< ルカの福音書 2 >

1 第二項 イエズスキリストの御降誕 其頃、天下の戸籍を取調ぶべしとの詔、セザル、オグストより出しが、
Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe.
2 此戸籍調は、シリノがシリアの総督たりし時に始めたるものなり。
Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria.
3 斯て人皆名を届けんとて、各其故郷に至りけるに、
Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa.
4 ヨゼフもダヴィド家に属し且其血統なれば、
Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide.
5 既に懐胎せる聘定の妻マリアと共に名を届けんとて、ガリレアのナザレト町よりユデアのベトレヘムと云へるダヴィドの町に上れり。
A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.
6 其處に居りし程に、マリア産期満ちて、
Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe;
7 家子を生み、布に包みて馬槽に臥させ置きたり。是、旅舎に彼等の居る所なかりし故なり。
mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.
8 然るに此地方に牧者等ありて、夜中交代して己が群を守り居りしが、
Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.
9 折しも主の使其傍に立ちて、神の榮光彼等を環照らしたれば、彼等大いに懼れたり。
Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata.
10 天使彼等に云ひけるは、懼るる事勿れ、其は我人民一般に及ぶべき大いなる喜の福音を汝等に告ぐればなり。
Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe!
11 蓋今日ダヴィドの町に於て、汝等の為に救主生れ給へり、是主たるキリストなり。
Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!
12 汝等之を以て徴とせよ、即ち布にて包まれ、馬槽に置かれたる嬰兒を見るべし、と。
Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!”
13 忽ち夥しき天軍天使に加はりて、神を賛美し、
Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:
14 「最高き處には神に光榮、地には御好意の人々に平安」と唱へたり。
“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”
15 天使等天に去りて後、牧者等云ひけるは、将我等ベトレヘムまで行き、主の我等に示し給へる事の次第を見ん、と。
Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”
16 乃ち急ぎ至りて、マリアとヨゼフと馬槽に置かれたる孩兒とに遇へり。
Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong.
17 然て面りに見て、此孩兒に就きて云はれし事を知らせければ、
Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo.
18 聞ける人皆牧者等より云はるる事を不思議に思ひしが、
Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala.
19 マリアは是等の事を悉く心に納めて考合せ居たり。
Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi.
20 斯て牧者等は、己に云はれしに違はず、見聞せし一切の事に就きて、神に光榮を歸し、且賛美し奉りつつ歸れり。
Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse.
21 孩兒の割禮を授かるべき八日目に至りて、未胎内に孕らざる前に天使より云はれし如く、名をイエズスと呼ばれ給へり。
Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.
22 第三項 キリスト御幼年 然てモイゼの律法の儘に、マリアが潔の日數満ちて後、[兩親]孩兒を主に献げん為、携へてエルザレムに往けり。
E rile fa nako e tla ya gore Marea a ntshe tshupelo ya ntlafatso kwa tempeleng, ka fa melaong ya ga Moshe morago ga botsalo jwa ngwana, batsadi ba gagwe ba mo tseela kwa Jerusalema go ya go mo neela mo Moreneng;
23 是主の律法に録して「総て初に生るる男子は、主の為に聖なる者と稱へらるべし」とあるが故にして、
Gonne mo melaong e go tulwe, “Fa ngwana wa ntlha wa mosadi e le mosimane, o tlaa neelwa Morena.”
24 又主の律法に云はれたる如く、山鳩一雙か、鴿の雛二羽かを犠牲に献げん為なりき。
Ka nako eo batsadi ba ga Jesu le bone ba ntsha setlhabelo sa bone sa go itshekisiwa, a e ka nna maphoi a le mabedi! kgotsa maebana a mabedi! E ne e le kopo e e ka fa molaong.
25 折しもエルザレムに、シメオンと云へる人あり。義人にして神を畏敬し、イスラエル[の民]の慰められん事を待ちて、聖霊の居給ふ所となり、
Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako.
26 聖霊より、主のキリストを見ざるうちは、死せざる事を示されたりしが、
Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.
27 [聖]霊によりて、[神]殿に至りしに、恰も彼兩親孩兒イエズスを携へ、是が為に律法の慣例に從ひて行はんとて來りければ、
Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao,
28 シメオン孩兒を抱き、神を祝し奉りて云ひけるは、
Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo.
29 主よ、今こそ御言に從ひて僕を安樂に逝かしめ給ふなれ、
A re, “Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe.
30 其は我目主の救を見たればなり。
31 是ぞ主が萬民の前に備へ給ひし者にして、
32 異邦人を照らすべき光、主の民たるイスラエルの光榮なる、と。
Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!”
33 イエズスの父母は、孩兒に就きて云はれたる事を驚嘆したりしが、
Marea le Josefe ba ema fela foo, ba gakgamalela se se buiwang kaga Jesu.
34 シメオン彼等を祝して、母マリアに云ひけるは、此子は、是イスラエルに於て、多くの人の堕落と復活との為に置かれ、且反抗を受くる徴に立てられたり、
Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”
35 汝の魂も剣にて刺貫かるべく、而して多くの心の念顕るべし、と。
36 又アゼル族なるファヌエルの女に、名はアンナ[と云ひて]、既に至極の老年に及べる女預言者あり。處女の時より七年の間、夫と共に在りしに、
Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi.
37 寡婦となりて、齢八十四に至り、[神]殿を離れず、断食と祈祷とを以て晝夜奉事し居りしが、
38 是も同時に來りて、主を稱賛し、エルザレムに於て、贖罪を待てる人々に孩兒の事を語り居たりき。
A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia.
39 [兩親は]主の律法の儘に何事をも果し、ガリレアのナザレトなる己が町に歸りしが、
Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea.
40 孩兒漸く成長して、智恵に満ち、精神の力彌増し給ひ、神の恩寵其上に在りき。
Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.
41 然て過越の大祝日には、兩親年毎にエルザレムに往き居りしが、
Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga.
42 イエズス十二歳になり給ひし時、兩親祝日の慣例の儘にエルザレムに上りしに、
43 祝日過ぎて歸る時、幼きイエズスはエルザレムに留り給へり。兩親は之を知らず、
Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha,
44 道連の中に在らんと思ひつつ、一日路を往き、然て親族知己の中を求めたれども、逢はざりしかば、
gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone.
45 尋ねつつエルザレムに立歸りしに、
Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng.
46 三日目に、イエズスが[神]殿にて學者の中に坐し、彼等に聞き且問ひ居給へるを見付けたり。
Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo.
47 聞く人皆其智恵と應答とに驚き居たりしが、
48 兩親は之を見て感嘆せり。斯て母はイエズスに向ひ、子よ、何故我等に斯る事を為ししぞ。看よ、汝の父と我とは憂ひつつ汝を尋ね居たり、と云ひければ、
Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, “Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?”
49 イエズス曰ひけるは、何ぞ我を尋ねたるや。我は我父の事を務むべきを知らざりしか、と。
Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?”
50 兩親は此語給ひし御言を暁らざりき。
Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang.
51 然てイエズス彼等と共に下り、ナザレトに至りて彼等に從ひ居給ひしが、母は此総ての事を心に納め居たりき。
Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe.
52 斯てイエズス智恵も齢も、神と人とに於る寵愛も次第に彌増し居給へり。
Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.

< ルカの福音書 2 >