< テトスへの手紙 1 >

1 神の僕にしてイエズス、キリストの使徒たるパウロ、共通の信仰によりて我實子たるチトに[書簡を贈る]。我が使徒たるは、神に選まれたる人々の信仰に應じ、又人を敬虔に導きて、
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, motlhanka wa Modimo le morongwa wa ga Jesu Keresete.
2 永遠の生命の希望を生ぜしむる眞理の知識に應ずる為なり。即ち僞り給はざる神は世々の以前より此希望を約し給ひしに、 (aiōnios g166)
Ke romilwe go lere tumelo kwa go ba Modimo o ba tlhophileng le go ba ruta go itse boammaaruri jwa Modimo, boammaaruri jo bo fetolang matshelo a batho, gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o ba bo solofeditseng pele ga lefatshe le simologa, mme ga o kake wa bua maaka. (aiōnios g166)
3 時至りて御言を顕すに宣教を以てし給ひ、其宣教は我救主にて在す神の命によりて我に託せられたるなり。
Mme jaanong ka nako ya One e ntle, O senotse Mafoko a a Molemo a, mme o bile o ntetlelela go a bolelela mongwe le mongwe. Ka taolo ya Modimo Mmoloki wa rona, ke tlhomilwe go dira tiro e, ya One.
4 願はくは父にて在す神及び我救主キリスト、イエズスより恩寵と平安とを賜はらんことを。
Lo ya kwa go: Tito, yo e leng morwaake tota mo ditirong tsa Morena. A Modimo Rara le Keresete Jesu Mmoloki wa rona O go nee masego a One le kagiso ya One.
5 第一編 善き聖職者の選択に関する教訓 我が汝をクレタ[島]に置きしは、尚缺けたる所を整へ、且我が汝に命ぜし如く町々に長老を立てしめん為なり、
Ke go tlogetse koo mo setlhaketlhakeng sa Kereta gore o dire sengwe le sengwe se se tlhokegang go thusa go nonotsha phuthego nngwe le nngwe ya sone, mme ke ne ka go kopa go tlhoma baruti mo motseng mongwe le mongwe, ba ba tlaa salang morago ditaelo tse ke di go neetseng.
6 即ち咎むべき所なく、一婦の夫にして、若子等あらば是も信徒にして、放蕩を以て訴へらるる事なく、順はざる事なき子等を有てる人たるべし。
Banna ba o ba tlhophang, ba tshwanetse ba bo ba itsege ka mekgwa e mentle; mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe le bana ba bone ba tshwanetse go rata Morena le gone ga ba a tshwanela go itsege ka bosula kgotsa ka go sa reetseng batsadi ba bone.
7 蓋監督は、神の家宰として咎むべき所なき人たるべし。即ち自慢せず、短氣ならず、酒を嗜まず、人を打たず、耻づべき利を求めず、
Baruti ba, ba tshwanetse ba bo ba le banna ba matshelo a a senang molato gonne ke badiredi ba Modimo. Ba se ka ba nna boikgodiso kgotsa pelo-dikhutshwane; ba se ka ba nna matagwa kgotsa batho ba ba ratang ntwa kgotsa ba ba ratang madi.
8 旅人を接待し、善を好み、怜悧にして義人たり、信心家にして節制家たり、
Ba tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo matlung a bone le go rata gotlhe mo go molemo. Ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le ditlhaloganyo tse di itekanetseng, ebile ba sa patike. Ba tshwanetse go nna le megopolo e e lekalekanyeng e e phepha.
9 教によれる眞の談を固く執り、健全なる教によりて人を勧むることを得、反對を稱ふる人に答弁をするを得る人たるべし。
Go dumela ga bone mo boammaaruring jo ba bo rutilweng go nonofe go bo go nitame, gore ba tle ba kgone go go ruta ba bangwe le go kaela ba ba sa dumalaneng nabo mo ba leng phoso teng.
10 蓋從はずして贅弁を弄し、以て人を惑はす者、殊に割禮の人々の中に多し。
Gonne go ba le bantsi ba ba ganang go reetsa; mo go boammaaruri tota mo go ba ba reng Bakeresete botlhe ba tshwanetse go obamela melao ya Sejuta. Mme e ke puo ya boeleele; e foufatsa batho gore ba seka ba amogela boammaaruri,
11 彼等は耻づべき利の為に、教ふべからざる事を教へ、全家をも覆すが故に、彼等をして閉口せしむるを要す。
mme selo se, se tshwanetse go fedisiwa. Malwapa otlhe a setse a bile a furaletse tshegofatso ya Modimo. Baruti ba ba ntseng jaana ba ipatlela madi a lona fela.
12 彼等の中なる一人の預言者は言へり、「クレタ人は何時も虚言を吐きて、惡き獣、懶惰の腹なり」と。
Mongwe wa bone, ebong moporofiti yo o tswang kwa Kereta, o buile jaana kaga bone a re, “Batho ba botlhe ba Kereta ke baaki; ba tshwana le diphologolo tse di ditshwakga, tse di tshelelang dimpa tsa tsone fela.”
13 この證言は實なり、此故に汝、彼等をして信仰に健全ならしめん為に、鋭く之を譴責し、
Mme mo go boammaaruri. Jalo bua le Bakeresete koo, ka tlhwaafalo e e nang le kutlwelo botlhoko ka fa go tlhokegang ka teng go ba nonotsha mo tumelong,
14 ユデア教の寓言と、身を眞理に反くる人々の戒とに憑る事なからしめよ。
le go ba kganela go tlhola ba nnetse go reetsa dinaane tsa Bajuta le ditaolo tsa batho ba ba furaletseng boammaaruri.
15 潔き人々には、物皆潔けれども、穢れたる人、不信の人には潔き物なく、其理性と良心と共に穢れたり。
Motho yo o pelo e itshekileng o bona bomolemo le bophepa mo go sengwe le sengwe; mme motho yo pelo ya gagwe e bosula ebile e sa ikanyege o bona bosula mo go sengwe le sengwe, gonne mogopolo wa gagwe o o leswe le pelo ya gagwe e e tsogologelang, di baya dilo tsotlhe tse a di bonang le tse a di utlwang mmala o e seng one.
16 彼等は自ら神を識り奉れりと宣言すれども、行に於ては之を棄てて實に憎むべきもの、反抗するもの、一切の善業に就きての廃物なり。
Batho ba ba ntseng jalo gantsi ba re ba itse Modimo, mme ka go bona ka fa ba itsayang ka teng, ba lemogwa gore ga ba o itse. Ba bodile ebile ga ba laolesege, ba tlhobosegile mo ba se kakeng ba dira tiro epe e e molemo.

< テトスへの手紙 1 >