< Actuum Apostolorum 19 >

1 Factum est autem, cum Apollo esset Corinthi, ut Paulus peragratis superioribus partibus veniret Ephesum, et inveniret quosdam de discipulis:
Mme erile Apolose a santse a le mo Kontha, Paulo a ralala ntlheng ya godimo mme a goroga kwa Efeso, kwa o neng a fitlhela teng barutwa ba le bantsinyana.
2 dixitque ad eos: Si Spiritum sanctum accepistis credentes? At illi dixerunt ad eum: Sed neque si Spiritus sanctus est, audivimus.
One a ba botsa a re, “A lo ne lwa amogela Mowa O O Boitshepo fa lo dumela?” Mme ba fetola ba re, “Nnyaa, ga re itse gore o rayang. Mowa O O Boitshepo ke eng?”
3 Ille vero ait: In quo ergo baptizati estis? Qui dixerunt: In Ioannis baptismate.
Mme Paulo a ba botsa a re, “Lo kolobeditswe ka kolobetso e e ntseng jang?” Mme ba araba ba re, “Kolobetso ya ga Johane?”
4 Dixit autem Paulus: Ioannes baptizavit baptismo poenitentiae populum, dicens: In eum, qui venturus esset post ipsum, ut crederent, hoc est, in Iesum.
Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla.
5 His auditis, baptizati sunt in nomine Domini Iesu.
Erile fela jaaka ba utlwa a bua jaana, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu.
6 Et cum imposuisset illis manus Paulus, venit Spiritus sanctus super eos, et loquebantur linguis, et prophetabant.
Erile fa Paulo a ba baya diatla, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, mme ba bua dipuo di sele ba bo ba porofesa.
7 Erant autem omnes viri fere duodecim.
E ne e ka nna banna ba le lesome le bobedi
8 Introgressus autem synagogam, cum fiducia loquebatur per tres menses, disputans, et suadens de regno Dei.
Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu.
9 Cum autem quidam indurarentur, et non crederent, maledicentes viam Domini coram multitudine, discedens ab eis, segregavit discipulos, quotidie disputans in schola tyranni cuiusdam.
Mme bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe mme ba bua mo pepeneneng kgatlhanong le Keresete, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi.
10 Hoc autem factum est per biennium, ita ut omnes, qui habitabant in Asia, audirent verbum Domini, Iudaei atque Gentiles.
Mo go ne ga tswelela dingwaga di le pedi, mo e leng gore mongwe le mongwe mo kgaolong ya Asia ebong Bajuta le Bagerika, ba ne ba utlwa molaetsa wa Morena.
11 Virtutesque non modicas quaslibet faciebat Deus per manum Pauli:
Mme Modimo wa naya Paulo nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di sa tlwaelesegang,
12 ita ut etiam super languidos deferrentur a corpore eius sudaria, et semicinctia, et recedebant ab eis languores, et spiritus nequam egrediebantur.
mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe.
13 Tentaverunt autem quidam et de circumeuntibus Iudaeis exorcistis, invocare super eos, qui habebant spiritus malos, nomen Domini Iesu, dicentes: Adiuro vos per Iesum, quem Paulus praedicat.
Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!”
14 Erant autem cuiusdam Iudaei nomine Scevae principis sacerdotum septem filii, qui hoc faciebant.
Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo.
15 Respondens autem spiritus nequam dixit eis: Iesum novi, et Paulum scio: vos autem qui estis?
Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, “Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?”
16 Et insiliens in eos homo, in quo erat daemonium pessimum, et dominatus amborum, invaluit contra eos, ita ut nudi, et vulnerati effugerent de domo illa.
Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata.
17 Hoc autem notum factum est omnibus Iudaeis, atque Gentilibus, qui habitabant Ephesi: et cecidit timor super omnes illos, et magnificabatur nomen Domini Iesu.
Polelo ya se se diragetseng ya anama ka bonako mo motseng otlhe wa Efeso, mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka go tshwana, ga nna poifo e kgolo mo motseng, mme leina la Morena Jesu la tlotlwa thata.
