< マルコの福音書 2 >

1 第三項 人々イエズスに反抗し始む 數日の後、イエズス復カファルナウムに入り給ひしが、
Mme erile morago ga malatsi a le mantsi a boela gape kwa Kaperanama, mme kutlwedi ya go tla ga gagwe ya tuma ka bofefo mo motseng otlhe.
2 家に居給ふ事聞えしかば、人々夥しく集り來り、門口すら隙間もなき程なるに、イエズス彼等に教を宣べ居給へり。
Ka bonako ntlo e o neng a le mo go yone e ne ya tlala baeng thata mo go neng go sena bonno le fa e le jwa motho a le esi, le fa e le kwa kgorong tota. Mme a ba rerela lefoko.
3 茲に人々、四人に舁かれたる一個の癱瘋者を齎ししが、
Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng.
4 群衆の為に之をイエズスに差出だすこと能はざれば、居給ふ處の屋根を剥ぎて之を開き、癱瘋者の臥せる床を吊下せり。
Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu.
5 イエズス彼等の信仰を観て、癱瘋者に向ひ、子よ、汝の罪赦さる、と曰ひしかば、
Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, “Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!”
6 或律法學士等其處に坐し居て、心に思ひけるは、
Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re,
7 彼何ぞ斯の如く云ふや、是冒涜するなり、神獨の外、誰か罪を赦すことを得んや、と。
“Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe.”
8 イエズス彼等の斯く思へるを直に其心に知りて曰ひけるは、何為ぞ然る思ひを心に懐ける。
Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, “Ke eng fa se se lo tshwenya?
9 癱瘋者に汝の罪赦さると云ふと、起きて床を取りて歩めと云ふと、孰か易き。
A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?
10 然て汝等をして、人の子地に於て罪を赦すの権あることを知らしめん、とて癱瘋者に向ひ、
Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe.” Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, “O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!”
11 我汝に命ず、起きよ、床を取りて己が家に往け、と曰ひしに、
12 彼忽ち起きて床を取り、衆人見る目前を過行きしかば、皆感嘆に堪へず、神に光榮を歸し、我等曾て斯の如き事を見ざりき、と云ふに至れり。
Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse!
13 イエズス又湖辺に出で給ひしに、群衆挙りて來りければ、彼等を教へ居給ひしが、
Hong Jesu a ya gape kwa lotshitshing lwa lewatle mme a rerela boidiidi jwa batho jo bo neng bo mo dikaganyeditse.
14 通りがけに、アルフェオの子レヴィが収税署に坐せるを見て、我に從へ、と曰ひしかば、彼起ちて從へり。
Erile fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing a bona Lefi, morwa Alefo, a ntse fa go kgethisediwang teng. A mo raya a re, “Ntshala morago. O nne morutwa wa me.” Mme Lefi a nanoga a tsamaya nae.
15 斯て彼の家にて食に就き給ひければ、多くの税吏と罪人とは、イエズス及其弟子等と共に列席したり、蓋イエズスに從へる者既に多かりき。
Mo bosigongjoo, Lefi a laletsa badiri-ka ene ba bakgethisi le baleofi ba bangwe ba ba tumileng go nna balalediwa ba gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore ba tle ba kopane le Jesu le barutwa ba gagwe, (go ne go na le batho ba le bantsi ba mofuta o, mo boidiiding jwa batho jo bo neng bo mo setse morago).
16 律法學士ファリザイ人等、イエズスが税吏及罪人と共に食し給ふを見て、其弟子等に曰ひけるは、汝等の師は何故税吏罪人と共に飲食するぞ、と。
Mme erile fa baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba mmona a a ja le batho ba ba mekgwa e e maswe, ba raya barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a a ja le batho ba ba ntseng jaana?”
17 イエズス之を聞きて彼等に曰ひけるは、壮健なる者は醫者を要せず、病ある者こそ[之を要するなれ]、即我が來りしは義人を召ぶ為に非ずして、罪人を[召ぶ為なり]、と。
Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, “Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi.”
