< ヨハネの黙示録 20 >

1 また私は、御使いが底知れぬ所のかぎと大きな鎖とを手に持って、天から下って来るのを見た。 (Abyssos g12)
Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse dilotlole tsa molete o o senang bolekanngo le keetane e e bokete mo letsogong la gagwe. (Abyssos g12)
2 彼は、悪魔でありサタンである竜、あの古い蛇を捕え、これを千年の間縛って、
Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete.
3 底知れぬ所に投げ込んで、そこを閉じ、その上に封印して、千年の終わるまでは、それが諸国の民を惑わすことのないようにした。サタンは、そのあとでしばらくの間、解き放されなければならない。 (Abyssos g12)
Mme a mo latlhela mo moleteng o o senang bolekanngo, o jaanong a neng a o tswala a bo a o lotlela, gore e se ka ya tlhola e tsietsa dichaba gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela. Morago ga moo e tlaa gololwa gape ka lobakanyana. (Abyssos g12)
4 また私は、多くの座を見た。彼らはその上にすわった。そしてさばきを行なう権威が彼らに与えられた。また私は、イエスのあかしと神のことばとのゆえに首をはねられた人たちのたましいと、獣やその像を拝まず、その額や手に獣の刻印を押されなかった人たちを見た。彼らは生き返って、キリストとともに、千年の間王となった。
Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.
5 そのほかの死者は、千年の終わるまでは、生き返らなかった。これが第一の復活である。
E ke tsogo ya ntlha ya baswi. (Mme ba ba setseng botlhe ba se ka ba rula go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela).
6 この第一の復活にあずかる者は幸いな者、聖なる者である。この人々に対しては、第二の死は、なんの力も持っていない。彼らは神とキリストとの祭司となり、キリストとともに、千年の間王となる。
Go sego ebile go boitshepo ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha. Gonne mo go bone loso lwa bobedi ga lo na thata, gonne ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete…
7 しかし千年の終わりに、サタンはその牢から解き放され、
E tlaa re fa dingwaga tse di sekete di fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong.
8 地の四方にある諸国の民、すなわち、ゴグとマゴグを惑わすために出て行き、戦いのために彼らを召集する。彼らの数は海べの砂のようである。
O tlaa tswa a ya go tsietsa dichaba tsa lefatshe a bo a di phutha, ga mmogo le Gogo le Magogo, go ya ntweng, ebong lesomo le legolo, le le senang palo jaaka motlhaba o o mo lotshitshing.
9 彼らは、地上の広い平地に上って来て、聖徒たちの陣営と愛された都とを取り囲んだ。すると、天から火が降って来て、彼らを焼き尽くした。
Ba tlaa tlhatloga ba kgabaganya kwa godimo ga bophara jwa lefatshe go dikaganyetsa batho ba Modimo le motse o o rategang wa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe. Mme molelo wa Modimo o o tswang legodimong o tlaa fologela mo mephatong ya batlhasedi o bo o e laila.
10 そして、彼らを惑わした悪魔は火と硫黄との池に投げ込まれた。そこは獣も、にせ預言者もいる所で、彼らは永遠に昼も夜も苦しみを受ける。 (aiōn g165, Limnē Pyr g3041 g4442)
Mme Diabolo yo o ba tsieditseng o tlaa latlhelwa mo lecheng la molelo o o tukang ka sebabole mo sebatana le moporofiti wa tsietso ba leng teng, mme ba tlaa tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng. (aiōn g165, Limnē Pyr g3041 g4442)
11 また私は、大きな白い御座と、そこに着座しておられる方を見た。地も天もその御前から逃げ去って、あとかたもなくなった。
Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng.
12 また私は、死んだ人々が、大きい者も、小さい者も御座の前に立っているのを見た。そして、数々の書物が開かれた。また、別の一つの書物も開かれたが、それは、いのちの書であった。死んだ人々は、これらの書物に書きしるされているところに従って、自分の行ないに応じてさばかれた。
Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng.
13 海はその中にいる死者を出し、死もハデスも、その中にいる死者を出した。そして人々はおのおの自分の行ないに応じてさばかれた。 (Hadēs g86)
Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. (Hadēs g86)
14 それから、死とハデスとは、火の池に投げ込まれた。これが第二の死である。 (Hadēs g86, Limnē Pyr g3041 g4442)
Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. (Hadēs g86, Limnē Pyr g3041 g4442)
15 いのちの書に名のしるされていない者はみな、この火の池に投げ込まれた。 (Limnē Pyr g3041 g4442)
Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo. (Limnē Pyr g3041 g4442)

< ヨハネの黙示録 20 >