18 Multique credentium veniebant, confitentes, et annunciantes actus suos.
Badumedi ba le bantsi ba ba neng ba dirisa maselamose ba ipolela ditshiamololo tsa bone ba tlisa dikwalo tsa bone tsa boloi le melemo e ba e dirisang ba di tshuba ka molelo mo pepeneneng. (Mongwe a akanyetsa tlhwatlhwa ya dikwalo tseo go ka nna dipula di le dikete tse di masome matlhano).
19 Multi autem ex eis, qui fuerant curiosa sectati, contulerunt libros, et combusserunt eos coram omnibus: et computatis pretiis illorum, invenerunt pecuniam denariorum quinquaginta millium.
20 Ita fortiter crescebat verbum Dei, et confirmabatur.
Mo go ne go supa gore kgaolo yotlhe e ne e amilwe ke molaetsa wa Modimo go le kae.
21 His autem expletis, proposuit Paulus in Spiritu, transita Macedonia et Achaia ire Ierosolymam, dicens: quoniam postquam fuero ibi, oportet me et Romam videre.
Morago ga moo Paulo a utlwa a gogwa ke Mowa O O Boitshepo go ya kwa Gerika pele ga a boela Jerusalema. O ne a re, “Morago ga moo ke tshwanetse go ya kwa Roma!”
22 Mittens autem in Macedoniam duos ex ministrantibus sibi, Timotheum, et Erastum, ipse remansit ad tempus in Asia.
O ne a romela bathusi ba gagwe ba le babedi, Timotheo le Eraseto, gore ba tsamaele pele go ya Masedonia fa a sa ntse a setse lobakanyana mo Asia.
23 Facta est autem illo tempore turbatio non minima de via Domini.
Mme ka nako eo, go ne ga nna pheretlhego e kgolo mo Efeso kaga Bakeresete.
24 Demetrius enim quidam nomine, argentarius, faciens aedes argenteas Dianae, praestabat artificibus non modicum quaestum:
E ne ya simologa ka Demeterio, mothudi wa tshipi tsa selefera yo o neng a hirile babetli ba le bantsi go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, modimo wa sesadi wa Segerika.
25 quos convocans, et eos, qui huiusmodi erant opifices, dixit: Viri, scitis quia de hoc artificio est nobis acquisitio:
O ne a bitsa phuthego ya banna ba gagwe, le ba bangwe ba ba hirilweng mo ditirong tse di boletsweng, mme a ba bolelela jaana: “Borra, tiro e ke yone re amogelang ka yone.
26 et videtis, et auditis quia non solum Ephesi, sed pene totius Asiae, Paulus hic suadens avertit multam turbam, dicens: Quoniam non sunt dii, qui manibus fiunt.
Jaaka lo itse sentle mo go se lo se bonyeng le se lo se utlwileng, monna yo, Paulo, o tlhotlheleditse batho ba le bantsintsi gore medimo e e itirelwang ga se medimo gotlhelele. Ka ntlha ya moo, theko ya dilo tsa rona e ya kwa tlase! Mme mo ga go bonale fela mo Efeso, go mo tikologong yotlhe ya kgaolo!
27 Non solum autem haec periclitabitur nobis pars in redargutionem venire, sed et magnae Dianae templum in nihilum reputabitur, sed et destrui incipiet maiestas eius, quam tota Asia, et orbis colit.
Mme ruri, ga ke bue fela ka theko le thekiso mo seemong se, le kaga tatlhegelo ka fa re neng re ntse re boelwa ka teng, mme le gore go ka diragala gore tempele ya ga Diana modimo wa sesadi o mogolo e latlhegelwe ke tlotlo, mme Diana, modimo o montlentle o, o o sa obamelweng fela ke tikologo yotlhe ya Asia mme o obamelwa ke lefatshe lotlhe, o lebalwe!”
