 Reversi sunt autem septuaginta duo cum gaudio, dicentes: Domine, etiam daemonia subiiciuntur nobis in nomine tuo.
Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, “Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago.”
18 Et ait illis: Videbam satanam sicut fulgor de caelo cadentem.
Mme Jesu a ba raya a re, “Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima!
19 Ecce dedi vobis potestatem calcandi supra serpentes, et scorpiones, et super omnem virtutem inimici: et nihil vobis nocebit.
Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko!
20 Verumtamen in hoc nolite gaudere quia spiritus vobis subiiciuntur: gaudete autem, quod nomina vestra scripta sunt in caelis.
Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.”
21 In ipsa hora exultavit in Spiritu sancto, et dixit: Confiteor tibi pater, Domine caeli et terrae, quod abscondisti haec a sapientibus, et prudentibus, et revelasti ea parvulis. Etiam Pater: quoniam sic placuit ante te.
Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.
22 Omnia mihi tradita sunt a Patre meo. Et nemo scit quis sit Filius, nisi Pater: et quis sit Pater, nisi Filius, et cui voluerit Filius revelare.
Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.”
23 Et conversus ad discipulos suos, dixit: Beati oculi, qui vident quae vos videtis.
Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba sebetsa a re, “Lo lesego jang go bona dilo tse lo di boneng.
24 Dico enim vobis, quod multi prophetae, et reges voluerunt videre quae vos videtis, et non viderunt: et audire quae auditis, et non audierunt.
Baporofiti ba le bantsi le dikgosi tsa bogologolo ba ne ba eletsa malatsi ano, go bona le go utlwa se lo se boneng le se lo se utlwileng!”
25 Et ecce quidam Legisperitus surrexit tentans illum, et dicens: Magister, quid faciendo vitam aeternam possidebo? (aiōnios g166)
Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: “Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?” (aiōnios g166)
26 At ille dixit ad eum: In lege quid scriptum est? quomodo legis?
Mme Jesu a fetola a re, “Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?”
27 Ille respondens dixit: Diliges Dominum Deum tuum ex toto corde tuo, et ex tota anima tua, et ex omnibus virtutibus tuis, et ex omni mente tua: et proximum tuum sicut teipsum.
Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.”
28 Dixitque illi: Recte respondisti: hoc fac, et vives.
Jesu a mo raya a re, “Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!”
29 Ille autem volens iustificare seipsum, dixit ad Iesum: Et quis est meus proximus?
Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?”
30 Suspiciens autem Iesus, dixit: Homo quidam descendebat ab Ierusalem in Iericho, et incidit in latrones, qui etiam despoliaverunt eum: et plagis impositis abierunt semivivo relicto.
Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, “Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo.
31 Accidit autem ut sacerdos quidam descenderet eadem via: et viso illo praeterivit.
Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela.
32 Similiter et Levita, cum esset secus locum, et videret eum, pertransiit.
Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela.
33 Samaritanus autem quidam iter faciens, venit secus eum: et videns eum, misericordia motus est.
“Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata.
34 Et appropians alligavit vulnera eius, infundens oleum, et vinum: et imponens illum in iumentum suum, duxit in stabulum, et curam eius egit.
A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng.
35 Et altera die protulit duos denarios, et dedit stabulario, et ait: Curam illius habe: et quodcumque supererogaveris, ego cum rediero reddam tibi.
Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’
36 Quis horum trium videtur tibi proximus fuisse illi, qui incidit in latrones?
“Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?”
37 At ille dixit: Qui fecit misericordiam in illum. Et ait illi Iesus: Vade, et tu fac similiter.
Monna a fetola a re, “Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo.” Mme Jesu are, “Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo.”
38 Factum est autem, dum irent, et ipse intravit in quoddam castellum: et mulier quaedam Martha nomine, excepit illum in domum suam,
Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe.
39 et huic erat soror nomine Maria, quae etiam sedens secus pedes Domini, audiebat verbum illius.
Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua.
40 Martha autem satagebat circa frequens ministerium: quae stetit, et ait: Domine, non est tibi curae quod soror mea reliquit me solam ministrare? dic ergo illi, ut me adiuvet.
Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe.
41 Et respondens dixit illi Dominus: Martha, Martha, solicita es, et turbaris erga plurima.
Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe.
42 Porro unum est necessarium. Maria optimam partem elegit, quae non auferetur ab ea.
Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!”

< Lucam 10 >