< Actuum Apostolorum 24 >

1 Post quinque autem dies descendit princeps sacerdotum, Ananias, cum senioribus quibusdam, et Tertullo quodam oratore, qui adierunt praesidem adversus Paulum.
Erile morago ga malatsi a le matlhano Ananiase Moperesiti yo Mogolo a goroga le bangwe bagolwane ba Bajuta le mmueledi Teretulo, go tla go bolela molato wa ga Paulo.
2 Et citato Paulo coepit accusare Tertullus, dicens: Cum in multa pace agamus per te, et multa corrigantur per tuam providentiam;
Mme erile Teretulo a bidiwa, a bolelela kgosana kaga molato wa ga Paulo jaana: “Motlotlegi, rona Bajuta o re neile kagiso le kutlwano ebile o ngotlile kgethololo thata mo go rona.
3 semper et ubique suscipimus, optime Felix, cum omni gratiarum actione.
Mme ka se, re go leboga thata.
4 Ne diutius autem te protraham, oro, breviter ut audias nos pro tua clementia.
Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ntheetsa ka bopelo-namagadi fela ka bokhutshwane fa ke bua ditlhogo tsa tsheko ya rona kgatlhanong le monna yo.
5 Invenimus hunc hominem pestiferum, et concitantem seditiones omnibus Iudaeis in universo orbe, et auctorem seditionis sectae Nazarenorum:
Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha.
6 qui etiam templum violare conatus est, quem et apprehensum voluimus secundum legem nostram iudicare.
Mme gape o ne a leka go senya Tempele fa re mo tshwara. Re ka bo re mo neile se tota se mo tshwanetseng,
7 Superveniens autem tribunus Lysias, cum vi magna eripuit eum de manibus nostris,
mme Lisiase, molaodi wa mophato, o ne a tla go mo tsaya ka kgopholo mo go rona,
8 iubens accusatores eius ad te venire: a quo poteris ipse iudicans, de omnibus istis cognoscere, de quibus nos accusamus eum.
a batla gore a sekisiwe ka molao wa Roma. O ka nna wa utlwa boammaaruri jwa go mo tshwaa phoso ga rona ka go mo tlhotlhomisa.”
9 Adiecerunt autem et Iudaei, dicentes haec ita se habere.
Mme Bajuta ba bangwe botlhe ba dumalana gore sengwe le sengwe se Teretulo o se buileng ke boammaaruri.
10 Respondit autem Paulus, (annuente sibi Praeside dicere) Ex multis annis te esse iudicem genti huic sciens, bono animo pro me satisfaciam.
Mme jaanong e ne e le nako ya ga Paulo gore a bue. Kgosana ya mo gwetlha ka seatla gore a eme a bue. Paulo a simolola a re, “Ke a itse rra, gore ga o bolo go nna moatlhodi wa ditsheko tsa Sejuta fa ke bua boiphemelo jwa me,
11 Potes enim cognoscere quia non plus sunt mihi dies quam duodecim, ex quo ascendi adorare in Ierusalem:
o ka lemoga ka bonako gore ke malatsi a le lesome le bobedi ke sena go goroga kwa Jerusalema go tla go obama mo Tempeleng,
12 et neque in templo invenerunt me cum aliquo disputantem, aut concursum facientem turbae, neque in synagogis, neque in civitate:
mme gape o tlaa lemoga gore ga ke ise ke tsose khuduego mo tlung ya thuto kgotsa mo mebileng ya motse;
13 neque probare possunt tibi de quibus nunc me accusant.
mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso.
14 Confiteor autem hoc tibi, quod secundum sectam, quam dicunt haeresim, sic deservio Patri, et Deo meo, credens omnibus, quae in Lege, et Prophetis scripta sunt:
“Mme selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto;
15 spem habens in Deum, quam et hi ipsi expectant, resurrectionem futuram iustorum, et iniquorum.
mme ke a dumela, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi.
16 In hoc et ipse studeo sine offendiculo conscientiam habere ad Deum, et ad homines semper.
Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho.
17 Post annos autem plures eleemosynas facturus in gentem meam, veni, et oblationes, et vota,
“Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo.
18 in quibus invenerunt me purificatum in templo: non cum turba, neque cum tumultu et apprehenderunt me clamantes, et dicentes: Tolle inimicum nostrum.
Balatofatsi ba me ba ne ba mpona mo Tempeleng fa ke ntsha dimpho tsa me. Ke ne ke ipeotse tlhogo jaaka go batlwa ke melao ya bone mme go ne go se na bontsi bope fa go nna, le fa e le khuduego! Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa Asia ba ne ba le teng,
19 Quidam autem ex Asia Iudaei, quos oportebat apud te praesto esse, et accusare siquid haberent adversum me:
(ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba le fano fa, fa e le gore ba na le sengwe kgatlhanong le nna),
20 aut hi ipsi dicant siquid invenerunt in me iniquitatis cum stem in concilio,
mme bona! Botsa banna ba gone fa gore ke ofe molato o lekgotla la bone le o bonyeng mo go nna,
21 nisi de una hac solummodo voce, qua clamavi inter eos stans: Quoniam de resurrectione mortuorum ego iudicor hodie a vobis.
fa e se go bua selo se le sengwe fela se ke neng ke sa tshwanela go se bua fa ke re, ‘Ke fano fa pele ga lekgotla go iphemela ka ntlha ya go dumela gore baswi ba tlaa tsoga gape!’”
22 Distulit autem illos Felix, certissime sciens de via hac, dicens: Cum Tribunus Lysias descenderit, audiam vos.
Mme Felise, yo o neng a itse gore Bakeresete ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba tsosa khuduego, a bolelela Bajuta gore ba iketle ba emele go goroga ga ga Lusia molaodi wa mophato, mme ke gone o tlaa atlholang kgang.
23 Iussitque Centurioni custodire eum, et habere requiem, nec quemquam de suis prohibere ministrare ei.
Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong.
24 Post aliquot autem dies veniens Felix cum Drusilla uxore sua, quae erat Iudaea, vocavit Paulum, et audivit ab eo fidem, quae est in Christum Iesum.
Erile morago ga malatsi a se kae Felise a tla le Durusila, mosadi wa gagwe wa Mojuta. A romela gore Paulo a ye go bidiwa, ba reetsa jaaka a ba bolelela kaga tumelo mo go Keresete Jesu.
25 Disputante autem illo de iustitia, et castitate, et de iudicio futuro, tremefactus Felix respondit: Quod nunc attinet, vade: tempore autem opportuno accersiam te:
Mme erile a sa ntse a buisanya nabo kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang, Felise a boifa thata. Mme a mo raya a re, “Tsamaya jaanong, mme fa ke na le nako e e siameng, ke tlaa go bitsa gape.”
26 simul et sperans, quod pecunia ei daretur a Paulo, propter quod et frequenter accersiens eum, loquebatur cum eo.
Mme gape o ne a gopola gore Paulo o tlaa mo reka ka madi, jalo, he, o ne a mmitsa kgapetsakgapetsa go buisanya nae.
27 Biennio autem expleto, accepit successorem Felix Portium Festum. Volens autem gratiam praestare Iudaeis Felix, reliquit Paulum vinctum.
Dingwaga tse pedi tsa fela ba ntse ba buisanya; mme Porokio Feseto a tsaya maemo a ga Felise. Mme ka gore Felise o ne a batla go itumedisa Bajuta, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.

< Actuum Apostolorum 24 >