< Thessalonicenses I 2 >

1 Nam et ipsi scitis, fratres, introitum nostrum ad vos, quia non inanis fuit:
Lona ka sebele lo a itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore loeto loo lo ne lwa nna lwa botlhokwa jang.
2 sed ante passi multa, et contumeliis affecti (sicut scitis) in Philippis, fiduciam habuimus in Deo nostro loqui ad vos Evangelium Dei in multa solicitudine.
Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba.
3 Exhortatio enim nostra non de errore, neque de immunditia, neque in dolo,
Jalo lo ka bona gore re ne re sa rere ka maikutlo ape a tsietso kgotsa maikaelelo ape a a bosula mo megopolong ya rona; re ne re tlhamaletse gape re le boammaaruri.
4 sed sicut probati sumus a Deo ut crederetur nobis Evangelium: ita loquimur non quasi hominibus placentes, sed Deo, qui probat corda nostra.
Gonne re bua re le barongwa ba ba tswang kwa Modimong, re ikantswe ke One go bolela boammaaruri; ga re fetole molaetsa wa One ka gope go kgatlha batho ba ba o utlwang; gonne re direla Modimo ka osi, o o tlhatlhobang dikakanyo tse di boteng tsa dipelo tsa rona.
5 Neque enim aliquando fuimus in sermone adulationis, sicut scitis: neque in occasione avaritiae: Deus testis est:
Le fa e le gangwe fela ga re ise re ke re leke go lo gapa ka mafoko a a borethe, jaaka lo itse sentle, le Modimo o itse gore re ne re sa itire ditsala tsa lona gore lo tle lo re neye madi!
6 nec quaerentes ab hominibus gloriam, neque a vobis, neque ab aliis.
Fa e le kaga kgalaletso, ga re ise re ke re e kope mo go lona kgotsa mo go ope, legale ka re le baaposetoloi ba ga Keresete, re ne re na le tshwanelo ya gore lo re neye tlotlo.
7 Cum possemus vobis oneri esse ut Christi Apostoli: sed facti sumus parvuli in medio vestrum, tamquam si nutrix foveat filios suos.
Mme re ne re siame mo go lona jaaka mmabana a otla bana ba gagwe ebile a ba tlhokomela.
8 Ita desiderantes vos, cupide volebamus tradere vobis non solum Evangelium Dei, sed etiam animas nostras: quoniam charissimi nobis facti estis.
Re ne ra lo rata thata thata, mo e leng gore ga re a ka ra lo naya molaetsa wa Modimo fela, mme re lo neile le one matshelo a rona tota.
9 Memores enim estis fratres laboris nostri, et fatigationis: nocte ac die operantes, ne quem vestrum gravaremus, praedicavimus in vobis Evangelium Dei.
A ga lo gakologelwe, bakaulengwe ba ba rategang, ka fa re dirileng ka teng ka bonatla mo go lona? Bosigo le motshegare re ne re fufulela go bona se se lekaneng gore tshedisa gore ditshenyegelo tsa rona di se ka tsa nna mokgweleo mo go ope wa lona, jaaka re rerile Mafoko a a Molemo a Modimo mo go lona.
10 Vos testes estis, et Deus, quam sancte, et iuste, et sine querela, vobis, qui credidistis, affuimus:
Lona ka sebele lo basupi ba rona, jaaka Modimo le one e le mosupi, gore re ntse re siame re ikanyega ebile re se na molato mo go mongwe le mongwe wa lona.
11 sicut scitis, qualiter unumquemque vestrum (sicut pater filios suos)
Re buile le lona jaaka rabana a buisanya le bana ba gagwe, a ga lo gakologelwe? Re lo kopa, re lo kgothatsa ebile re batla
12 deprecantes vos, et consolantes, testificati sumus, ut ambularetis digne Deo, qui vocavit vos in suum regnum, et gloriam.
gore matshelo a lona a malatsi otlhe a seka a tlhabisa Modimo ditlhong, mme a lere boitumelo mo go One o o lo laleditseng mo bogosing jwa One go nna le seabe mo kgalalelong ya One.
13 Ideo et nos gratias agimus Deo sine intermissione: quoniam cum accepissetis a nobis verbum auditus Dei, accepistis illud, non ut verbum hominum, sed (sicut est vere) verbum Dei, qui operatur in vobis, qui credidistis.
Mme ga re kitla re khutlisa go leboga Modimo kaga se: gore erile fa re lo rerela, ga lo ise lo ke lo tseye gore mafoko a re neng re a bua e ne e kane e le a rona fela, mme lo ne lwa amogela se re neng re se bua e le Lefoko la Modimo tota, le tota e neng e le lone, mme le ne la fetola matshelo a lona fa lo le dumela.
14 vos enim imitatores facti estis fratres Ecclesiarum Dei, quae sunt in Iudaea in Christo Iesu: quia eadem passi estis et vos a contribulibus vestris, sicut et ipsi a Iudaeis:
Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, lo bogile se diphuthego mo Judea di se bogileng, lo bogisiwa ke ba ga lona, fela jaaka ba ne ba bogisiwa ke ba ga bone ebong Bajuta.
15 qui et Dominum occiderunt Iesum, et Prophetas, et nos persecuti sunt, et Deo non placent, et omnibus hominibus adversantur,
Erile ba sena go bolaya baporofiti ba bone, ba ne ba bolaya le ene Morena Jesu; mme jaanong ba re bogisitse setlhogo thata ba bo ba re leleka. Ba kgatlhanong le Modimo le botlhe
16 prohibentes nos Gentibus loqui ut salvae fiant, ut impleant peccata sua semper: pervenit enim ira Dei super illos usque in finem.
ba leka go re kganela gore re seka ra rerela Badichaba. Ba tlhabana ka ntlha ya go boifa gore e ka re kgotsa bangwe ba bolokwa; mme jalo dibe tsa bone di tswelela ka go gola. Mme lwa bofelo bogale jwa Modimo bo tsile mo go bone.
17 Nos autem fratres desolati a vobis ad tempus horae, aspectu, non corde, abundantius festinavimus faciem vestram videre cum multo desiderio:
Bakaulengwe ba ba rategang, fa re sena go kgaogana le lona lobakanyana ntswa dipelo tsa rona di ise di ke di lo tlogele, re ne ra leka thata go boela kwa go lona go lo bona gape.
18 quoniam voluimus venire ad vos: ego quidem Paulus, et semel, et iterum, sed impedivit nos satanas.
Re ne re rata go tla, mme nna Paulo, ke lekile gangwe le gape, mme Satane a re kganela.
19 Quae est enim nostra spes, aut gaudium, aut corona gloriae? Nonne vos ante Dominum nostrum Iesum Christum estis in adventu eius?
Gonne re tshelela eng, se se re nayang tsholofelo le boitumelo ebile e le tuelo le serwalo se re ikgantshang ka sone? Ke lona! Ee, lo tlaa re leretse boitumelo jo bogolo fa re ema mmogo fa pele ga Morena Jesu Keresete fa a tla gape.
20 vos enim estis gloria nostra et gaudium.
Gonne lo kgalalelo ya rona le boitumelo.

< Thessalonicenses I 2 >