< マルコの福音書 9 >

1 又彼等に曰ひけるは、我誠に汝等に告ぐ、神の國が権威を以て來るを見るまで、死を味はざるべき人々、此處に立てる者の中に在り、と。
Jesu a tswelela a raya barutwa ba gagwe a re, “Bangwe ba lona ba ba emeng fa, gompieno ba tlaa tshela go bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo e kgolo!”
2 六日の後イエズス、ペトロヤコボヨハネのみを別に從へて、高き山に導き給ひしに、彼等の前にて御容變り、
Malatsi a le marataro a sena go feta Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a tlhatlhogela kwa godimo ga thaba. Go ne go sena ope teng. Ka bofefo sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatshima ka kgalalelo,
3 衣服は輝きて純白なる事雪の如く、地上の布晒人の為し得ざる程なりき。
mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thata, di galalela thata go gaisa jaaka motho ope mo lefatshing a ka di sweufatsa.
4 時にエリアモイゼと共に彼等に現れて、イエズスと語り居りしが、
Hong Elija le Moshe ba bonala mme ba simolola go bua le Jesu!
5 ペトロ答へて、イエズスに云ひけるは、ラビ、善哉我等が此處に居る事。我等三個の廬を作り、一は汝の為、一はモイゼの為、一はエリアの為にせん、と。
Mme Petere a bua a re, “Moruti, go go ntle jang!” Re tlaa aga metlaagana e le meraro fa, mongwe le mongwe wa lona a na le wa gagwe.
6 蓋彼は其云ふ所を知らざりき、其は皆甚く懼れ居たればなり。
O ne a bua se fela, gonne o ne a sa itse se a ka se buang ka botlhe ba ne ba tshogile.
7 斯て一叢の雲彼等を立覆ひ、聲雲の中より來りて曰はく、是ぞ我最愛の子なる、是に聴け、と。
Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.”
8 彼等は直に見廻しけるに、イエズスと己等との外、復誰をも見ざりき。
Mme ka tshoganyetso fa ba leba kafa le kafa, Moshe le Elija ba bo ba seyo, mme ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
9 イエズス彼等が山を下る時、人の子死者の中より復活するまでは、其見しことを人に語るな、と戒め給ひしかば、
Ya re ba fologa mo thabeng a ba raya are ba seka ba bolelela ope kaga se ba se boneng go fitlhelela a sena go tsoga mo baswing.
10 彼等之を守りしが、死者の中より復活する迄とは何事ぞ、と論じ合ひたり。
Mme ba ipolokela kgang e, ba nna ba bua ka ga yone, gore o kane a raya eng “Ka go tsoga mo baswing.”
11 斯てイエズスに問ひて、然らばエリア先に來るべしとファリザイ人律法學士等の云へるは何ぞや、と云ひければ、
Hong ba simolola go mmotsa kaga sengwe se baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba tlwaetseng go se bua, ba re Elija o tshwanetse go tla (pele ga Mesia a ka tla).
12 答へて曰ひけるは、エリア先に來りて萬事を回復すべし、又人の子に就きては、多くの苦難を受け且蔑にせらるべし、と録されたる如く、
Mme Jesu a dumela gore Elija o tshwanetse go tla pele go baakanya tsela, le fa go ntse jalo go setse go diragetse, o setse a tsile! Le gore o kopane le matshwenyego a a boitshegang, fela jaaka Baporofiti ba ne ba boletse. Hong Jesu a ba botsa gore baporofiti ba ka ne ba ne ba raya eng fa ba re, Mesia o tlaa boga a ba a tsewa ka lonyatso.
13 我汝等に告ぐ、エリアも既に來れり、且人々縦に彼を遇ひし事、彼に就きて録されたるに違はず、と。
14 イエズス弟子等の許に來り見給ひしに、夥しき群衆彼等を圍み、律法學士等彼等と論じ居りしが、
Mme ya re ba goroga kwa tlase ga thaba, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo dikaganyeditse barutwa ba bangwe ba ba ferang bongwe, fa bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ntse ba ganetsanya nabo.
