< ヨハネの黙示録 4 >

1 第一款 豫備の出現 其後我見たるに、折しも天に開けたる門あり、而して我が初に我に語るを聞きし喇叭の如き聲言ひけるは、此處に登れ、我此後に成るべき事を汝に示さん、と。
Mme ya re ke leba, ka bona kgoro e butswe kwa legodimong, mme lentswe le ke neng ka le utlwa la ntlha, le le neng le utlwala jaaka tumo e kgolo ya lonaka, la bua le nna la re, “Tla kwano mme ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang.”
2 斯て我忽ち氣を奪はれたるが如くになりしに、折しも天に一の玉座備へられ、其玉座の上に坐し給ふものありて、
Mme ya re gone fela foo ka bo ke le kwa legodimong ke le mo moweng, ka bona kgalalelo ya lone! Setilo sa Bogosi le mongwe a ntse mo go sone!
3 其坐し給ふものは碧玉及び赤條瑪瑙の象の如く、又玉座の周圍に緑玉の象の如き虹ありき。
Phatsimo e kgolo ya lesedi ya phatsima fa pele ga gagwe jaaka ekete e tswa mo teemaneng e e galalelang, kgotsa mo lentsweng la botlhokwa le le bohibidu jo bo tsabakelang, le mola wa godimo o phatsima, o phatshima jaaka leje la botlhokwa le le tala le dikaganyeditse setilo sa gagwe sa bogosi.
4 然て玉座の周圍に廿四の高座あり、其高座の上には白衣を纏ひて頭に金冠を戴ける廿四人の翁坐し居れり。
Ditilo tse di masome a mabedi le bone di dikaganyeditse sa gagwe, le bagolwane ba le masome a mabedi le bone ba ntse mo go tsone; botlhe ba ne ba apere bosweu, ba rwele dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa bone.
5 斯て玉座より電光と數多の聲と雷鳴と出でつつありしが、玉座の正面には輝く七の燈火あり、是即ち神の七霊なり。
Ga tswa logadima le tumo ya maru mo setilong sa bogosi, mme ga bo go na le mantswe mo tumong ya maru. Fa pele ga setilo sa gagwe sa bogosi go ne go na le dipone di supa tse di tshubilweng di emetse Mewa e supa ya Modimo.
6 又玉座の前に水晶に似たる玻璃の海あり、玉座の中央と周圍とに、前後共に目にて満ちたる四の動物ありき。
Fa pele ga sone ga bo go le lewatle la leje le le phatshimang jaaka legakwa le lesweu. Ditshedi tse nne, di takilwe ka matlho kwa pele le kwa morago, di ne di eme mo ditlhakoreng tse nne tsa setilo sa bogosi.
7 第一の動物は獅子の如く、第二の動物は犢の如く、第三の動物は人の如き顔ありて、第四の動物は飛ぶ鷲の如し。
Setshedi sa ntlha mo go tse nne tse, se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le pholo; sa boraro se na le sefatlhogo se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntsu, a phutholotse diphuka jaaka e ka re o a fofa.
8 此四の動物各六の翼ありて、内外共に目にて満ち、晝夜絶間なく、聖なる哉、聖なる哉、聖なる哉、曾て在し、今も在し、又将に來り給ふべき全能の神にて在す主よ、と言ひ居れり。
Setshedi sengwe le sengwe sa ditshedi tse nne sa bo se na le diphuka di le thataro, mme bogare jwa diphuka tsa tsone jwa bo bo tletse matlho. Bosigo le motshegare di goa di re, “O Boitshepo, O Boitshepo, Morena Modimo Mothatayotlhe, ene yo o neng a le teng le yo o leng teng, e bile e le yo o tlaa tlang.”
9 斯て此四の動物、玉座に坐し給ひて世々に限なく活き給ふものに、光榮と尊崇と感謝とを歸し奉るに、 (aiōn g165)
Mme ya re fa ditshedi di galaletsa di tlotla e bile di leboga yo o ntseng mo setilong sa bogosi, yo o tshelang ka metlha le metlha, (aiōn g165)
10 廿四人の翁、玉座に坐し給ふものの御前に平伏し、世々に限なく活き給ふものを禮拝し奉り、己が冠を玉座の前に投じつつ、 (aiōn g165)
bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa pele ga gagwe ba mo obamela, yo o tshelang ka bosakhutleng, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setilo sa bogosi ba opela ba re, (aiōn g165)
11 主にて在す我等の神よ、主こそは光榮と尊崇と能力とを受け給ふべけれ、其は御自ら萬物を創造し給ひ、萬物の存在にして創造せられしは御旨によればなり、と言ひ居れり。
“Oo Morena, O tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le nonofo, gonne o dirile tsotlhe. Di tlhodilwe tsa bo tsa bidiwa ditshedi ka thato ya gago.”

< ヨハネの黙示録 4 >