< ピリピ人への手紙 2 >

1 若幾許のキリストに於る勧、幾許の愛に由る慰、幾許の聖霊の交、幾許の憫の腸あらば、
A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi?
2 汝等我喜を満たせよ。即ち心を同じうし、愛を同じうし、同心同意にして、
Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.
3 何事も党派心、虚榮心の為にせず、謙遜して互に人を己に優れる者と思ひ、
Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.
4 各己が事のみを顧みずして他人の事を顧みよ。
Se akanyeng fela kaga dilo tse e leng tsa lona mme nnang le kgatlhego le mo go ba bangwe, le mo go tse ba di dirang.
5 汝等志す事はキリスト、イエズスの如くなれ、
Maikutlo a lona a tshwanetse go nna a mofuta o re o supegeditsweng ke Jesu Keresete,
6 即ち彼は神の貎に在して神と並ぶ事を盗とは思ひ給はざりしも、
yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo.
7 己を無きものとして奴隷の貎を取り、人に似たる物と成り、外貌に於て人の如くに見え、
Mme a baya fa thoko nonofo ya gagwe e kgolo le kgalalelo, a tsaya setshwano sa motlhanka mme a nna jaaka batho.
8 自ら謙りて、死、而も十字架上の死に至るまで、從へる者となり給ひしなり。
Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.
9 是故に神も亦之を最上に挙げて、賜ふに一切の名に優れる名を以てし給へり、
Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe,
10 即ちイエズスの御名に對しては、天上のもの、地上のもの、地獄のもの、悉く膝を屈むべく、 (questioned)
gore ka leina la ga Jesu mangole otlhe a tlaa khubama mo legodimong le mo lefatshing le ka fa tlase ga lefatshe,
11 又凡ての舌は父にて在す神の光榮の為に、イエズス、キリストの主に在せる事を公言すべし。
diteme tsotlhe di tlaa bolela fa Jesu Keresete e le Morena, go ya kgalalelong ya Modimo Rara.
12 然れば我至愛なる者よ、汝等が常に從ひし如く、我面前に在る時のみならず、今不在の時に當りても、一層懼慄きつつ己が救霊を全うせよ、
Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.
13 其は志す事と為遂ぐる事とは、神が御好意を以て汝等の中に為さしめ給ふ所なればなり。
Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.
14 汝等呟く事なく争ふ事なく、一切の事を行へ、
Mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, kgaoganang le go ngongorega le go ganetsanya,
15 是汝等が惡く且邪なる代に在りて、咎むべき所なく、神の純粋なる子兒として、科なき者とならん為なり。汝等は斯る人々の間に、世界に於る星の如く光りて、
gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,
16 生命の言を保てり、斯て我が走りし事の空しからず、勞せし事の空しからずして、キリストの日に於て我名誉と成るべし。
lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.
17 假令汝等の信仰の供物と祭との上に、我が[血は]濯がるるも、我は之を喜びて汝等一同と共に之を祝す、
Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona.
18 汝等も之を喜びて我と共に祝賀せよ。
Gonne lo tshwanetse go itumela le kaga se, mme lo ipeleng le nna ka ntlha ya go nna le tshwanelo ya go lo swela.
19 第三項 パウロ、フィリッピに遣さんとする人々を賞賛す 我も汝等の事を知りて心を安んぜん為、速にチモテオを汝等に遣はさん事を、主イエズスに於て希望す。
Fa Modimo o rata, ke tlaa romela Timotheo go ya go lo bona ka bonako. Mme fa a bowa o ka intumedisa ka go mpolelela gotlhe kaga lona le gore lo dira jang;
20 其は斯くまで我と同心して、眞心を以て汝等の為に慮る人、復外に在らざればなり。
ga go ope yo o tshwanang le Timotheo yo o nang le kgatlhego e kgolo mo go lona;
21 蓋人は皆イエズス、キリストの事を求めず、己が事を求む、
mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete.
22 と雖も、彼が福音の為に、子の父に於る如く我と共に努めたるは、汝等が其證を知れる所なり。
Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo.
23 然れば我身上の成行を見ば、直に彼を汝等に遣はさん事を期せり。
Ke solofela gore ke tlaa mo romela kwa go lona ka bonako fa ke sena go bona gore ke tsile go diragalelwa ke eng kwano.
24 我自らも亦程なく汝等に至るべき事を、主に於て信頼す。
Ebile ke tshepa Morena gore ka bofefo nna ka sebele ke ka tla go lo bona.
25 然れど我思ふに、汝等より遣はされて我が要する所を供せし我兄弟にして協力者たり戰友たるエパフロヂトを汝等に遣はさざるべからず。
Mme ka lobakanyana ka gopola gore ke tshwanetse go busetsa Epaforodito gape kwa go lona. Lo mo rometse go nthusa mo go tse ke di tlhokang; nna le ene re ntse re le bakaulengwe tota, re dira re bile re le batlhabani mmogo.
26 蓋彼は汝等一同を戀慕ひ、其病める由の汝等に聞えしとて憂ひ居たりしなり。
Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.
27 實に彼は病に罹りて、死ぬばかりに成りたれど、神は彼を憫み給ひ、啻に彼のみならず、我悲の上に又悲の重らざる様、我をも憫み給へり。
Mme ka boammaaruri o ne a lwala; tota le gone o batlile go swa. Mme Modimo o ne wa mo tlhomogela pelo mmogo le nna, wa se ka wa letla gore ke nne le bohutsana jo, mo godimo ga dilo tsotlhe.
28 此故に彼を見る事によりて、更に汝等を喜ばせ、我憂をも減ぜん為に、一層早く彼を遣はせるなり。
Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame.
29 然れば汝等主に於て厚く彼を歓迎し、鄭重に斯る人物を待遇せよ、
Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe,
30 其は彼、我を扶けて汝等の缺けたる所を補はんと、キリストの事業の為に生命を投じて死を犯したればなり。
gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna.

< ピリピ人への手紙 2 >