< ヨハネの黙示録 22 +

1 天使又我に示すに、水晶の如く透明れる生命の水の河の、神及び羔の玉座より流るるを以てせり。
Mme a ntshupegetsa noka ya metse a a itshekileng a Botshelo, a le phepa jaaka legakwa, a elela a tswa mo setilong sa Bogosi sa Modimo le sa Kwana,
2 市街の衢の中央及び河の兩岸に生命の樹あり、十二の果を結びて月毎に一の果を出し、此樹の葉も亦萬民を醫すべし。
a fologela ka mmila o mo tona. Mo ntlheng e nngwe le e nngwe ya noka ga bo go tlhogile ditlhare tsa Botshelo di na le dikungo di le lesome le bobedi, di ungwa dikungo tse di itekanetseng kgwedi le kgwedi; matlhare a tsone a ne a dirisiwa e le molemo go alafa dichaba.
3 如何なる詛も今は有る事なく、神と羔との玉座其中に在りて、其僕等之に事へ奉るべく、
Ga go kitla go nna le sepe mo motseng se se bosula; gonne setilo sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana di tlaa bo di le gone, mme batlhanka ba gagwe ba tlaa mo obamela.
4 彼等其御顔を見奉り、神の御名其額に在るべし。
Mme ba tlaa bona sefatlhogo sa gagwe; mme leina la gagwe le tlaa kwalwa mo diphatleng tsa bone.
5 最早夜ある事なく、燈の光をも日の光をも要する事なかるべし、其は神にて在す主彼等を照し給へばなり。斯の如くにして彼等は世々に限なく王たるべし。 (aiōn g165)
Mme ga go kitla go nna bosigo gone, ga go tlhokege dipone kgotsa letsatsi, gonne Morena Modimo o tlaa nna lesedi la bone; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng. (aiōn g165)
6 末文 天使我に謂ひけるは、此言は信ずべくして眞なり、預言者等の霊を賜へる神にて在す主は、遠からずして成るべき事を其僕等に示さん為に、其天使を遣はし給ひしなり。
Mme moengele a nthaya a re, “Mafoko a a Boikanyo le Boammaaruri; ‘Ke e tla ka bonako!’ Modimo, o o bolelelang baporofiti ba one se se diragalang mo lobakeng lo lo tlang, o rometse moengele wa one go go bolelela se se tlaa tlogang se diragala. Go sego ba ba se dumelang le botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lo lo mennweng.”
7 看よ我速に來らん。此書の預言の言を守る人は福なる哉、と。
8 是等の事を見聞したる者は我ヨハネにして、見聞したる後、是等の事を我に示せる天使の足下に平伏して禮拝せんとせしに、
Nna, Johane ke bonye, e bile ke utlwile dilo tse tsotlhe, mme ke ne ka wela fa fatshe go obamela moengele yo o neng a di mpontsha;
9 彼我に謂ひけるは、然する事勿れ、我は汝及び汝の兄弟たる預言者等、並に此書の預言の言を守る人々と同様の僕なり、神をば禮拝し奉れ、と。
mme a nthaya gape a re, “Nnyaa, se dire sepe se se ntseng jalo. Le nna ke motlhanka wa ga Jesu jaaka wena, le jaaka bomorwa rrago ba ntse, le botlhe ba ba bolokileng boammaaruri jo bo kwadilweng mo lokwalong lo. Ba obamela Modimo o le osi.”
10 又我に謂ひけるは、此書の預言の言を封ずる事勿れ、其は時近ければなり。
Mme a ntaela a re, “O se ka wa tswalela se o se kwadileng, gonne nako ya tiragatso e atametse.
11 害する人は愈害し、汚に在る人は愈汚れ、正しき人は愈正しく、聖なる人は愈聖と成るべし。
Mme e tlaa re fa lobaka loo lo tla, botlhe ba ba dirang bosula ba tlaa bo dira go fetisisa; yo o leswe o tlaa nna leswe thata, batho ba ba siameng ba tla siama thata; ba ba boitshepo ba tlaa tswelela mo boitshepong jo bogola.”
12 看よ我速に來り、報を携へて、各其業に随ひて之に報いんとす。
“Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng.
13 我はアルファなり、オメガなり、最初のものなり、最終のものなり、原因なり、終局なり。
“Ke nna, Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo, wa Ntlha le wa Bofelo.
14 生命の樹に與る権を得ん為、門より市街に入らん為に、羔の御血に己が衣を洗ふ人は福なる哉。
Go sego botlhe ba ba tlhatswitseng dikobo tsa bone, go nna le tshwanelo ya go tsena ka dikgoro tsa motse, le go ja loungo lwa setlhare sa Botshelo.
15 犬、魔術を行ふもの、淫亂なるもの、人を殺すもの、偶像を崇拝するもの、総て僞を愛して之を為す者は外に在るべし、
“Kwa ntle ga motse go na le ba ba ikgogonneng mo Modimong, le baloi le diaka le babolai le baobamedi ba medimo ya disetwa, le botlhe ba ba ratang, maaka, le go a bua.
16 我イエズス使を遣はして、諸教會に於て是等の事を汝等に證明せしめたり。我はダヴィドの萌蘗にして裔なり、輝ける暁の明星なり。
Nna Jesu, ke rometse moengele wa me kwa go lona go bolelela diphuthego dilo tse tsotlhe. Ke nna modi wa ga Dafide le wa lotso lwa gagwe. Ke Naledi ya Moso e e phatsimang.”
17 霊及び新婦、來り給へと言へり。聞く人も亦、來り給へと言ふべし。渇く人は來れ、欲する人は價なく生命の水を受けよ。
Mme mowa le monyadiwa ba re, “Tla” A mongwe le mongwe wa lona yo o ba utlwang le ene a re, “Tla” A yo o nyorilweng a tle, mongwe le mongwe yo o batlang go tla; a a tle, a tle go nwa metse a botshelo kwa ntle ga theko.
18 我は総て此書の預言の言を聞く人に保證す、若之に加ふる人あらば、神は此書に記されたる禍を之に加へ給はん。
Mme ke bolelela mongwe le mongwe ka tlhwaafalo yo o balang lokwalo lo: go re, fa mongwe a oketsa mo go se se kwadilweng fa, Modimo o tlaa mo okeletsa dipetso tse di boletsweng mo lokwalong lo.
19 若此書の預言の言を省く人あらば、神は生命の名簿より、また聖なる都より、又此書に記せる所より、其受くべき分を省き給はん。
Mme fa mongwe a fokotsa bontlha bongwe jwa diporofeso tse, Modimo o tlaa tlosa seabe sa gagwe mo setlhareng sa Botshelo, le mo motseng o o Boitshepo jaaka go boletswe.
20 是等の事を證明し給へるもの曰く、然り、我速に來る、と。アメン、主イエズス來り給へ。
Ene yo o buileng dilo tse tsotlhe a re, “Ee, ke e tla ka bonako!” Amen! Tla, Morena Jesu!
21 願はくは我主イエズス、キリストの恩寵、汝等一同と共に在らん事を、アメン。
A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Amen!

< ヨハネの黙示録 22 +