< ルカの福音書 21 >

1 イエズス目を翹げて、富める人々の賽銭を賽銭箱に投るるを見、
Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng.
2 又一人の貧しき寡婦の二厘を投るるを見て、
Mme mohumanegi wa motlholagadi a tla a latlhela dithebe di le pedi.
3 曰ひけるは、我誠に汝等に告ぐ、彼貧しき寡婦は凡ての人より多く投れたり。
Mme Jesu a re, “Ammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o ntshitse mo go tona go gaisa ga ba ba ntshitseng gotlhe go kopantswe.
4 其は、彼等は皆其餘れる中より賽銭を投れたるに、彼婦は其乏しき中より有てる活計の料を悉く投れたればなり、と。
Gonne ba ntshitse bonnye jwa se ba sa se tlhokeng, mme ene ka fa khumanegong ya gagwe o ntshitse gotlhe mo o neng a na le gone.”
5 第三款 種々の預言 或人々、神殿が美き石及び献物にて飾られたる事を語れるに、イエズス曰ひけるは、
Bangwe ba barutwa ba gagwe ba simolola go bua kaga bontle jwa maje a a kgabisitseng Tempele le mekgabisa ya segopotso mo dipoteng.
6 汝等の見る此品々、終には一の石も崩れずして石の上に遺らざる日來らん、と。
Mme Jesu a re, “Lobaka lo e tla lo dilo tse tsotlhe tse di lo kgatlhang di tlaa digelwang fa fatshe, mme ga go leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe; gotlhe go tlaa nna mokoa o le mongwe fela wa matlakala.”
7 彼等又問ひて、師よ、此等の事は何時あるべきぞ、其起らん時には如何なる兆かあるべき、と云ひしに、
Mme ba goa ba re, “Morena! mo go tlaa diragala leng? A go tlaa nna le tlhagiso nngwe pele ga nako ya go diragala?”
8 イエズス曰ひけるは、汝等惑はされじと注意せよ、其は多くの人我名を冒して來り、我なり、時は近し、と云ふべければなり。然れば彼等に從ふこと勿れ、
Mme a fetola a re, “Lo se lese ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipolela fa e le bo-Mesia, ba re, ‘Nako e gorogile’ mme lo se ka lwa ba dumela!”
9 又戰争叛亂ありと聞くとも怖るること勿れ、此事等は先有るべしと雖、終は未だ直に來らざるなり、と。
“Mme e re fa lo utlwela dintwa le dipheretlhego di simologa, lo se ka lwa tshoga. Dintwa tsa boammaaruri di tshwanetse go tla mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka bonako,
10 斯て彼等に曰ひけるは、民は民に、國は國に起逆らひ、
gonne chaba e tlaa tsogologela chaba e nngwe le bogosi bo tlaa tsogologela jo bongwe,
11 又處々に大地震、疫病、飢饉あり、天に凶變あり、大いなる兆あるべし。
mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong.
12 然て此一切の事に先ちて、人々我名の為に汝等に手を下して汝等を迫害し、會堂に、監獄に付し、王侯総督の前に引かん、
“Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me.
13 此事の汝等に起るは證據とならん為なり。
“Mme ka ntlha ya gone moo, Mesia o tlaa itsege ka bophara a bo a tlotlwa.
14 然れば汝等覚悟して、如何に答へんかと豫め慮ること勿れ、
Jalo, lo se tshwenyege ka gore lo tlaa ikarabela jang,
15 其は我、汝等が凡ての敵の言防ぎ言破ること能はざるべき、口と智恵とを汝等に與ふべければなり。
gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola!
16 又汝等は親、兄弟、親族、朋友より売られ、其中或は彼等に殺さるる者もあるべく、
Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa.
17 又我名の為に凡ての人に憎まれん。
“Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me.
18 然れども、汝等の髪毛の一縷だも失せじ。
Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela!
19 忍耐を以て其魂を保て。
Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona.
20 然てエルザレムが軍隊に取圍まるるを見ば、其時其滅亡は近づきたりと知れ。
“Mme fa lo bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke dintwa, ke gone lo tlaa itseng gore nako ya tshenyego e gorogile.
21 其時ユデアに居る人は山に遁るべく、市中に居る人は立退くべく、地方に居る人は市中に入るべからず。
Hong lesang batho ba Judea ba tshabele kwa dithabeng. Lesang ba ba mo Jerusalema ba leke go falola, mme ba ba kwa ntle ga motse ba se ka ba leka go boa.
