< Corinthios I 10 >

1 Nolo enim vos ignorare fratres quoniam patres nostri omnes sub nube fuerunt, et omnes mare transierunt,
Gonne ga re a tshwanela go lebala, bakaulengwe ba ba rategang, se se diragaletseng batho ba ga rona mo sekakeng bogologolo. Modimo o ne wa ba etelela pele ka leru le le neng le tsamaya kwa pele ga bone; mme o ne wa ba ralatsa botlhe sentle metsi a Lewatle je Lehibidu.
2 et omnes in Moyse baptizati sunt in nube, et in mari:
Se se ka nna sa bidiwa e le “kolobetso” ya bone, —ba kolobeditswe botlhe mo lewatleng le mo lerung! —jaaka balatedi ba ga Moshe, boineelo jwa bone mo go ene jaaka moeteledi-pele wa lona.
3 et omnes eandem escam spiritalem manducaverunt,
Mme ka kgakgamatso wa ba romelela dijo go ja le metsi go nwa gone kwa sekakeng; ba ne ba a nwa metsi a Keresete o ba a neileng. O ne a le teng a na le bone jaaka Lefika le le nonofileng la thudiso ya semowa.
4 et omnes eundem potum spiritalem biberunt: (bibebant autem de spiritali, consequente eos, petra: petra autem erat Christus)
5 sed non in pluribus eorum beneplacitum est Deo: nam prostrati sunt in deserto.
Le fa go ntse jalo bontsi jwa bone botlhe ba ne ba se ka ba utlwa Modimo, mme o ne a ba nyeletsa mo sekakeng.
6 Haec autem in figura facta sunt nostri, ut non simus concupiscentes malorum, sicut et illi concupierunt.
Mo thutong e re tlhagisiwa gore ga re a tshwanela go eletsa dilo tse di bosula jaaka ba ne ba dira,
7 neque idololatrae efficiamini, sicut quidam ex ipsis: quemadmodum scriptum est: Sedit populus manducare, et bibere, et surrexerunt ludere.
le eseng go obamela medimo ya disetwa jaaka ba ne ba dira. (Dikwalo di re bolelela gore, “batho ba ne ba nna fa fatshe go ja le go nwa mme ba tloga ba nanoga ba bina,” ba obamela namane ya gauta), modimo wa sesetwa.
8 neque fornicemur, sicut quidam ex ipsis fornicati sunt, et ceciderunt una die viginti tria millia.
Thuto e nngwwe ya rona ke kaga se se neng sa direga fa bangwe ba bone ba leofa le basadi ba banna ba bangwe, mme dikete di le masome a mabedi le boraro tsa a swa ka letsatsi.
9 Neque tentemus Christum: sicut quidam eorum tentaverunt, et a serpentibus perierunt.
Mme se leke bobelotelele jwa Morena, ba ne ba dira jalo, mme ba a swa, ba bolawa ke malomo a noga.
10 Neque murmuraveritis, sicut quidam eorum murmuraverunt, et perierunt ab exterminatore.
Le gone o se ka wa ngongoregela Modimo le tirisano ya one le wena, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira, gonne ke gone ka moo Modimo o ileng wa romela moengele wa one go ba nyeletsa botlhe.
11 Haec autem omnia in figura contingebant illis: scripta sunt autem ad correptionem nostram, in quos fines saeculorum devenerunt. (aiōn g165)
Dilo tse tsotlhe di ba diragaletse e le dikai, jaaka dithuto tsa boitlamo mo go rona go re tlhagisa gore re seka ra dira jaaka bone; dilo tse di kwadilwe gore re tle re bale kaga bone le go ithuta mo go bone mo malatsing ano a bofelo jaaka lefatshe le le gaufi le bokhutlo jwa lone. (aiōn g165)
12 Itaque qui se existimat stare, videat ne cadat.
Jalo itlhokomeleng. Fa lo akanya, lo re, “Oo, ga nka ke ka tlhola ke tshwara jalo gape”, a se e nne tlhagiso mo go lona. Gonne le lona lo ka wela mo sebeng.
13 Tentatio vos non apprehendat nisi humana: fidelis autem Deus est, qui non patietur vos tentari supra id, quod potestis, sed faciet etiam cum tentatione proventum ut possitis sustinere.
Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone.
14 Propter quod charissimi mihi, fugite ab idolorum cultura:
Jalo ditsala tse di rategang, tshabang kobamelo nngwe le nngwe ya medimo ya disetwa.
15 Ut prudentibus loquor, vos ipsi iudicate quod dico.
Lo batho ba ba botlhale. Bonang ka bo lona gore a se ke tlogang ke se bua ke boammaaruri.
16 Calix benedictionis, cui benedicimus, nonne communicatio sanguinis Christi est? et panis, quem frangimus, nonne participatio corporis Domini est?
Fa re kopela senwelo sa mofine tshegofatso fa Lomating lwa Morena, a se ga se reye gore, botlhe ba ba se nwang ba tlhakanela tshegofatso ya madi a ga Keresete? Mme fa re ngathoganya senkgwe se go ja mmogo, se se supa gore rotlhe re tlhakanetse dithuso mo mmeleng wa gagwe.