18 ヨハネの弟子等とファリザイ人とは断食したりければ、來りてイエズスに云ひけるは、ヨハネとファリザイ人との弟子は断食するに、汝の弟子は何故に断食せざるぞ、と。
Mme barutwa ba ga Johane le baeteledipele ba Sejuta e ne e tle e re ka nako tse dingwe ba ikitse dijo, ke gore, ba tlhoke go ja e le ntlha nngwe ya tumelo ya bone; ya re letsatsi lengwe ba tla kwa go Jesu ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba gagwe le bone ba sa ikitse dijo?
19 イエズス彼等に曰ひけるは、新郎の己等と共に在る間、介添争でか断食することを得ん。新郎の共に在る間は彼等断食することを得ず。
Mme Jesu a ba araba a re, “A ditsala tsa monyadi di ka gana go ja mo moletlong wa nyalo, A di ka hutsafala fa a sa ntse a na le tsone?
20 然れど新郎の彼等の中より取去らるる日來らん、其日には断食せん。
Mme letsatsi lengwe o tlaa tlosiwa mo go bone, mme ba tla hutsafala.
21 新布の片を古き衣服に補ぐ人はあらず、然せば其新しき補は却て古き物を引裂きて、破綻は大いなるべし。
“Mo godimo ga moo, go ikitsa dijo ke mongwe mokgwa wa bogologolo wa go dira dilo. Go tshwana le go bitia seaparo se segologolo ka letsela le lesha! Go ka diragala eng? Sedibo se ka garola mme sa dira gore leroba le nne maswe go gaisa pele.
22 又新しき酒を古き皮嚢に盛る人はあらず、若然せば酒は皮嚢を裂きて流れ、皮嚢も亦廃らん、新しき酒は新しき皮嚢にこそ盛るべけれ、と。
Lo itse botoka gore go tshela mofine o mosha mo dinkgwaneng tse dikgologolo, di ka thubega. Mofine o ka tshologela kwa ntle mme dinkgwana di senyege. Mofine o mosha o tlhoka dinkgwana tse dintsha.”
23 主又、安息日に當りて、麦畑を過り給へるに、弟子等歩みつつ穂を摘始めしかば、
Ka nako nngwe go le Sabata Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo masimong, barutwa ba ne ba roba diako tsa mabele ba a ja.
24 ファリザイ人イエズスに向ひ、看よ、彼等が安息日に為すべからざる事を為せるは何ぞや、と云ひければ、
Bangwe ba baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba raya Jesu ba re, “Ga ba a tshwanela ba ka bo ba dira jalo! Go kgatlhanong le melao ya rona go roba mabele ka letsatsi la Sabata.”
25 イエズス曰ひけるは、ダヴィドが急に迫りて、己も伴へる人々飢ゑし時に為しし事を、汝等読まざりしか、
Jesu a araba a re, “A ga lo ise lo ke lo utlwalele kaga Kgosi Dafide le bapati ba gagwe, ba ba neng ba tshwerwe ke tlala, mme a tsena mo tlung ya Modimo Abiathare e ne e le Moperesiti yo Mogolo ka nako eo--mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se neng se jewa ke baperesiti fela? Seo le sone se ne se le kgatlhanong le molao.
26 即如何にして、大司祭アビアタルの時、神に家に入りて、司祭等の外は食すべからざる供の麪を食し、伴へる人々にも與へしかを。
27 又曰ひけるは、安息日は人の為に設けられて、人は安息日の為に造られず、
Mme Sabata e ne e diretswe go solegela motho molemo, e seng motho go solegela Sabata molemo.
28 然れば人の子は亦安息日の主たるなり、と。
Mme Nna, Mesia, ke na le nonofo ya go dira tshwetso ya se batho ba ka se dirang ka malatsi a Sabata!”

< マルコの福音書 2 >