< ヨハネの黙示録 21 >

1 第二項 聖會の決勝 我又新しき天と新しき地とを見たり、蓋曩の天と曩の地とは過去りて、海も既に在らざるなり。
Mme ka bona lefatshe le lesha (go sena mawatle!) le legodimo le lesha, gonne lefatshe le legodimo la pele di ne di nyeletse.
2 我ヨハネ又、聖なる都會新しきエルザレムが、恰も其夫の為に飾れる新婦の如く備はりて、神より天降るを見たり。
Mme nna, Johane ka bona motse o o Boitshepo, Jerusalema yo mosha, a fologa kwa legodimong a tswa kwa Modimong. E ne e le pono e e galalelang a le montle jaaka monyadiwa kwa lonyalong lwa gagwe.
3 又大いなる聲の玉座より來るを聞けり、曰く、看よ神の幕屋は人々と共に在り、神彼等と共に住み給ひて、彼等其民と成り、神御自ら彼等と共に在して、其神と成り給はん。
Mme ka utlwa lentswe le tlhaeletsa le tswa kwa setilong sa Bogosi le re, “Bonang bonno jwa Modimo jaanong bo mo bathong, mme o tlaa nna le bone mme ba tlaa nna batho ba One; ee, Modimo ka bo one o tlaa nna mo go bone.
4 又神彼等の目より涙を悉く拭去り給ひ、此後は死ある事なく、悔も叫も苦も更に之あらざるべし、其は前の事既に去りたればなり、と。
O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kgotsa bohutsana kgotsa selelo kgotsa kutlobotlhoko. Tsotlhe di nyeleletse ruri.”
5 又玉座に坐し給ふもの曰ひけるは、看よ我萬事を新にす、と。又我に曰ひけるは、汝書記せ、其は此言は信ずべくして眞なればなり、と。
Mme yo o ntseng mo setilong sa bogosi a re, “Bona, ke shafatsa dilo tsotlhe!” Mme a nthaya a re, “Kwala se, gonne se ke se go bolelelang se boikanyo le boammaaruri!
6 又我に曰ひけるは、事既に成れり、我はアルファなり、オメガなり、始なり、終なり、我渇く人をして生命の水の源より價なく飲むことを得しめん。
Go fedile! Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo. Ke tlaa naya ba ba nyorilweng metswedi ya metse a botshelo, e le mpho!
7 勝利を得たる人は、是等のものを有して、我其神と成り、彼我子と成るべし。
Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa rua masego a otlhe, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe le ene o tlaa nna morwaake.
8 然れど凡て卑怯なるもの、不信仰なるもの、憎むべきもの、人を殺せるもの、私通を為せるもの、魔術を行ふもの、偶像を崇拝するもの、又総て僞を言ふ者は、火と硫黄との燃ゆる池に於て其報を受くべし、是第二の死なり、と。 (Limnē Pyr g3041 g4442)
Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.” (Limnē Pyr g3041 g4442)
9 又七の最後の禍の充てる器を持ちたる七の天使の一、來りて我に語り言ひけるは、來れ、我羔の配偶者たる新婦を汝に示さん、と。
Mme mongwe wa baengele ba ba supang, ba ba neng ba tsholola megotswana e e neng e na le dipetso tsa bofelo, a tla mme a nthaya a re, “Ntshala morago mme ke tlaa go supegetsa monyadiwa, mosadi wa ga Kwana.”
10 斯て我氣を奪ひて、我を大いにして高き山に携へ、聖なる都エルザレムが神より天降るを示せり。
Mo ponatshegelong a ntseela kwa setlhoweng sa thaba e e goletseng kwa godimo mme ya re ke le mo go yone ka lebelela motse oo wa Jerusalema yo o Boitshepo, o fologa kwa legodimong o tswa kwa Modimong.
11 即ち神の榮光を有して、其燈は水晶の如くに透明れる碧玉の如き寳石に似たり。
O ne o tletse kgalalelo ya Modimo mme o phatsima jaaka lentswe le le botlhokwa, legakwa le le phepa jaaka jasepara.
12 又十二の門を備へたる、大いにして高き城壁あり、其門に十二の天使ありて記されたる名あり、即ちイスラエルの子等の十二族の名なり。
Dipota tsa one di ne di atlhame di goletse kwa godimo di na le dikgoro di le lesome le bobedi di disitswe ke baengele ba le lesome le bobedi. Mme maina a ditso di le lesome le bobedi tsa merafe ya Iseraele a bo a kwadilwe mo dikgorong.
