< マタイの福音書 20 >

1 天國は恰、家父朝早く出でて、其葡萄畑の為に働く者を雇うが如し。
Setshwantsho sengwe ke se se se tshwantshang Bogosi jwa Legodimo. “Mong wa tshimo o kile a phakela go ya go thapela tshimo ya gagwe ya thobo badiri.
2 彼働く者に一日一デナリオの約束を為して、之を葡萄畑に遣はししが、
A dumalana go ba duela madi a tuelo ya letsatsi, hong a ba laela go ya go dira.
3 又九時頃出でて、空しく市場に立てる他の人々を見て、
“Morago ga dioura di se kae, o na a feta fa ntlong e go thapelwang batho teng mme a bona banna bangwe ba eme foo ba batla tiro,
4 汝等も我葡萄畑に往け、正當の物を與へん、と云ひければ彼等即往けり。
jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima.
5 然て十二時と三時頃と出でて、又同じ様に為ししが、
Mo motshegareng wa sethoboloko, le mo tshokologong e ka nna nako ya boraro a nna a tswelela ka go thapa badiri.
6 五時頃又出でて、他の立てる人々に遇ひて、何ぞ終日空しく此處に立てる、と云ひしに、
“Ka nako ya botlhano mo go one maitseboa ao, a ya kwa motseng gape, mme a bona banna ba bangwe gape ba eme teng foo mme a ba botsa a re, ‘Ke eng fa lo ntse fela lo sa dire sepe letsatsi lotlhe?’
7 彼等、雇ふ人なき故なり、と云ひしかば、彼、汝等も我葡萄畑に往け、と云へり。
Ba araba ba re, ‘Ke ka gore ga go ope yo o re thapileng’. Hong a ba raya a re, ‘tsamayang lo ye go tlatsa ba bangwe mo masimong a me.’
8 然るに日没に至りて、葡萄畑の主其會計役に向ひ、働く者を呼びて、後の者より始め、先の者に至るまで賃金を與へよ、と云ひしかば、
“Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo.
9 五時頃來りし者至りて、各一デナリオを受けたり。
E rile fa banna ba ba thapilweng ka nako ya botlhano ba duelwa mongwe le mongwe wa bone o na a amogela madi a tuelo ya letsatsi.
10 先の者も亦來りて、我等は多く受くるならんと思ひしに、同じく各一デナリオを受けたれば、
E rile fa banna ba ba thapilweng pele ba tla go tsaya a bone, ba ne ba ithaya ba re ba tlaa amogela go feta foo thata. Le bone ba ne ba duelwa madi a lekanang le a ba bangwe.
11 之を受け取りつつ家父に向ひて呟き、
“Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.
12 彼人々は一時働きしのみなるに、汝は終日の勞苦と暑氣とを忍びし我等と均しく之をあ遇へり、と云ひければ、
13 家父其一人に答へて、友よ、我汝に不義を為すに非ず、汝は銀一枚にて我に約せしにあらずや、
“Mme a araba mongwe wa bone aa re ‘Tsala, ga ke a go fosetsa ka gope! A o ne o sa dumalana go dira o duelwa tuelo ya letsatsi?
14 汝の分を取りて往け。我は此後の者にも、亦汝と齊しく與へんと欲す。
A tseye o tsamaye. Ke keletso ya me go lo duela ka go lekana;
15 抑又我が欲する所を為すは善からざるか、我が善ければとて汝の目惡きか、と云ひしが、
a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’
16 斯の如く後の人は先になり、先の人は後にならん。夫召されたる人は多けれども、選まるる人は少し、と。
Mme fela jalo, ba morago e tlaa nna ba ntlha, ba ntlha e tlaa nna ba morago.”
17 イエズスエルザレムに上り給ふに、竊に十二人の弟子を呼寄せて曰ひけるは、
Mme ya re Jesu a le mo tseleng a ya Jerusalema, a tseela barutwa ba ba lesome le bobedi kwa thoko,
18 今や我等エルザレムに上る、然て人の子は司祭長律法學士等に付されん、彼等は之を死罪に處し、
mme a bua nabo ka ga se se tlaa mo diragalelang fa ba goroga. “Ke tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda ba bangwe, mme ba tlaa nkatlholela loso.
