< ローマ人への手紙 14 >

1 第三款 信仰の弱き信徒に對する方法 信仰の弱き人を承くるに親切を以てし、思ふ所を争ふこと勿れ。
Amogelang ka boitumelo mokaulengwe mongwe le mongwe yo o batlang go dirisanya le lona, le fa tumelo ya gagwe e le bokoa. Se mo tshwayeng diphoso ka go nna le megopolo e e farologanyeng le ya lona ka se se siameng le se se sa siamang.
2 蓋或人は凡ての物を食するを善しとするに、弱き人は野菜を食す。
Sekai ke se, se ngangisanyeng nae kaga gore a go tshwanetse kgotsa ga go a tshwa-nela go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. Wena o ka ne kgotsa o dumela gore ga go na sekgopi mo go e jeng, mme tumelo ya ba bangwe e bokoa; ba gopola gore ga go a siama, mme ba tlaa tswelela ba ikitsa nama eo gotlhelele, ba je merogo fela go na le go ja nama e e ntseng jalo.
3 食する人は食せざる人を軽んずべからず、食せざる人も亦食する人を是非すべからず、其は神は人を承容れ給ひたればなり。
Ba ba bonang go ba siametse go ja nama e e ntseng jalo, ba seka ba nyatsa ba ba sa e jeng. Mme fa o le mongwe wa ba ba sa e jeng, se tshwaye phoso ba ba e jang. Gonne Modimo o ba amogetse go nna bana ba one.
4 汝誰なれば他に属する僕を是非するぞ、立つも倒るるも、其主に係はる事なり。但必ずや立つならん、其は神は之を立たしむる事を得給へばなり。
Ke batlhanka ba Modimo, ga se ba gago. Ba tlaa ikarabela mo go one, e seng mo go wena. A Modimo o ba bolelele ka bo one gore a ba siame kgotsa ga ba a siama. Gonne Modimo o nonofile go ba dira gore ba dire ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng.
5 或人は日と日とを弁別するに、他の人は如何なる日をも同一にす、各其料簡に随ふべきのみ。
Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa.
6 日を区別する人は主の為に之を区別し、食する人も主の為に食す、其は神に感謝すればなり。食せざる人も主の為に食せずして亦神に感謝す。
Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga.
7 蓋我等の中に己の為に活くる者なく、己の為に死する者なし、
Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela.
8 其は我等は活くるも主の為に活き、死するも主の為に死すればなり。故に我等は活くるも死するも主の有なり。
Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena, le fa ree swa re swela Morena. Re ba Morena ntlheng tsotlhe.
9 蓋キリストの死して復活し給ひしは、死者と生者とを司り給はんが為なり。
Gonne Keresete o ne a swela a bo a rulela one mogopolo o, gore a nne Morena wa rona rotlhe fa re santse re tshela le fa ree swa.
10 然るに汝何故に兄弟を是非するぞ、何故に兄弟を軽んずるぞ、我等は皆神の法廷に立つべき者なるをや。
Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo.
11 録して、「主曰く、我は活くるなり、凡ての膝我前に屈まり、凡ての舌神を宣言するに至らん」、とあるが如し、
Gonne Jehofa o kwadile a re, “Jaaka ke tshedile, mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”
12 即ち我等は各己の事を神に糺さるべし。
Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong.
13 然れば我等互に罪を定むべからず、寧汝等兄弟の前に、躓かすべきもの、或は罠となるものを置かざらん事を定めよ。
Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama.
14 我は主イエズスに於て知り且確信す、何物も彼によりて自ら潔からざるはなく、其潔からざるは、潔からずと思ふ人に於てのみ。
Tota fela nna, ke tlhomamisa sentle fela thata mo taolong ya Morena Jesu gore, ga go na molato ope mo go jeng dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mme fa mongwe a dumela gore go phoso, hong a seka a e ja ka ntlha ya gore mo go ene ke molato.
15 若食物の為に汝の兄弟を憂ひしむれば、汝は既に愛に從ひて歩む者に非ず、キリストの死して贖ひ給ひし人を、食物の為に亡ぼすこと勿れ。
Mme fa mokaulengwe wa gago a tshwenyega ka se o se jang, ga o dire ka fa loratong fa o tswelela ka go se ja. Se dire gore se o se jang se koafatse mongwe yo Keresete o mo swetseng.
16 然れば我等の有てる善きものは罵らるべかず、
Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse.
17 其は神の國は飲食にあるに非ずして、聖霊に由れる義と平和と歓とに在ればなり。
Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo.
18 蓋之を以てキリストに事ふる人は神の御意に適ひ、人々にも善しとせらるるなり。
Fa o letla Keresete go nna Morena mo dilong tse, Modimo o tlaa itumela; fela jalo le ba bangwe ba tlaa itumela.
19 故に我等は平和の事を追求して、人の徳を立つべき事を互に守るべきなり。
Ka yone tsela e, ikaeleleng go agisanya ka kagiso mo phuthegong lo bo lo leke go agelelana ka go godisanya mo tumelong.
20 食物の為に神の事業を亡ぼすこと勿れ、凡ての物は潔しと雖も、食して躓かする人には惡となる。
Lo seka lwa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Gakologelwang gore, ga go na sepe se se molato mo nameng, mme go phoso go e ja fa e kgopisa yo mongwe.
21 肉食、飲酒、其他汝の兄弟の或は心を痛め、或は躓き、或は弱くなる事を為ざるを善しとす。
Selo se se siameng go dirwa ke go tlogela go ja nama kgotsa go nwa mofine kgotsa go dira sengwe se se kgopisang mokaulengwe wa gago kgotsa se mo leofisa.
22 汝に[確]信あらんか、之を神の御前に我が身の中に保て。善しとする事に就きて己を咎めざる人は福なり、
O ka itse gore ga go na molato mo go se o se dirang, le ka fa BoModimong, mme se ipolokele mo pelong; se supe tumelo ya gago ka boikgogomoso fa pele ga ba bangwe, ba e ka reng kgotsa ya ba kgopisa. Ka mabaka a a ntseng jaana, go sego motho yo o sa leofeng ka go dira se a itseng gore se siame.
23 然れど疑ひつつ食したる時は罪せらる、其は[確]信によりて為ざればなり、総て[確]信に由らざる事は罪なり。
Mme le fa e le mang yo o dumelang gore selo se o batlang go se dira ga se a tshwanela, a seka a se dira. Fa a se dira o a leofa, gonne o akanya gore ga se a siama, jalo he, mo go ene ga se a tshwanela. Le fa e le eng se se dirwang kwa ntle ga se a bonang se siame, ke sebe.

< ローマ人への手紙 14 >