22 此は是刑罰の日にして、録されたる事総て成就すべければなり。
Gonne ao e tlaa bo e le malatsi a katlholo ya Modimo, le mafoko a dikwalo tsa bogologolo a a kwadilweng ke baporofiti a tlaa diragala ka botlalo.
23 然れど其日に當りて孕める人、乳を哺まする人は禍いなる哉、其は地上に大いなる難ありて、怒は此民に臨むべければなり。
“Mme a bo go tlaa latlhega bomme ba baimana mo malatsing ao, le ba ba nang le masea. Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo chabeng e le bogale mo bathong ba.
24 斯て人々は剣の刃に倒れ、捕虜となりて諸國に引かれ、エルザレムは異邦人に蹂躙られ、諸國民の時満つるに至らん。
“Ba tlaa bolawa polao e e setlhogo ka ditlha-bani tsa mmaba, kgotsa ba isiwe jaaka bafaladi le ditshwara mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe; mme Jerusalema o tlaa fenngwa a gatakwa ke Badi-chaba go fitlhelela nako ya phenyo ya Badi-chaba e khutla mo lobakeng lwa Modimo.
25 又日、月、星に兆顕れ、地上には海と波との鳴轟きて、諸の國民之が為に狼狽へ、
“Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang.
26 人々は全世界の上に起らんとする事を豫期して、怖ろしさに憔悴ん、其は天上の能力震動すべければなり。
Bopelo-kgale jwa batho ba le bantsi bo tlaa reketla ka ntlha ya tiragalo e ba e bonang e tla mo lefatsheng, gonne dinonofo tsa magodimo di tlaa thubaganngwa.
27 時に人の子が、大いなる権力と威光とを以て、雲に乗り來るを見ん。
Mme batho ba lefatshe ba tlaa mpona nna Mesia, ke tla mo lerung ka nonofo le kgalalelo e kgolo.
28 是等の事起らば、仰ぎて首を翹げよ、其は汝等の救贖はるること近ければなり、と。
Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.”
29 イエズス又彼等に喩を語り給ひけるは、無花果及び一切の樹を見よ、
Mme a ba fa setshwantsho se: “Lepang setlhare sa mofeige kgotsa setlhare sengwe fela.
30 既に自ら芽せば、汝等夏の近きを知る。
Fa matlhare a tlhoga, lo itse lo sa bolelelwa gore selemo se gaufi.
31 斯の如く此事等の起るを見ば、神の國は近しと知れ。
Fela jalo fa lo bona ditiragalo tse ke di lo tlhaloseditseng di diragala lo tlhomamise gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.
32 我誠に汝等に告ぐ、此事の皆成就するまで、現代は過ぎざらん、
“Ke lo tlhomamisetsa gore fa dilo tse di diragala, bokhutlo jwa motlha ono bo tlaa bo bo gorogile.
33 天地は過ぎん、然れど我言は過ぎざるべし。
Legodimo le lefatshe di tlaa feta, le fa go ntse jalo mafoko a me a eme mo boammaaruring ka bosakhutleng.
34 自ら慎め、恐らくは汝等の心、放蕩、酩酊、或は今生の心勞の為に鈍りて、彼日は思はず汝等の上に來らん、
“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.
35 此は地の全面に住む人間一切の上に、罠の如く來るべければなり。
36 然れば汝等、來るべき此凡ての事を迯れ、人の子の前に立つに堪へたる者とせらるる様、警戒して不断に祈れ、と。
Lo lebeleleng ka metlha yotlhe. Lo rapele gore e re fa go kgonega lo tle fa pele ga me lo ise lo bone dikhuduego tse.”
37 イエズス晝は[神]殿にて教へ、夜は出でて橄欖山と云へる山に宿り居給ひしが、
Letsatsi le letsatsi Jesu o ne a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme bontsi jwa batho ba phuthega go sa le mo mosong go ya go mo reetsa. Mme mo maabanyaneng mangwe le mangwe o ne a tle a boele kwa Thoteng ya Lotlhware go ya go lala teng.
38 人民は、之に聴かんとて、朝早くより[神]殿の内に於て、御許に至り居りき。

< ルカの福音書 21 >