< ローマ人への手紙 7 >

1 兄弟等よ、我律法を知れる人々に謂へば、汝等律法に人の司らるるは活ける間のみなる事を知らざるか。
A ga lo ise lo bo lo tlhaloganye, bakaulengwe ba Sejuta ba ba rategang mo go Keresete, gore fa motho a a swa, molao ga o sa tlhole o mo tlama?
2 蓋夫ある婦は、夫の存命中律法を以て之に繋がると雖も、夫死すれば之に對する律法を解かるるなり。
Mmang ke tshwantshe: Fa mosadi a nyalwa, molao o mo golegelela mo monneng wa gagwe fela fa a sa ntse a tshela. Mme fa monna a a swa, mosadi ga a sa tlhole a golegeletswe mo go ene; melao ya lonyalo ga e sa tlhole e mo ama.
3 然れば夫の存命中他の人に就けば姦婦と呼ばるべきも、夫死したる時は其律法より釈され、他の人に就くも姦婦には非ざるなり。
Mme o ka nna a nyalwa ke monna o sele fa a rata. Moo go ne go tlaa bo go sa siama fa monna a ne a sa ntse a tshela, mme go siame sentle fela fa monna a sule.
4 然れば我兄弟等よ、汝等もキリストの[死]體に由りて、律法に對して死したる者となれり。是死者の中より復活し給ひし他のものに属して、我等が神に果を結ばん為なり。
“Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo.
5 蓋我等肉に在りし時、律法に據れる罪科の諸慾、死の果を結ばせんとて、我等の五體の中に働きたりしが、
Erile fa tlholego ya lona e kgologolo e sa ntse e dira mo nameng, dithato tsa boleo di ne di dira mo go lona, di lo batlisa go dira sengwe le sengwe se Modimo o neng o re lo seka lwa se dira, lo ungwa ditiro tsa boleo, loungo lo lo bolayang lwa loso.
6 今や我等は既に繋がれたりし死の律法より釈されて、儀文の古きによらず、霊の新しきに由りて事へ奉るに至れり。
Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo).
7 第二款 堕落者に於る律法 然らば我等何をか云はん、律法は罪なるか、然らず。然りながら律法に據らずしては我罪を知らざりき。蓋律法が「貪ること勿れ」と云はざれば我貪を知らざりしに、
Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.”
8 罪は機會に乗じ、掟によりて、我中に所有慾望を惹起せり。即ち律法なき時、罪は死したるものにして、
Mme sebe se dirisitse molao o kgatlhanong le dithato tse di bosula ka go nkgakolola gore dithato tse di ntseng jalo ga di a siama ebile di tsosa mefuta yotlhe ya dithato tse di sa letlelelweng mo go nna! Fela fa go ne go sena melao e e ka rojwang go ka bo go sena boleo.
9 我は昔時律法なくて活きたりしが、掟來りしかば、罪は生回りて、
Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa.
10 我は死せり、斯て我を活かさんとて與へられたる掟は、死を來すものとなれり。
Mme ka fa ke lemogileng ka teng, molao o o molemo o o neng o tshwanetse go ntshupegetsa tsela ya botshelo o ne wa dira gore ke atlholelwe loso.
11 蓋罪は掟の機會に乗じて我を惑はし、且之を以て我を殺せり。
Sebe sa ntsietsa ka go tsaya melao e e molemo ya Modimo se e dirisa go nkatlholela loso.
12 然て律法は聖なり、掟も聖にして且正しく且善なり。
Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo.
13 然らば善なるもの我に死となりたるか、然らず、唯罪が罪と明に顕れん為に、善なるものを以て我に死を來し、掟によりて甚罪深きものとなるに至りしなり。
Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso.
14 我等律法の霊的なる事を知る、然れど我は肉的にして罪の下に売られたる者なり。
Molao o molemo, jalo he, molato ga o mo molaong o mo go nna, gonne ke rekisitswe mo botlhankeng jwa sebe jaaka monngake.
15 蓋我が行ふ所は我之を知らず、其は志す善は之を為さずして、厭ふ惡は之を為せばなり。
Ga ke itlhaloganye gotlhelele, gonne tota ke batla go dira se se molemo, mme ga ke kgone. Ke dira se ke sa se rateng go se dira, se ke se ilang.
16 斯て我厭ふ事を為せば、律法と同意して自ら之を善なりとす、
Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang.
17 然れば今之を行ふ者は、最早我に非ずして我に宿れる罪なり。
Mme ga ke kgone go ithusa, gonne ga se nna ke se dirang. Ke sebe se se mo go nna ke sone se nonofileng go mpheta, ke sone se ntirisang dilo tse di bosula tse.
18 蓋我之を知れり、善は我に、即ち我肉に宿れるに非ず、其は志す事我に近しと雖も、善を全うすることを得ず、
Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone.
19 志す善は之を為さず、厭ふ惡は却て之を為せばなり。
Fa ke batla go dira molemo ga ke o dire; mme fa ke leka gore ke se ka ka dira bosula, ke a bo dira.
20 斯て我自ら厭ふ事を為せば、最早之を行ふ者は、我に非ずして我に宿れる罪なり。
Jaanong fa ke dira se ke sa rateng go se dira, go bonala sentle kwa molato o leng teng: Sebe se santse se nngaparetse ka bosula jwa sone.
21 然れば我善を為さんとする時は、法として、惡の我に近きを覚ゆ。
Go bonala e le boammaaruri jo bo leng teng mo botshelong gore fa ke batla go dira se se siameng, ke hekeetsega go dira se se sa siamang.
22 蓋精神に由りては神の律法を悦ぶと雖も、
Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng;
23 我五體に外の法ありて、我精神の法に敵對し、我を虜にして五體に在る法に從はしむるを認む。
mme go na le selo sengwe mo botennye jwa me, mo tlholegong ya me e kgologolo, se se tlhabanang le tlhaloganyo ya me, mme se ntira motlhanka wa boleo jo bo sa ntseng bo le mo go nna.
24 嗚呼我は不幸の人なる哉、誰か此死の肉體より我を救ふべきぞ、
Mo tlhaloganyong ya me ke batla go nna motlhanka wa Modimo yo o ikemise-ditseng go dira go rata ga one mme mo boemong jwa moo ke iphitlhela ke sa ntse ke le motlhanka wa boleo. Jalo lo bona ka fa go ntseng ka teng: Botshelo jwa me jo bosha bo mpolelela gore ke dire molemo, mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa.
25 我主イエズス、キリストに由れる神の恩寵是なり。故に我は自ら精神に由りては神の律法に事へ、肉身に由りては罪の法に仕ふ。
Oo, ke mo bothateng jo bo boitshegang jang! Emang yo o tlaa nkgololang mo botlhankeng jo jwa tlholego e ya loso. Ke leboga Modimo! Gonne go setse go dirilwe ke Keresete Morena wa rona. O nkgolotse.

< ローマ人への手紙 7 >