< Iohannem 19 >

1 Tunc ergo apprehendit Pilatus Iesum, et flagellavit.
Mme Pilatwe a fatola mokwatla wa ga Jesu ka thupa,
2 Et milites plectentes coronam de spinis, imposuerunt capiti eius: et veste purpurea circumdederunt eum.
mme masole a loga serwalo sa mitlwa a se mo rwesa mo tlhogong a bo a mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona.
3 Et veniebant ad eum, et dicebant: Ave, rex Iudaeorum: et dabant ei alapas.
Ba mo sotla ba re, “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba bo ba mo itaya ka mabole.
4 Exivit ergo iterum Pilatus foras, et dicit eis: Ecce adduco vobis eum foras, ut cognoscatis quia nullam invenio in eo causam.
Pilatwe tswela kwa ntle gape mme a raya Bajuta a re, “Ke ya go mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona jaanong, mme legale tlhaloganyang sentle gore nna ga ke mmone molato.”
5 (Exivit ergo Iesus portans coronam spineam, et purpureum vestimentum: ) Et dicit eis: Ecce homo.
Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!”
6 Cum ergo vidissent eum Pontifices, et ministri, clamabant, dicentes: Crucifige, crucifige eum. Dicit eis Pilatus: Accipite eum vos, et crucifigite: ego enim non invenio in eo causam.
Erile fela fa ba mmona, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuta ba simolola go goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” Pilatwe a re, “Mmapoleng lona, nna ga ke mmone molato.”
7 Responderunt ei Iudaei: Nos legem habemus, et secundum legem debet mori, quia filium Dei se fecit.
Mme ba mo fetola ba re, “Ka melao ya rona o tshwanetse go swa gonne o ipiditse Morwa Modimo.”
8 Cum ergo audisset Pilatus hunc sermonem, magis timuit.
Erile fa Pilatwe a utlwa ba bua jalo, a tshoga thata go gaisa malatsi otlhe.
9 Et ingressus est praetorium iterum: et dixit ad Iesum: Unde es tu? Iesus autem responsum non dedit ei.
A busetsa Jesu kwa kgotleng ya tshekelo a mmotsa a re, “O tswa kae?” Mme Jesu a seka a ntsha karabo epe.
10 Dicit ergo ei Pilatus: Mihi non loqueris? nescis quia potestatem habeo crucifigere te, et potestatem habeo dimittere te?
Mme Pilatwe a re, “A ga o batle go bua le nna? A ga o lemoge gore ke na le nonofo ya go go golola kgotsa go go bapola?”
11 Respondit Iesus: Non haberes potestatem adversum me ullam, nisi tibi datum esset desuper. Propterea qui me tradidit tibi, maius peccatum habet.
Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.”
12 Et exinde quaerebat Pilatus dimittere eum. Iudaei autem clamabant dicentes: Si hunc dimittis, non es amicus Caesaris. omnis enim, qui se regem facit, contradicit Caesari.
Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.”
13 Pilatus autem cum audisset hos sermones, adduxit foras Iesum: et sedit pro tribunali, in loco, qui dicitur Lithostrotos, Hebraice autem Gabbatha.
Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa.
14 Erat autem parasceve Paschae, hora quasi sexta, et dicit Iudaeis: Ecce rex vester.
E ne jaanong e ka nna motshegare wa sethoboloko pele ga letsatsi la Tlolaganyo. Mme Pilatwe a raya Bajuta a re, “Kgosi ya lona ke e!”
15 Illi autem clamabant: Tolle, tolle, crucifige eum. Dicit eis Pilatus: Regem vestrum crucifigam? Responderunt Pontifices: Non habemus Regem, nisi Caesarem.
Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.”
16 Tunc ergo tradidit eis illum ut crucifigeretur. Susceperunt autem Iesum, et eduxerunt.
Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore a bapolwe.
17 Et baiulans sibi crucem exivit in eum, qui dicitur Calvariae, locum, Hebraice autem Golgotha:
Jalo Jesu lwa bofelo a tsenngwa mo diatleng tsa bone, mme a tseelwa kwa ntle ga motse, a itshikaretse mokgoro a isiwa kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka Sehebera le bidiwa “Gologotha.”
18 ubi crucifixerunt eum, et cum eo alios duos hinc, et hinc, medium autem Iesum.
Ba feta ba mmapola le ba bangwe teng koo ba le babedi, yo mongwe a bapolwa ka fa letsogong la gagwe la molema, yo mongwe ka fa go la moja, Jesu a le fa gare ga bone.
19 Scripsit autem et titulum Pilatus: et posuit super crucem. Erat autem scriptum: Iesus Nazarenus, Rex Iudaeorum.
Mme Pilatwe a baya sesupo fa godimo ga ga Jesu se se balegang jaana, “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.”
20 Hunc ergo titulum multi Iudaeorum legerunt: quia prope civitatem erat locus, ubi crucifixus est Iesus: Et erat scriptum Hebraice, Graece, et Latine.
Lefelo le Jesu a bapoletsweng mo go lone le ne le le gaufi le motse; mme sesupo se ne se kwadilwe ka Selatina le Segerika, gore batho ba le bantsi ba tle ba kgone go se bala.
21 Dicebant ergo Pilato Pontifices Iudaeorum: Noli scribere, Rex Iudaeorum: sed quia ipse dixit: Rex sum Iudaeorum.
Mme baperesiti ba bagolo ba raya Pilatwe ba re, “Fetola sesupo mo go reng, ‘Kgosi ya Bajuta’ o se fetolele mo go reng, ‘A re ke Kgosi ya Bajuta’.”
