< ヨハネの黙示録 9 >

1 第五の天使喇叭を吹きしに、我一の星の天より地に落ちたるを見たり。然て彼は底なき淵の穴の鍵を授けられ、 (Abyssos g12)
Mme moengele wa botlhano a letsa torompeta ya gagwe mme ka bona mongwe yo o wetseng mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, mme ene a bo a neetswe dikopololo tsa molete o o se nang bolekanngo. (Abyssos g12)
2 淵の穴を開きしかば、大いなる炉の烟の如き烟穴より立昇りて、日も空も穴の烟の為に暗まされたり。 (Abyssos g12)
Ya re a o bula, mosi wa tswa jaaka ekete o tswa mo leisong la boubelo jo bogolo. Mme letsatsi le phefo tsa fifadiwa ke mosi. (Abyssos g12)
3 又穴の烟より蝗地上に出でて、地の蠍の如き力を授けられ、
Mme tsie ya tswa mo mosing ya fologela mo lefatsheng mme ya newa nonofo ya go loma jaaka diphepheng.
4 地の草、凡ての青物、及び如何なる樹木をも害する事なく、唯己が額に神の印を有せざる人々をのみ害すべき事を命ぜられたり。
E ne ya laelwa gore e se ka ya tlhokofatsa bojang kgotsa dijalo kgotsa ditlhare mme e tlhasele batho ba ba senang lotshwao lwa Modimo mo diphatlheng tsa bone.
5 但之を殺す事なく、五箇月の間苦しむる力を授けられ、其苦は蠍の人を刺したる時の苦に等し。
E se ka ya ba bolaya, fa e se go ba tlhokofatsa selekanyo sa dikgwedi tse tlhano ka tlhokofatso e e tshwanang le go loma ga phepheng.
6 此時人々死を求めて而も之に遇はず死を望みて而も死は彼等を遠ざかるべし。
Mo malatsing ao batho ba tlaa leka go ipolaya mme ga ba kitla ba kgona, loso ga lo kitla lo tla. Ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo tlaa sia!
7 彼蝗の状は戰に備へたる馬に似て、頭には金に似たる冠の如きものあり、顔は人の顔の如く、
Tsie e ne e lebega jaaka dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa. E ne e na le sengwe se lebega jaaka dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa yone, mme difatlhogo tsa yone di ntse jaaka batho.
8 女の髪毛の如き毛ありて、歯は獅子の歯に等しく、
Moriri wa yone o le mo leele jaaka wa basadi, le meno a yone a tshwana le a ditau.
9 鉄の鎧の如き鎧ありて、翼の音は多くの馬に曳かれて戰場に走る車の音の如く、
E ne e apere diiphemelo tsa sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, le diphuka tsa yone di suma jaaka mophato wa dipitse tse di siamelang ntweng.
10 尚蠍の如き尾ありて、其尾に刺あり、其力は五箇月の間人を害すべし。
E ne e na le megatla e e lomang jaaka diphepheng, mme nonofo ya yone ya go tlhokofatsa, e e e neetsweng selekanyo sa dikgwedi tse tlhano, e ne e le mo megatleng ya yone.
11 此蝗を司る王は底なき淵の使にして、名はヘブレオ語にてアバッドン、ギリシア語にてアポルリオンと云ひ、ラテン語[の意味]は破壊者なり。 (Abyssos g12)
Kgosi ya yone ke kgosana ya molete o o senang bolekanngo e leina la yone e leng Abadone, ka Sehebera, mme ka Segerika ke Apolione (mme e ne e bidiwa Mosenyi ka Setswana). (Abyssos g12)
12 一の禍過ぎて尚二の禍來らんとす。
Therego ya ntlha jaanong e a fela, mme go na le tse pedi tse di tlang!
13 第六の天使喇叭を吹きしかば我聞きたるに、神の御目前なる金の香台の四隅より一の聲出で、
Moengele wa borataro a letsa torompeta ya gagwe mme ka utlwa lentswe le bua mo dinakeng tse nne tsa sebeso sa gauta se se leng fa pele ga setilo sa Bogosi,
14 喇叭を持てる第六の天使に謂ひけるは、ユウフラテの大河の辺に繋がれたる四の天使を免せ、と、
le raya moengele wa borataro le re, “Golola baengele ba le bane ba ba boitshegang ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Yuferatase.”
15 斯て年月日時を期して人間の三分の一を殺さんと構へたる、四の天使免されたり。
Ba ne ba baakanyeditswe yone ngwaga eo le kgwedi le letsatsi le oura eo, mme jaanong ba ne ba gololwa go bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe.
16 騎兵の數は二億にして我其數を聞けり。
Mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one, mophato wa ntwa wa didikadike tse di makgolo a mabedi, mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one.
17 然て我幻影に其馬を見しが、之に乗れる者は緋色、紫色、硫黄色の鎧を着け、馬の頭は獅子の頭の如くにして、其口より火と烟と硫黄と出で、
Ka bona dipitse tsa bone di bewa fa pele ga me mo ponatshegelong ya me; bapalami ba tsone ba ne ba apere diiphemelo tsa sehuba tse di khibidu, e tswa dingwe di ne di le botala jwa legodimo, tse dingwe di le di tshetlha. Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le tsa ditau, mme mosi le molelo le selefera e e tukang di tswa mo melomong ya tsone, di bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe.
18 此三の禍、即ち其口より出づる火と烟と硫黄との為に人間の三分の一殺されたり。
19 其馬の力は口と尾とに在り、其尾は蛇の如くにして頭を備へ、之を以て害を加ふるなり。
Nonofo ya tsone ya loso e ne e se mo melomong ya tsone fela, le mo megatleng e ne e le teng, gonne megatla ya tsone e ne e tshwana le ya ditlhogo tsa dinoga tse di lomang go ntsha dintho tse di botlhoko.
20 是等の禍によりて殺されざりし人々は、尚其手の業より改心せずして惡鬼等を拝し、見聞き歩む事を得ざる金、銀、銅、木、石の偶像を拝する事を歇めず、
Mme batho ba ba neng ba setse, morago ga dipetso tse, ba bo ba ntse ba gana go obamela Modimo! Ba se ka ba bakela go obamela mewa e e maswe, le medimo ya bone ya disetwa e e dirilweng ka gauta le selefera, kgotlho, leje le logong, e e sa boneng e e sa utlweng le fa e le go tsamaya!
21 其殺人、其害毒、其私通、其窃取の罪よりも改心せざりき。
Le gone ga ba a ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo, dipolao tsa bone tsotlhe le boloi, boitshekologo jwa bone le bogodu.

< ヨハネの黙示録 9 >