< マタイの福音書 22 >

1 イエズス答へて、又喩を以て語り曰ひけるは、
Jesu a bolela dipolelo tse dingwe tse dintsi go supa gore Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le eng. Sekai, bo ka tshwantshiwa ka polelo ya Kgosi e e kileng ya baakanyetsa morwaa yone mokete o mogolo wa lenyalo.
2 天國は恰其子の為に婚筵を開ける王の如し。
3 彼婚筵に招きたる人々を召ばんとて、僕等を遣はしたるに、彼等肯て來らざれば、
Baeng ba le bantsi ba lalediwa, mme e rile fa dijo di setse di siame a roma batho go itsise mongwe le mongwe gore ke nako ya gore ba tle. Mme batho ba ba laleditsweng ba gana!
4 復他の僕等を遣はすとて云ひけるは、招きたる人々に告げて、看よ我既に我が饗筵の準備を為せり、我牛と肥たる畜と、屠られて悉く具はれり、婚筵に臨まれよ、と云へ、と。
Jalo a roma batlhanka ba bangwe go ba bolelela gore, “Sengwe le sengwe se siame le dinama tse di besiwang di setse di le mo isong. Itlhaganeleng!”
5 然れども彼等之を顧みず、一人は己が作家に、一人は己が商売に往き、
Mme baeng ba a neng a ba laleditse ba tshega fela ba tswelela pele le ditiro tsa bone, mongwe kwa morakeng wa gagwe yo mongwe kwa madirelong a gagwe;
6 其他は僕等を捕へ甚く辱めて殺ししかば、
ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone.
7 王之を聞きて怒り、軍勢を遣はして彼殺人等を亡ぼし、其街を焼払へり。
Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone.
8 時に王其僕等に云ひけるは、婚筵既に備はりたれども、招かれし人々は[客となるに]堪へざりし故、
Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo.
9 衢に往きて総て遇ふ人を婚筵に招け、と。
Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.”
10 僕等途々に出でて、遇ふ人を善きも惡きも悉く集めしかば、客は婚筵の場に満ちたり。
Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa.
11 王客を見んとて入來り、一人婚禮の服を着けざる者あるを見て是に向ひ、
Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe).
12 友よ、如何ぞ婚禮の服を着けずして、此處に入りしや、と云ひけるに、彼黙然たりき。
Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo.
13 王遂に給仕等に云ひけるは、彼の手足を縛りて之を外の暗に投出だせ、其處には痛哭と切歯とあらん、と。
Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.”
14 夫召されたる人は多けれども、選まるる人は少し、と。
Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe!
15 此時ファリザイ人等出でて、イエズスの詞後を捉へんと相謀り、
Bafarasai ba kopana go leka go akanya tsela e ba ka mo tshwarang mo puong ka yone.
16 己が弟子等をヘロデの党と共に遣はして、云はせけるは、師よ、汝が眞實にして、眞理によりて神の道を教へ、且人に依怙贔屓せざるを以て誰にも憚らざるは、我等の知れる所なり。
Ba ikaelela go roma bangwe ba banna ba bone le Baheroda go mmotsa potso e: “Rra, re itse gore o ikanyega thata le gore o ruta boammaaruri kwa ntleng ga go tlhokomela tse di ka go diragalelang, e bile o sa boife bomang-mang jwa ga ope.
17 然ればセザルに貢を納むるは可や否や、思ふ所を我等に告げよ、と。
Jaanong re bolelele, a go siame go ntshetsa mmuso wa Roma lekgetho kgotsa nnyaa?”
18 イエズス彼等の狡猾を知りて曰ひけるは、僞善者よ、何ぞ我を試むる。
Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana?
19 貢の貨を我に見せよ、と。彼等デナリオを差出だしたるに、
Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya.
20 イエズス曰ひけるは、此像と銘とは誰のなるか、と。
A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”?
21 彼等セザルのなりと云ふ。時にイエズス曰ひけるは、然らばセザルの物はセザルに歸し、神の物は神に歸せ、と。
Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”
22 彼等聞きて感嘆し、イエズスを離れて去れり。
Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya.
23 復活なしと主張せるサドカイ人等、此日イエズスに近づき、問ひて、
Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re
24 云ひけるは、師よ、モイゼ曰く、「人若子なくして死なば、其兄弟彼が妻を娶りて、兄弟の為に子を挙ぐべし」と、
“Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa.
25 然るに我等の中七人の兄弟ありしに、兄妻を娶りて死し、子なかりしかば、其妻を弟に遺ししが、
Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang.
26 其第二第三より第七まで同じ様にして、
Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa!
27 最後に婦も亦死せり。
Mme mosadi le ene a swa.
28 然れば復活の時に當りて、此婦は七人の中誰の妻たるべきか、其は皆彼を娶りたればなり。
Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa.”
29 イエズス答へて曰ひけるは、汝等聖書をも神の力をも知らずして誤れり。
Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo.
30 復活の時、人は娶らず嫁がず、天に於る神の使等の如くならん。
Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong.
31 死人の復活に就きては、汝等神より云はれし所を読まざりしか。
Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re,
32 即汝等に曰はく、「我はアブラハムの神、イザアクの神、ヤコブの神なり」と。死者の神には非ず、生者の[神]にて在す、と。
‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”
33 群衆之を聞きて、其教を感嘆せり。
Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.
34 然てファリザイ人等、イエズスがサドカイ人を閉口せしめ給ひしを聞きて相集まりしが、
Mme e seng Bafarasai! E rile ba utlwa gore o didimaditse Basadukai ka phetolo ya gagwe, ba akanya sesha potso e bone ba ka e mmotsang. Mongwe wa bone yo e neng e le mmueledi (Agente), a bua a re:
35 中に一人の律法學士イエズスを試みて問ひけるは、
36 師よ律法に於て大なる掟は何れぞや。
“Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?”
37 イエズス曰ひけるは、「汝、心を盡し、霊を盡し、意を盡して汝の神にて在す主を愛すべし」、
Jesu a fetola a re, “‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’
38 是最大なる第一の掟なり。
E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’
39 第二も亦是に似たり、「汝の近き者を己の如く愛すべし」。
40 凡ての律法と預言者とは此二の掟に據るなり。
Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.”
41 ファリザイ人の集れるに、イエズス問ひて、
Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re:
42 曰ひけるは、汝等キリストに就きて如何に思ふぞ、誰の子なるか、と。彼等、ダヴィドの子なり、と云ひければ、
“Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.”
43 イエズス曰ひけるは、然らばダヴィド[聖]霊によりて彼を主と稱ふるは如何、
Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile,
44 曰く「主我主に曰へらく、我汝の敵を汝の足台と為すまで、我右に坐せよ」と、
‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’
45 然ればダヴィド彼を主と稱ふるに、彼爭でか其子ならんや、と。
Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?”
46 皆誰一言もイエズスに答ふること能はず、此日より復敢て問ふ者なかりき。
Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.

< マタイの福音書 22 >