19 又異邦人に付して弄らしめ、且鞭たしめ、且十字架に釘けしめん、斯て三日目に蘇るべし、と。
Me ba tlaa ntsenya mo diatleng tsa mmuso wa Roma, ke tlaa sotlwa ke bapolwa, mme e tlaa re mo letsatsing la boraro ke rule.”
20 時にゼベデオの子等の母、其子等と共にイエズスに近づき、禮拝して何事かを願はんとしければ、
Hong mmaagwe Jakobe le Johane bomorwa Sebede, a ba lere kwa go Jesu, a obama, a kopa thuso.
21 イエズス、何を望むか、と曰ひしに彼云ひけるは、此我二人の子を、御國に於て一人は汝の右に、一人は左に坐すべく命じ給へ。
Jesu a mmotsa a re “O batla ke go direlang?” Mme a fetola a re, “Mo Bogosing jwa gago, a o tlaa letla bomorwaake ba babedi go nna mo ditilong tse pedi go bapa le sa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa go la molema?”
22 イエズス答へて曰ひけるは、汝等は願ふ所を知らず、汝等我が飲まんとする杯を飲み得るか、と。彼等得るなり、と云ひしかば、
Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga o itse se o se lopang!” Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, “A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?” Jalo ba fetola ba re, “Ee, re nonofile.”
23 イエズス彼等に曰ひけるは、汝等實に我杯を飲まん、然れど我右左に坐するは、我が汝等に與ふべきに非ず、我父より備へられたる人々にこそ與ふべきなれ、と。
Mme a ba fetola a re, “Lo tlaa nwa mo go sone ruri. Mme ga ke na thata go bua gore ke mang yo o tlaa nnang mo ditilong go bapa le same. Maemo ao a beetswe batho ba Rre a ba tlhophang”.
24 斯て十人の弟子之を聞きて、二人の兄弟を憤りければ、
Barutwa ba bangwe ba ba lesome ba ne ba gakala fa ba utlwa ka go se Jakobe le Johane ba se lopileng.
25 イエズス彼等を呼寄せて曰ひけるは、異邦人の君主が人を司り、大なる者人の上に権を振ふは汝等の知る所なり。
Mme Jesu a ba bitsa botlhe a ba raya a re, “Mo baheitaneng, dikgosi ke batho ba ba bogoma, mme le bagolwane ba ba ka fa tlase ga tsone, ba dipisa ba ba ka fa tlase ga bone.
26 汝等の中には然あるべからず、汝等の中に大ならんと欲する人は、却て汝等の僕となるべし、
Mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang mo go lona yo o batlang go nna moeteledipele, o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.
27 又汝等の中に第一の者たらんと欲する人は、汝等の奴隷となるべし。
Mme fa o batla go nna kwa godimodimo, o tshwanetse go dira jaaka lekgoba.
28 是恰も人の子の來れるは仕へらるる為に非ずして、却て仕へん為、且衆人の贖として生命を棄てん為なるが如し。
Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo.”
29 一行エリコを出づる時、群衆夥しくイエズスに從ひしが、
E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.
30 折しも路傍に坐せる二人の瞽者、イエズスの過ぎ給ふを聞き、主よ、ダヴィドの裔よ、我等を憐み給へ、と叫びければ、
Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, “Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!”
31 群衆彼等を拒みて黙せしめんとすれども、彼等益叫びて、主よ、ダヴィドの裔よ、我等を憐み給へ、と云ひ居れり。
Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.
32 イエズス立止り、彼等を呼びて曰ひけるは、我汝等に何を為さん事を欲するか、と。
E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, “Lo batla ke lo direlang?” Mme ba fetola ba re, “Morena re batla go bona!”
33 彼等、主よ我等が目の開かれん事を、と云ひしに、
34 イエズス彼等を憐みて其目に触れ給ひしかば、彼等の目忽見えて、イエズスに從へり。
Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.

< マタイの福音書 20 >