22 Respondit Pilatus: Quod scripsi, scripsi.
Pilatwe a fetola a re, “Se ke se kwadileng ke se kwadile. Se nna fela jaaka se ntse.”
23 Milites ergo cum crucifixissent eum, acceperunt vestimenta eius, (et fecerunt quattuor partes: unicuique militi partem) et tunicam. Erat autem tunica inconsutilis, desuper contexta per totum.
Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, “Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe,” gonne se ne se sena momeno, “A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang.” Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola.”
24 Dixerunt ergo ad invicem: Non scindamus eam, sed sortiamur de illa cuius sit. Ut Scriptura impleretur, dicens: Partiti sunt vestimenta mea sibi: et in vestem meam miserunt sortem. Et milites quidem haec fecerunt.
25 Stabant autem iuxta crucem Iesu mater eius, et soror matris eius, Maria Cleophae, et Maria Magdalene.
Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena.
26 Cum vidisset ergo Iesus matrem, et discipulum stantem, quem diligebat, dicit matri suae: Mulier, ecce filius tuus.
Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, “Ke morwao.”
27 Deinde dicit discipulo: Ecce mater tua. Et ex illa hora accepit eam discipulus in sua.
Nna a nthaya a re, “Ke mmago.” Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me.
28 Postea sciens Iesus quia omnia consummata sunt, ut consummaretur Scriptura, dixit: Sitio.
Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, “Ke nyorilwe.”
29 Vas ergo erat positum aceto plenum. Illi autem spongiam plenam aceto, hyssopo circumponentes, obtulerunt ori eius.
Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe.
30 Cum ergo accepisset Iesus acetum, dixit: Consummatum est. Et inclinato capite tradidit spiritum.
Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, “Go fedile,” mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe.
31 Iudaei ergo, (quoniam Parasceve erat) ut non remanerent in cruce corpora sabbato, (erat enim magnus dies ille Sabbati) rogaverunt Pilatum ut frangerentur eorum crura, et tollerentur.
Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe.
32 Venerunt ergo milites: et primi quidem fregerunt crura, et alterius, qui crucifixus est cum eo.
Mme masole a tla a roba maoto a banna ba babedi ba ba bapotsweng le Jesu;
33 Ad Iesum autem cum venissent, ut viderunt eum iam mortuum, non fregerunt eius crura,
mme erile fa ba tla kwa go ene, ba bona gore o setse a sule, mme ba seka ba roba a gagwe.
34 sed unus militum lancea latus eius aperuit, et continuo exivit sanguis, et aqua.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka segai, mme madi le metsi a elela.
35 Et qui vidit, testimonium perhibuit: et verum est testimonium eius. Et ille scit quia vera dicit: ut et vos credatis.
Ke iponetse selo se ka matlho mme ke ntshitse polelo ya boammaaruri gore le lona lo dumele.
36 Facta sunt enim haec ut Scriptura impleretur: Os non comminuetis ex eo.
Masole a dira jaana a diragatsa seporofeso sa dikwalo se se reng, “Le fa e le lengwe la marapo a gagwe ga le na go rojwa, mme ba tlaa leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.”
37 Et iterum alia Scriptura dicit: Videbunt in quem transfixerunt.
38 Post haec autem rogavit Pilatum Ioseph ab Arimathia, (eo quod esset discipulus Iesu, occultus autem propter metum Iudaeorum) ut tolleret corpus Iesu. Et permisit Pilatus. Venit ergo, et tulit corpus Iesu.
Moragonyana Josefa wa Arimathea, yo a neng a le morutwa wa ga Jesu ka sephiri ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, a kopa Pilatwe ka bopelokgale go mo fa tetlelelo ya go tsaya mmele wa ga Jesu; mme Pilatwe a mo raya a re o ka tswelela pele wa ya go o tsaya. Mme a ya teng a ya go o tsaya a tsamaya ka one.
39 Venit autem et Nicodemus, qui venerat ad Iesum nocte primum, ferens mixturam myrrhae, et aloes, quasi libras centum.
Nikodemo, monna yo a neng a kile a ya kwa go Jesu go le bosigo, a tla le ene a lere lookwane lo lo dirilweng ka mera le aloe lo lo tlhwatlhwa ya makgolo a le mabedi a dipula.
40 Acceperunt ergo corpus Iesu, et ligaverunt illud linteis cum aromatibus, sicut mos est Iudaeis sepelire.
Botlhe ka bobedi ba phutha mmele wa ga Jesu ka leloba le le telele le innwe mo ditlolong tse di nkgang monate, ka e le mokgwa wa Sejuta wa phitlho.
41 Erat autem in loco, ubi crucifixus est, hortus: et in horto monumentum novum, in quo nondum quisquam positus erat.
Lefelo la Papolelo le ne le le gaufi le sekgwa sa ditlhare, kwa go neng go na le lebitla le lesha le le neng le ise le ke le dirisiwe.
42 Ibi ergo propter Parasceven Iudaeorum, quia iuxta erat monumentum, posuerunt Iesum.
Mme jalo, ka ntlha ya iketleetso pele ga Sabata, le ka ntlha ya gore lebitla le ne le le gautshwane, ba mo robatsa mo go lone.

< Iohannem 19 >