< Petri Ii 1 >

1 Simon Petrus, servus, et Apostolus Iesu Christi, iis, qui coaequalem nobiscum sortiti sunt fidem in iustitia Dei nostri, et Salvatoris Iesu Christi.
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang.
2 Gratia vobis, et pax adimpleatur in cognitione Dei, et Christi Iesu Domini nostri:
A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata.
3 quomodo omnia nobis divinae virtutis suae, quae ad vitam, et pietatem donata sunt, per cognitionem eius, qui vocavit nos propria gloria, et virtute,
Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe.
4 per quem maxima, et pretiosa nobis promissa donavit: ut per haec efficiamini divinae consortes naturae: fugientes eius, quae in mundo est, concupiscentiae corruptionem.
Mme ka yone fela nonofo e kgolo eo, o re neile khumo le masego a a hakgamatsang a o a solofeditseng, jaaka tsholofetso ya go re boloka mo dikeletsong le mo boleong jo bo re dikaganyeditseng, le go re naya mokgwa wa gagwe.
5 Vos autem curam omnem subinferentes, ministrate in fide vestra virtutem, in virtute autem scientiam,
Mme go nna le dimpho tse, lo tlhoka mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira.
6 in scientia autem abstinentiam, in abstinentia autem patientiam, in patientia autem pietatem,
Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne pelotelele le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona.
7 in pietate autem amorem fraternitatis, in amore autem fraternitatis charitatem.
Se se tlaa dira gore kgato e e latelang e kgonege, e e leng ya lona go itumelela batho ba bangwe le go ba rata, mme morago lo tlaa gola mo go ba rateng thata.
8 Haec enim si vobiscum adsint, et superent, non vacuos, nec sine fructu vos constituent in Domini nostri Iesu Christi cognitione.
Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete.
9 Cui enim non praesto sunt haec, caecus est, et manu tentans, oblivionem accipiens purgationis veterum suorum delictorum.
Mme mongwe yo o palelwang ke go sala mekgwa e ya tumelo morago, ke sefofu, ebile ga a bone sentle, mme o lebetse gore Modimo o mo golotse mo botshelong jo bogologolo jwa sebe le gore jaanong o ka tshela botshelo jo bo tiileng, botshelo jo bo siametseng Morena.
10 Quapropter fratres magis satagite ut per bona opera certam vestram vocationem, et electionem faciatis: haec enim facientes, non peccabitis aliquando.
Jalo bakaulengwe ba ba rategang, dirang thata go supa tota gore lommogo le ba Modimo o ba biditseng le ba o ba tlhophileng, mme ga lo kitla lo kgotswa kgotsa lo wa.
11 Sic enim abundanter ministrabitur vobis introitus in aeternum regnum Domini nostri, et Salvatoris Iesu Christi. (aiōnios g166)
Mme Modimo o tlaa lo bulela dikgoro tsa legodimo go tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le mmoloki wa rona Jesu Keresete. (aiōnios g166)
12 Propter quod incipiam vos semper commonere de his: et quidem scientes et confirmatos vos in praesenti veritate.
Ke rulaganyetsa go nna ke lo gakolola dilo tse ka metlha le fa lo setse lo di itse ebile tota lo tsamaya sentle!
13 Iustum autem arbitror quamdiu sum in hoc tabernaculo, suscitare vos in commonitione:
Mme Morena Jesu Keresete o mpontshitse gore malatsi a me mo lefatsheng a badilwe, ke gaufi le go swa.
14 certus quod velox est depositio tabernaculi mei secundum quod et Dominus noster Iesus Christus significavit mihi.
Fela fa ke santse ke le fa ke ikaelela go nna ke lo romelela dikgakololo tse,
15 Dabo autem operam et frequenter habere vos post obitum meum, ut horum omnium memoriam faciatis.
ke solofela go di gatelela sentle mo go lona gore lo tle lo di gakologelwe ka lobaka lo loleele fa ke sena go tloga.
16 Non enim indoctas fabulas secuti notam fecimus vobis Domini nostri Iesu Christi virtutem, et praesentiam: sed speculatores facti illius magnitudinis.
Gonne re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe!
17 Accipiens enim a Deo Patre honorem, et gloriam, voce delapsa ad eum huiuscemodi a magnifica gloria: Hic est Filius meus dilectus, in quo mihi complacui, ipsum audite.
Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe;
18 Et hanc vocem nos audivimus de caelo allatam, cum essemus cum ipso in monte sancto.
ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.”
19 Et habemus firmiorem propheticum sermonem: cui benefacitis attendentes quasi lucernae lucenti in caliginoso loco donec dies elucescat, et lucifer oriatur in cordibus vestris:
Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona.
20 hoc primum intelligentes quod omnis prophetia Scripturae propria interpretatione non fit.
Gonne ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong.
21 Non enim voluntate humana allata est aliquando prophetia: sed Spiritu sancto inspirati, locuti sunt sancti Dei homines.

< Petri Ii 1 >