< ヨハネの黙示録 11 >

1 斯て我杖の如き葦の測量竿與へられて謂れけるは、起きよ、神の聖殿と祭壇と、其處に禮拝する人々とを度れ。
Jaanong ka neelwa thobane e e lekan yang mme ka laelwa go ya go lekanya Tempele ya Modimo, mmogo le ntlo e e mo teng e sebeso se leng mo go yone, le go bala palo ya baobamedi.
2 然れど殿外の庭は、措きて之を度ること勿れ、其は異邦人に委ねられたればなり。而して彼等は四十二箇月の間、聖なる都を踏荒さんとす。
Mme ka tewa gatwe, “O se ka wa lekanya ntlo e e kwa ntle, gonne e neetswe dichaba. Ba tlaa gataka motse o o Boitshepo selekanyo sa kgwedi tse di masome mane.
3 我わが二個の證人に力を與へん、斯て彼等毛衣を着て、一千二百六十日の間預言すべし。
Mme ke tlaa neela basupi ba me ba babedi nonofo ya go porofesa selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetse.”
4 彼等は地の主の御前に立てる二の橄欖樹、二の燈台なり。
Baporofiti ba babedi ba ke ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tse pedi tse di emeng fa pele ga Modimo wa lefatshe lotlhe.
5 若是等を害せんとする人あらば、火其口より出でて其敵を亡ぼさん。若彼等を傷はんとする人あらば、斯の如くにして亡ぼさるべし。
Le fa e le mang yo o lekang go di tlhokofatsa o tlaa bolawa ka molelo o o tswang mo maganong a bone.
6 彼等は預言する間、雨をして降らざらしむべく、天を閉づる力あり、又水をして血に變ぜしめ、思ふが儘に幾度も有らゆる天災を以て地を打つの力あり。
Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng.
7 彼等其證明を終へたらん後は、底なき淵より上る獣ありて彼等と戰を為し、勝ちて之を殺すべく、 (Abyssos g12)
E tlaa re fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone a ba fenya a bo a ba bolaya; (Abyssos g12)
8 其屍は例へばソドマともエジプトとも名づけらるる大都會、即ち彼等の主の十字架に釘けられ給ひし所の衢に遺らん。
mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona.
9 且諸族、諸民、諸語、諸國に属する人、三日半の間其屍を見るも之を墓に収むるを許さじ。
10 地上に住める人は之が為に歓樂しみ、且互に禮物を贈らん、其は彼二人の預言者地上の人を苦しめたればなり。
Mme go tlaa nna le letsatsi la boikhutso la lefatshe lotlhe, batho gongwe le gongwe le gongwe ba tlaa ipela ba bo ba abalana dimpho, ba dira mediro go itumelela loso lwa baporofiti ba babedi ba ba ba tlhokofaditseng mo go kalo.
11 然れども三日半の後は、生命の霊神よりして彼等に入り、彼等足にて立ち、之を見たる人々は大いに懼を懐きしが、
Mme morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone mme ba tlaa ema ka dinao! Mme poifo e kgolo e tlaa wela mongwe le mongwe.
12 天より大いなる聲聞えて、此處に昇れと言ひしかば、彼等雲に乗りて天に昇り、彼等之を見たり。
Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse.
13 尚其時大いなる地震ありて、市の十分の一は倒れ、七千人の人地震の為に殺され、殘れる者は懼しさに堪へず、天の神に光榮を歸し奉れり。
Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo.
14 第二の禍過去りて第三の禍将に來らんとす。
Tatlhego ya bobedi e fetile, mme ya boraro e latela ka bofefo:
15 第四款 第七の喇叭神の國を報ず 第七の天使喇叭を吹きしかば、天に大いなる聲響きて言ひけるは、此世の國は我主と其キリストとのものと成りたれば、世々に限なく統治し給ふべし、アメン、と。 (aiōn g165)
Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.” (aiōn g165)
16 是に於て神の御前に、己が座に坐し居たりし廿四人の翁、平伏して神を禮拝し、
Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba ba ntseng mo ditilong tsa bone tsa Segosi fa pele ga Modimo ba itatlhela fa fatshe ba obama, ba re,
17 然て言ひけるは、曾て在し、今も在し、且來り給ふべき全能の神にて在す主よ、我等汝に感謝し奉る、其は、己が大いなる能力を執りて統治し給へばなり。
“Re a leboga, Morena Modimo Mothatayotlhe, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne jaanong o tshotse nonofo ya gago e kgolo o simolotse go busa.
18 諸國民怒を起したるに、主の御怒亦來れり、且死者審判せられて、主の僕なる預言者、聖人等、及び大小を問はず御名を畏める人々に報を與へ、地上を腐敗せしめたる人々を亡ぼし給ふ時來れり、と。
“Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”.
19 斯て天に於て神の聖殿開け、神の契約の櫃其聖殿に現れ、電光と多くの聲と地震と大いなる雹と起れり。
Mme mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng. Go ne ga nna dikgadima, ga nna loratla lwa tumo ya maru, mme ga nna le matsubutsubu a sefako mme lefatshe la tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lone.

< ヨハネの黙示録 11 >