< ヨハネの黙示録 12 >

1 第一款 婦人及び龍 又天に大いなる徴現れたり、即ち日を着たる一個の婦人あり、其足の下に月ありて、頭には十二の星の冠あり。
Mme ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, se supa dilo tse di tlaa tlang, ka bona mosadi a apere letsatsi, go na le ngwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe, le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi mo tlhogong ya gagwe.
2 子を姙して陣痛に遇ひ、将に産まんとして叫び居れり。
O ne a le moimana mme a lediwa ke ditlhabi tsa pelegi ya gagwe, a letetse go belega.
3 又天に他の徴顕れたり、看よ大いなる赤き龍ありて、七の頭、十の角あり、其頭には七の冠あり、
Ka tshoganetso ga bonala kgogela e khibidu, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, le dirwalo di supa mo tlhogong ya bone.
4 尾は天の星の三分の一を引き居りしが、之を地に擲ち、子を産まんとする婦人の前に立ちて、生れなば其子を食はんと構へたり。
Mogatla wa yone o ne o goga karolo ya boraro ya dinaledi, tse e neng ya di latlhela mo lefatsheng. Ya ema fa pele ga mosadi jaaka a ne a tloga a belega, e ipaakanyeditse go kometsa losea fa lo tsholwa.
5 婦人は萬民を鉄の杖もて治むべき一人の男子を生みしに、其子は神の御許に其玉座へ引上げられたり。
Mme a tshola ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go busa dichaba tsotlhe ka letsogo le le bokete, mme a phamolelwa kwa Modimong le kwa setilong sa one sa bogosi.
6 婦人は荒野に迯れしが、此處に一千二百六十日の間養はるる様、神より備へられたる處ありき。
Mosadi a siela mo sekakeng, kwa Modimo o neng o mmaakanyeditse bonno teng, go mo tlhokomela selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le borataro.
7 斯て天に於て大いなる戰起れり、ミカエル及び其使等、龍と戰ひ、龍も其使等も戰ひ居りしが、
Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba lwantsha kgogela le baengele ba yone ba ba neng ba digelwa mo lefatsheng.
8 龍勝を得ずして天に其跡すらも遺らざりき。 海の砂の上に立てり。
Mme kgogela ya fenngwa ya lelekwa kwa legodimong.
9 而して彼大いなる龍、全世界を惑はせる蛇、所謂惡魔又はサタンなるもの投下されたり、彼地に投下されしかば、其使等も共に投下されたり。
Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe.
10 我又大いなる聲の天に於て斯く言へるを聞けり、我等の神の救と、力と、國と、又其キリストの権能とは、今ぞ至れる、其は我等の兄弟等を訴へて、我等の神の御前に日夜彼等を訴へ居たりしもの、投下されたればなり。
Mme ka utlwa lentswe le goela kwa godimo le kgabaganya magodimo le re, “Go diragetse kwa bofelong! Poloko ya Modimo le nonofo le puso, le taolo ya ga Keresete Morwa one gompieno di tsile; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa lefatsheng a tswa mo legodimong, yo o ntseng a ba pateletsa bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona.
11 而して兄弟等は羔の御血により、又己が證明の言によりて之に勝ち、死に至るまで己が生命を惜まざりき。
Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe.
12 是故に喜べや、天及び天に住へるものよ、禍なる哉地よ海よ、其は惡魔己が時の唯暫時なるを知りて、大いなる怒を啣みつつ汝等に下りたればなり、と。
Ke gone ipeleng, magodimo! Lona banni ba legodimo, ipeleng! Itumeleng! Mme a bo go latlhega lona batho ba lefatshe, gonne diabolo o tsile mo go lona ka bogale jo bogolo, a itse gore o na le nako e nnye.”
13 斯て龍は己が地に投下されたるを見て、男子を生みし婦人に追迫りしが、
Mme erile fa kgogela e bona e latlhetswe mo lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o tshotseng ngwana wa mosimane.
14 婦人は荒野に飛ばん為に大いなる鷲の翼を授けられしかば、己が處に至り、一年と數年と半年との間、龍の面前を離れて此處に養はれたり。
Mme mosadi a bo a neilwe diphuka tse pedi tse di tshwanang le tsa ntsu yo mo tona, go fofela kwa sekakeng kwa lefelong le a le baakanyeditsweng kwa o neng a tlhokomelwa teng a bo a sirelediwa mo nogeng, ebong kgogela, selekanyo sa dingwaga tse tharo le sephatlo.
15 然るに龍は其口より水を出して、婦人の後より吹懸くる事河の如く、之を河に流さしめんとしたりしも、
Mme mo leganong la noga metse a mantsi a hulegela kwa mosading e le go leka go mo tsaya;
16 地は婦人を助け、口を開きて龍の口より吹出したる水を呑盡り。
mme lefatshe la mo thusa ka go atlhamologa la metsa metse otlhe a a tswang mo kgogeleng.
17 龍は婦人を怒りて、其子孫の中神の掟を守り且イエズス、キリストの證を有する人々と戰はんとて、往きて、
Hong kgogela e e gaketseng ya bolola go ya go tlhasela bana ba mosadi ba ba setseng, botlhe ba ba neng ba tshegeditse ditaolo tsa Modimo le go ipolela gore ke ba ga Jesu. Ya ema e letile mo moshaweng wa lewatle.

< ヨハネの黙示録 12 >