17 Quoniam unus panis, et unum corpus multi sumus, omnes, qui de uno pane et de uno calice participamus.
Ga go re sepe gore re kae foo, rotlhe re ja mo senkgweng se le sengwe fela, go supa gore rotlhe re ditokololo tsa mmele o le mongwe wa ga Keresete.
18 Videte Israel secundum carnem: nonne qui edunt hostias, participes sunt altaris?
Mme batho ba Sejuta botlhe ba ba jang ditlhabelo ba kopa nngwa ka yone tiro eo.
19 Quid ergo? dico quod idolis immolatum sit aliquid? aut quod idolum, sit aliquid?
Keleka go reng? A ka re medimo ya disetwa o baheitane ba e leretseng ditlhabelo e a tshela ka boammaaruri le gore ke medimo tota, le gore a ditlhabelo tse di na le tlhwatlhwa nngwe? Nnyaa, ga ke rialo.
20 Sed quae immolant Gentes, daemoniis immolant, et non Deo. Nolo autem vos socios fieri daemoniorum:
Se ke se buang ke gore batho ba ba ntshetsang medimo e ya disetwa dijo, ba ikopantse mmogo mo go direleng mewa e e maswe ditlhabelo, tota e seng Modimo. Mme ga ke rate ope wa lona a nna le kabelo epe le mewa e e maswe fa loo ja dijo tse di tshwanang le tsa baheitane, tse di diretsweng mewa e e maswe.
21 non potestis calicem Domini bibere, et calicem daemoniorum: non potestis mensae Domini participes esse, et mensae daemoniorum.
Ga lo kake lwaa nwa senwelo fa lomating lwa bojelo lwa Morena le fa go lwa ga Satane. Ga lo kake lwaa ja senkgwe fa lomating lwa Morena le fa lomating lwa ga Satane.
22 An aemulamur Dominum? Numquid fortiores illo sumus? Omnia mihi licent, sed non omnia expediunt.
Ke eng? A o leka Morena go go galefela. A o nonofile go mo feta?
23 Omnia mihi licent, sed non omnia aedificat.
O gololesegile go ja dijo tse di abetsweng medimo ya disetwa fa o batla go di ja; ga se kgatlhano le molao wa Modimo go ja dijo tse di ntseng jalo, mme ga go reye gore o tswelele pele go go dira. Go ka nna ga letlelesega, mme ga go kake ga nna botoka ga ba ga nna le thuso epe.
24 Nemo quod suum est quaerat, sed quod alterius.
Se ikakanyetse fela ka bo wena. Leka go akanyetsa motho yo mongwe le ene, le se se mo siametseng.
25 Omne, quod in macello vaenit, manducate, nihil interrogantes propter conscientiam.
Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Jaang nama nngwe le nngwe e lo e batlang e e rekisiwang kwa matlhabelong. Se botseng gore a e ka ne e abetswe medimo ya disetwa, e se re kgotsa karabo ya lo koafatsa.
26 Domini est terra, et plenitudo eius.
Gonne lefatshe le sengwe le sengwe se se molemo mo go lone ke sa Morena ebile ke sa gago go se akola.
27 Si quis vocat vos infidelium ad coenam, et vultis ire: omne, quod vobis apponitur, manducate, nihil interrogantes propter conscientiam.
Fa mongwe yo e seng Mokeresete a go kopa go ya dijong nae, tswelelang amogela taletso fa o batla. Ja sengwe le sengwe se se mo lomating lwa bojelo o se ka wa botsa dipotso dipe kaga sone. Mme ga o nke o itse go re a di diretswe medimo ya disetwa kgotsa nnyaa, le gone ga o kitla o nna le segakolodi se se bokoa morago ga o di ja.
28 Si quis autem dixerit: Hoc immolatum est idolis: nolite manducare propter illum, qui indicavit, et propter conscientiam:
Mme fa mongwe a go tlhagisa gore nama e e abetswe medimo ya disetwa jalo se e je ka ntlha ya motho yo o go boleletseng, le ka segakolodi sa gagwe.
29 conscientiam autem dico non tuam, sed alterius. Ut quid enim libertas mea iudicatur ab aliena conscientia?
Mo lebakeng le, maikutlo a gagwe kaga tsone ke selo sa botlhokwa, e seng a gago. Mme o ka botsa gore ka go reng, a ke tshwanetse go kaelwa le go laolelwa ka se mongwe a se akanyang?
30 Si ego cum gratia participo, quid blasphemor pro eo quod gratias ago?
Fa ke ka leboga Modimo ka dijo mme ke di itumelela ke eng fa mongwe a ka letlelelwa go senya sengwe le sengwe fela ka gore o akanya gore ga se a siama?
31 Sive ergo manducatis, sive bibitis, sive aliud quid facitis: omnia in gloriam Dei facite.
Go siame, ke tlaa lo bolelela gore ke eng. Ke ka gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo kgalaletsong ya Modimo, le e leng go ja le go nwa ga gago.
32 Sine offensione estote Iudaeis, et Gentibus, et Ecclesiae Dei:
Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete.
33 sicut et ego per omnia omnibus placeo, non quaerens quod mihi utile est, sed quod multis: ut salvi fiant.
Seo ke leano le ke le latelang le nna. Ke leka go itumedisa mongwe le mongwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, e seng go dira se ke se ratang kgotsa se se ntshwanetseng, fa e se se se siametseng ba bangwe, gore ba tle ba bolokwe.

< Corinthios I 10 >