15 人民は直にイエズスを見て、皆驚き恐れ、馳寄りて敬禮せり。
Mme bontsi jwa batho ba leba Jesu ka poifo fa a atamela kwa go bone, hong ba tabogela kwa go ene go mo dumedisa.
16 イエズス律法學士等に向ひ、何を論じ合へるぞ、と曰ひしに、
Mme a ba botsa a re, “Lo ganetsanya kaga eng?”
17 群衆の中より一人答へて云ひけるは、師よ、我唖なる惡鬼に憑かれたる我子を汝に齎したるが、
Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, “Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe.
18 惡鬼に憑かるれば、何處にもあれ、投げ倒されて泡を噴き、歯を切り、五體強る。之を追出さん事を汝の弟子等に請ひたれど能はざりき、と。
Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.”
19 イエズス彼等に答へて曰ひけるは、嗚呼信仰なき時代なる哉、我何時まで汝等と共に居らんや、何時まで汝等を忍ばんや。其を我に携へ來れ、と。
Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna.”
20 即携へ來りしが、彼イエズスを見るや、直に惡鬼の為に痙攣を起し、地に倒されて泡を噴きつつ臥転びたり。
Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo.
21 イエズス其父に向ひ、彼に此事の起れるは、何時頃よりぞ、と問ひ給ひしに、
Jesu a botsa rraagwe a re, “Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?” Rraagwe a araba a re, “a le mmotlana,
22 父云ひけるは、幼少の時よりなり、而して惡鬼之を殺さんと、屡火に水に投げ入れたり。汝若為べき様もあらば、我等を憫みて助け給へ、と。
mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega.”
23 イエズス是に曰ひけるは、汝若信ずることを得ば、信ずる人には何事も能はざるなし、と。
Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.”
24 子の父、忽涙と共に呼はりて云ひけるは、主よ、我は信ず、我信仰を扶け給へ、と。
Ka bofefo rraagwe a araba a re, “Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse.”
25 イエズス群衆の馳集るを見て汚鬼を責め、唖にして聾なる惡鬼よ、我汝に命ず、此人より立去りて、再入ること勿れ、と曰ひしに、
Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, “Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!”
26 惡鬼叫びつつ彼を痙攣せしめて出去れり。然て彼は死人の如くに成りしかば、死せりと云ふ人多かりしが、
Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, “O sule.”
27 イエズス其手を執りて起し給ひければ、彼立上れり。
Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse!
28 イエズス家に入り給ひしに、弟子等竊に、我等が之を逐出すこと能はざりしは何故ぞ、と問ひしかば、
Ya re morago ga moo Jesu a le esi mo tlung le barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa ntle mowa o o maswe?”
29 イエズス彼等に曰ひけるは、斯る類は、祈祷と断食とによらでは、如何にしても逐出すこと能はざるなり、と。
Jesu a araba a re, “Mofuta o o ntseng jaana o kgonwa ke thapelo fela.”
30 斯て此處を去りて一行ガリレアを過りしが、イエズス誰にも知られざらん事を欲し給ひ、
Ya re ba tloga mo kgaolong eo ba tsamaya ba ralala Galalea mo a neng a leka go tila batho gore a tle a nne le nako ya go nna le barutwa ba gagwe, go ba ruta. O ne a ba raya a re, “Nna, Mesia ke tla okiwa, ke bolawe mme morago ga malatsi a le mararo ke tlaa rula.”
31 弟子等に教へて、人の子は人の手に売れ、是に殺され、殺されて三日目に復活すべし、と曰ひしかども、
32 彼等其言を暁らず、又問ふ事をも憚り居たりき。
Lefa go ntse jalo, ba bo ba sa tlhaloganye, mme ba tshaba go mmotsa gore o rayang.
33 彼等カファルナウムに至りて家に居りしに、イエズス問ひて、汝等途々何を論じたりしぞ、と曰へば、
Mme ba goroga kwa Kaperanama. Ya re ba sena go nna fa fatshe mo tlung e ba neng ba tshwanetse go nna mo go yone a ba botsa a re, “Lo ne lo bua ka ga eng mo tseleng.”