28 His auditis, repleti sunt ira, et exclamaverunt dicentes: Magna Diana Ephesiorum.
Erile fa ba utlwa jaana, ba galefa thata mme ba simolola go goa ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
29 Et impleta est civitas confusione, et impetum fecerunt uno animo in theatrum, rapto Gaio, et Aristarcho Macedonibus, comitibus Pauli.
Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa.
30 Paulo autem volente intrare in populum, non permiserunt discipuli.
Paulo o ne a batla go tsena, mme barutwa ba ne ba se ka ba mo letla.
31 Quidam autem et de Asiae principibus, qui erant amici eius, miserunt ad eum rogantes ne se darent in theatrum:
Mme bangwe balaodi ba Baroma ba kgaolo e, ditsala tsa ga Paulo, le bone ba ne ba romela molaetsa kwa go ene, ba mo kopa gore a seka a ba a tshameka ka botshelo jwa gagwe ka go tsena mo tlung ya botshamekelo.
32 alii autem aliud clamabant. Erat enim Ecclesia confusa: et plures nesciebant qua ex causa convenissent.
Mo teng, batho botlhe ba ne ba goa, ba tsositse modumo, mongwe a bua sele yo mongwe le ene a bua sele, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakanye. Tota bontsi jwa bone bo ne bo sa itse gore bo tletse eng foo.
33 De turba autem detraxerunt Alexandrum, propellentibus eum Iudaeis. Alexander autem manu silentio postulato, volebat reddere rationem populo.
Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua.
34 Quem ut cognoverunt Iudaeum esse, vox facta una est omnium, quasi per horas duas clamantium: Magna Diana Ephesiorum.
Mme ya re fa boidiidi jwa batho bo lemoga gore ke Mojuta, ba simolola gape ba tsosa modumo sebaka sa oura tse pedi ba ntse ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
35 Et cum sedasset scriba turbas, dixit: Viri Ephesii, quis enim est hominum, qui nesciat Ephesiorum civitatem cultricem esse magnae Dianae, Iovisque prolis?
Mme lwa bofelo molaodi o ne a kgona go ba didimatsa gore a kgone go bua. O ne a re, “Banna ba Efeso, mongwe le mongwe o itse gore Efeso ke motse mogolo wa tumelo ya ga Diana yo mogolo, yo setshwantsho sa gagwe se fologileng se tswa legodimong.
36 Cum ergo his contradici non possit, oportet vos sedatos esse, et nihil temere agere.
Mme e re ka se e le boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa, ga lo a tshwanela go tshwenyega le fa go ka buiwa go tweng ebile lo seka lwa dira sepe ka mahega.
37 Adduxistis enim homines istos, neque sacrilegos, neque blasphemantes deam vestram.
Ntswa lo tlisitse banna ba fano ba sa utswa sepe mo tempeleng ya ga Diana le gone ba sa mo nyenyefatsa ka gope.
38 Quod si Demetrius, et qui cum eo sunt artifices, habent adversus aliquem causam, conventus forenses aguntur, et proconsules sunt, accusent invicem.
Mme fa Demeterio le babetli ba gagwe ba na le molato nabo, ditsheko di tsenye mme basekisi ba ka seka tsheko e gone jaanong jaana. A ba tsamaye ka fa molaong.
39 Si quid autem alterius rei quaeritis: in legitima Ecclesia poterit absolvi.
Mme fa go na le dingongorego kaga dilo dingwe, di ka baakanngwa sentle mo diphuthegong tsa lekgotla la motse;
40 Nam et periclitamur argui seditionis hodiernae: cum nullus obnoxius sit (de quo possimus reddere rationem) concursus istius.
gonne re mo diphatseng tsa go bidiwa ke mmuso wa Ba-Roma gore re bolele gore khuduego e ya gompieno e simologile jang, ka go sena mabaka ape a a e simolotseng. Mme fa Baroma ba batla tlhaloso ga ke itse gore ke tlaa reng.”
41 Et cum haec dixisset, dimisit Ecclesiam.
Hong a ba phatlalatsa ba tsamaya.

< Actuum Apostolorum 19 >