13 東に三の門、北に三の門、南に三の門、西に三の門あり。
Go ne go na le dikgoro di le tharo mo ntlheng nngwe le nngwe, bokone, borwa, botlhaba le bophirimatsatsi.
14 又市街の城壁に十二の基礎ありて、羔の十二使徒の名之に記されたり。
Dipota di ne di na le maje a motheo a le lesome le bobedi, mme mo go one ga bo go kwadilwe maina a baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ba ga Kwana.
15 斯て我と語れる者は、市街と其門と城壁とを測る為に、金の葦の測量竿を持ちたりしが、
Mme moengele a bo a tshotse selekanyo sa gauta go lekanya motse le dikgoro tsa one le dipota.
16 市街は四角に立ちて、長さ広さ相等しく、天使其金の葦を以て市街を測りしに、五百五十五里にして、長さ高さ広さ相等し。
Mme e rile a lekanya, a fitlhela o lekalekana; tota boleele jwa one bo ne bo lekana le boatlhamo, gonne go tsholetsega ga one go ne go lekana le boleele le bophara jwa one, e le dimaele di le sekete le makgolo a matlhano.
17 又城壁を測りしに、二十五丈あり、人の度にして亦天使の度なり。
A lekanya bokima jwa dipota mme a fitlhela di le selekanyo sa dikgato di le makgolo a mabedi le lesome le borataro, go kgabaganya, (mme moengele a mpiletsa dilekanyo tse, a dirisa molao wa go lekanya dilo).
18 其城壁は碧玉より成り、市街は清き玻璃に似たる純金にして、
Motse ka bo one o ne o itshekile o galalela jaaka galase ya gauta! Dipota di ne di dirilwe ka jasepera, mme di agilwe mo dithakong tse di lesome le bobedi tsa maje a motheo o o neng o kgabisitswe ka majana a botlhokwa. Mme motheo wa ntlha e ne e le jasepera; wa botlhano e le Saredonukese;
19 市街の城壁の基礎は有らゆる寳石を鏤め、第一の基礎は碧玉、第二は青玉、第三は玉髄、第四は緑玉、
20 第五はサルドニクス、第六は赤條瑪瑙、第七は貴橄欖石、第八は緑柱玉、第九は黄玉、第十はクリゾプラズ、第十一はヒヤシント、第十二は紫水晶なり。
wa borataro e le Saredise; wa bosupa e le Kerusolete; wa bofera bobedi e le berile; boferabongwe e le topase; wa lesome e le Kerusaperase; wa lesome le bongwe e le Yakinithe; wa lesome le bobedi e le Amethuseta:
21 十二の門は十二の眞珠にして、各の門は一の眞珠より成り、市街の衢は透明れる玻璃の如き純金なり。
Dikgoro tse di lesome le bobedi di ne di dirilwe ka diperela, kgoro nngwe le nngwe e dirilwe ka perela e le nngwe! Mme mmila o mo tona o ne o dirilwe ka gauta e e galalelang, jaaka galase.
22 此市街には[聖]殿あるを見ず、其は全能の神にて在す主及び羔は、其[聖]殿にて在せばなり。
Go ne go sena tempele epe e e bonalang mo motsing, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe le Kwana ke bone tempele ya motse oo.
23 又此市街は日月に照さるるを要せず、其は神の榮光之を照し、羔其燈にて在せばなり。
Mme motse ga o tlhoke letsatsi kgotsa ngwedi go o bonessa gonne kgalalelo ya Modimo le ya ga Kwana di a o bonesa.
24 諸國民彼が光によりて歩むべく、地上の國王等己が光榮と尊崇とを是に齎すべく、
Lesedi la one le tlaa bonesa dichaba tsa lefatshe, mme babusi ba lefatshe ba tlaa tla ba o leretse kgalalelo.
25 其門は終日閉づる事なかるべし、其は此處には夜無なければなり。
Dikgoro tsa one ga di ke di tswalwa di nna di butswe letsatsi lotlhe, ebile ga go na bosigo!
26 是には諸國民光榮と尊貴とを齎すべく、
Mme kgalalelo le tlotlo ya dichaba tsotlhe di tlaa tlisiwa mo go one.
27 潔からざるもの、憎むべき事を行ふもの、僞を為すものは之に入らず、羔の生命の名簿に記されたる人々のみ之に入るべし。
Ga go na sepe se se bosula se se tlaa letlelelwang mo go one, ke raya le fa e le yo o boitshekologo kgotsa yo o sa ikanyegeng, mme fa e se fela ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo lwa ga Kwana.

< ヨハネの黙示録 21 >