34 彼等黙然たりき、是は己等の中に最大いなる者は誰ぞ、と道すがら相争ひたればなり。
Mme ba tlhajwa ke ditlhong go araba, gonne ba ne ba ganetsanya ka gore e mang mo go bone yo mogolo!
35 イエズス坐して十二人を呼び、是に曰ひけるは、人若第一の者たらんと欲せば一同の後と成り、一同の召使と成るべし、と。
A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, “Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!”
36 然て一人の幼兒を取りて彼等の中に置き、之を抱きて彼等に曰ひけるは、
Hong a baya ngwana mo gare ga bone; mme e rile a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe a ba raya a re,
37 誰にもあれ、我名の為に、斯る幼兒の一人を承くる人は、我を承くる者なり、又誰にもあれ、我を承くる人は、我を承くるには非ずして、我を遣はし給ひし者を承くるなり。
“Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!”
38 ヨハネ答へて云ひけるは、師よ、我等に從はざる一人が、汝の名を以て惡魔を逐払ふを見たれば、我等之を禁じたりき。
Mme mongwe wa barutwa ba gagwe, ebong Johane, ya re ka letsatsi lengwe a mo raya a re, “Moruti, re bone monna mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle; mme ra mo raya ra re a se ka a dira jalo, gonne ga se mongwe wa setlhopha sa rona.”
39 イエズス曰ひけるは、禁ずること勿れ、其は我名を以て奇蹟を行ひながら、直に我を謗り得る者あらざればなり。
Jesu a ba raya a re, “Se mo itseng! gonne ga go ope yo o dirang dikgakgamatso ka leina la me yo o tla reng ka bofefo a nne kgatlhanong le nna.
40 即汝等に反せざる人は、汝等の為にする者なり。
Lefa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona.
41 汝等がキリストに属する者なればとて、我名の為に一杯の水を飲まする人あらば、我誠に汝等に告ぐ、彼は其報を失はじ。
Fa mongwe a ka lo siela metse ka ntlha ya gore lo ba ga Keresete ka re ammaaruri ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.
42 又我を信ずる此小き者の一人を躓かする人は、驢馬の挽く磨を頚に懸けられて海に投入れらるる事、寧彼に取りて優れり。
Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng.
43 若汝の手汝を躓かさば之を切れ、不具にて生命に入るは、兩手ありて地獄の滅えざる火に往くより、汝に取りて優れり、 (Geenna g1067)
“Fa seatla sa gago se leofa, se kgaole. Go botoka go tshelela ruri ka seatla se le sengwe go na le go latlhelwa mo molelong wa molete o o sa timeng ka diatla tse pedi! (Geenna g1067)
44 彼處には其蛆は死なず、火は滅えざるなり。
45 若汝の足汝を躓かさば之を切れ、片足にて永遠の生命に入るは、兩足ありて滅えざる火の地獄に投入れらるるより、汝に取りて優れり。 (Geenna g1067)
Fa lonao lwa gago lo go isa bosuleng lo kgaole! Go botoka go nna setlhotsa lobaka lo loleele, go na le go nna le dinao tse pedi tse di go isang moleting. (Geenna g1067)
46 彼處には其蛆は死なず、火は滅えざるなり。
47 若汝の目汝を躓かさば、之を抉去れ、片目にて神の國に入るは、兩目ありて火の地獄に投入れらるるより、汝に取りて優れり、 (Geenna g1067)
“Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye. Go botoka go tsena mo Bogosingjwa Modimo o le mogapa, go na le go tsena ka matlho a mabedi mo moleting wa molelo, (Geenna g1067)
48 彼處には其蛆は死なず、火は滅えざるなり。
kwa seboko se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng,
49 各火を以て醃けられ、犠牲は各塩を以て醃けられん。
kwa tsotlhe di lokwang ka molelo.
50 塩は善き物なり、然れど塩若其味を失はば、何を以てか是に醃せんや。汝等の心に塩あれ、汝等の間に平和あれ、[と曰へり]。
“Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe.”

< マルコの福音書 9 >