< マタイの福音書 2 >

1 第三項 博士等の参拝 斯てイエズス、ヘロデ王の時、ユデアのベトレヘムに生れ給ひしかば、折しも博士等東方よりエルザレムに來りて、
Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode. E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re,
2 云ひけるは、生れたるユデア人の王は何處に在すぞ、即我等東方にて彼が星を見、之を拝みに來れり、と。
“E fa kae Kgosi e ncha e e tsetsweng ya Bajuda? Ka gore re bonye naledi ya gagwe mo mafatshing a a kgakala a botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela”.
3 ヘロデ王之を聞きて狼狽へしが、エルザレムも亦挙りて然ありき。
Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego.
4 王は司祭長と民間の律法學士とを悉く集めて、キリスト何處に生るべきかと問ひたるに、
A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, “A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?”
5 彼等云ひけるは、ユデアのベトレヘムに、其は預言者の録して、
Mme ba mo araba ba re, “Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re,
6 「ユダの地ベトレヘムよ、汝はユダの郡中に最も小き者には非ず、蓋我イスラエルの民を牧すべき君汝の中より出ん。」とあればなり、と。
‘Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’”
7 其時ヘロデ密に博士等を召して、星の現れし時を聞匡し、
Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re
8 彼等をベトレヘムに遣るとて云ひけるは、往きて詳に孩兒の事を尋ね、其を見出さば我に告げよ、我も往きて之を拝まん、と。
“Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela.”
9 彼等王の言を聴きて出行きけるに、折しも東方にて見たりし星彼等の先に立ち、終に孩兒の居る處に至りて其上に止れり。
E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema.
10 彼等其星を見て甚喜び、
Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata!
11 家に入りて孩兒の其母マリアと共に居るを見、平伏して之を拝し、寳箱を開きて黄金乳香没薬の禮物を献げたり。
Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera.
12 斯てヘロデに返ること勿れとの示を夢に得て、他の途より己が國に歸れり。
Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele.
13 第四項 聖家エジプトへ避難す 博士等の去りし後、折しも主の使ヨゼフの夢に現れて云ひけうるは、起きて孩兒と其母とを携へてエジプトに逃れ、我が汝に告ぐるまで彼處に居れ、其はヘロデ孩兒を殺さんとて之を索めんとすればなり、と。
E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.”
14 ヨゼフ起きて孩兒と其母とを携へて夜エジプトに避け、
E rile mo bosigong joo a ya Egepeto le Marea le losea,
15 ヘロデの死するまで其處に居れり、是主より曾て預言者を以て云はれし事の成就せん為なり、曰く「我我子をエジプトより呼出せり」と。
mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.”
16 時にヘロデ、博士等に欺かれしを見て大に怒り、人を遣はして博士等に聞きたりし時を度りて、ベトレヘム及其四方に在る二歳以下の男児を悉く殺せり。
Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
17 斯て預言者エレミアに依りて云はれたる事成就せり、
Tiragalo e e setlhogo e ya ga Herode, ya diragatsa polelelopele ya ga Jeremia e e reng,
18 曰く「ラマに聲あり、歎にして大なる叫なりけり、ラケル其子等を歎き、彼等の亡きに因り敢て慰を容れず」と。
“Selelo sa khutsafalo sa utlwala se tswa Rama, selelo sa khutsafalo e kgolo; ragele a lelela bana ba gagwe; a gana go gomodiwa ka gobo ba sule.”
19 第五項 エジプトよりの歸國 ヘロデ死せしかば、折しも主の使エジプトに於てヨゼフの夢に現れ、
E rile Herode a sena go swa, moengele wa Modimo a bonala ka toro kwa go Josefa mo Egepeto, mme a mo raya a re,
20 云ひけるは、起きて孩兒と其母とを携へてイスラエルの地に往け、蓋孩兒の生命を索めし人々は既に死せり、と。
“Tloga o tseye ngwana le mmaagwe o boele nabo kwa Iseraele, ka gore ba ba neng ba leka go bolaya ngwana ba sule.”
21 ヨゼフ起きて孩兒と其母とを携へ、イスラエルの地に至りしに、
Mme ka bofefo a boela kwa Iseraele le Jesu le mmaagwe.
22 アルケラオ其父ヘロデに継ぎてユデアを治むと聞き、彼處に往く事を懼れしが、た夢に告ありてガリレアの地方に避け、
Mme e rile mo tseleng a boifa fa a utlwa gore Kgosi e ncha ke Arekelao morwa Herode. Mme ya re ka toro e nngwe a tlhagisiwa gore a seka a ya Judea, jalo a ya Galalea;
23 ナザレトと云ふ街に至りて住めり。是預言者等によりて「彼はナザレト人と稱へられん」と云はれし事の成就せん為なり。
ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.

< マタイの福音書 2 >