< ルカの福音書 17 >

1 イエズス弟子等に曰ひけるは、躓きは來らざるを得ず、然れど之を來す人は禍なる哉、
Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang.
2 石磨を頚に懸けられて海に投入れらるるは、此小き者の一人を躓かするよりは、寧彼に取りて優れり。
Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato.
3 汝等自ら注意せよ。若汝の兄弟汝に罪を犯さば之を諌めよ、而して若改心せば之を宥せ、
4 一日に七度汝に罪を犯して、一日に七度改心すと云ひつつ汝に立ち返らば之を宥せ、と。
Le fa a go leofela ga supa ka letsatsi mme nako nngwe le nngwe a boela go wena a kopa maitshwarelo, mo itshwarele.”
5 使徒等、願くは我等の信仰を増し給へ、と主に云ひしかば、
Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?”
6 主曰ひけるは、汝等若芥一粒程の信仰だにあらば、此桑の樹に向ひて、抜けて海に移り樹て、と云はんに、必ず汝等に順はん。
Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo!
7 汝等の中誰か、僕の耕し或は牧して畑より還れる時、之に向ひて、直に往きて食せよ、と云ふ者あらんや。
Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira.
8 却て我夕餉を支度し、我が飲食する中、帯して我に給仕せよ、さて後に汝飲食すべしと言ふに非ずや。
9 命ぜし事を為したればとて、主人は彼僕に感謝するか、
10 我思ふに然らず。斯の如く、汝等も命ぜられし事を悉く為したらん時、我等は無益の僕なり、為すべき事を為したる耳と言へ、と。
Fela jalo, fa lo nkutlwa, ga lo a tshwanela go galalediwa. Gonne lo dirile tiro ya lona!”
11 第三項 旅行の終 イエズスエルザレムへ赴き給ふとて、サマリアとガリレアとの中程を通り給ひしが、
E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea,
12 或村に入り給ふ時、十人の癩病者之を迎へて、遥に立止り、
mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana,
13 聲を揚げて云ひけるは、師イエズスよ、我等を憫み給へ、と。
ba goa ba re, “Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!”
14 イエズス之を見給ふや、汝等往きて己を司祭等に見せよ、と曰ひしかば、彼等往く程に、途中にて潔くなれり。
Mme a ba leba a re, “Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!” Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!
15 其中の一人己の潔くなりたるを見るや、聲高く神に光榮を歸しつつ還來り、
Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, “A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!”
16 イエズスの足下に平伏して感謝せしが、是サマリア人なりき。
A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.
17 イエズス答へて曰ひけるは、潔くなりし者は十人に非ずや、其九人は何處にか居る、
Mme Jesu a botsa a re, “A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae?
18 此異邦人の外は、立還りて神に光榮を歸し奉れる者見えざるなり、と。
A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?”
19 即ち之に曰ひけるは、立ちて往け、蓋汝の信仰汝を救へり、と。
Mme Jesu a mo raya a re, “Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse.”
20 神の國は何時來るべきかと、ファリザイ人に問はれし時、イエズス答へて曰ひけるは、神の國は目に見えて來るものに非ず、
Mme ya re ka letsatsi lengwe Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa leng? Jesu a ba fetola a re, Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka ditshupo tse di bonalang.
21 又、看よ、此處に在り彼處にありと云ふべきにも非ず、神の國は即ち汝等の中に在ればなり、と。
Ga lo ka ke lwa kgona gore lo re, ‘Bo simologile fano mo lefelong le kgotsa kwa ntlheng ele ya lefatshe’. Gonne Bogosi jwa Modimo bo mo go lona.”
22 又弟子等に曰ひけるは、汝等が人の子の一日を見んと欲する日來らん、然れど之を見ざるべし。
Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.”
23 又人は、看よ此處に在り彼處に在り、と云はんも、往くこと勿れ、從ふこと勿れ、
“Dipolelo di tlaa tla mo go lona tsa gore ke boile le gore ke mo lefelong le kgotsa le; mme lo se ka lwa di dumela kgotsa lwa ya go mpatla.
24 其は電光の閃きて空の極より極に光る如く、人の子も其日に當りて然あるべければなり。
Gonne e tlaa re fa ke boa, lo tlaa itse kwa ntle ga pelaelo epe. Ke tlaa bo ke tshwana le logadima lo lo phatsimang go kgabaganya loapi.
25 然れど豫め多くの苦を受け、且此時代の人に棄てられざるべからず。
Mme pele ke tshwanetse go sotlega thata le go ganwa ke sechaba se sotlhe.
26 ノエの日に起りし如く、人の子の日にも亦然あらん、
“[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa.
27 即ちノエが方舟に入る日まで、人々飲食し、妻を娶り、娶せられ居りしが、洪水來りて悉く彼等を亡ぼせり。
Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, sengwe le sengwe se siame go fitlhelela letsatsi le Noa o neng a tsena mo tlung e e kokobalang ka lone mme morwalela wa tla wa senya botlhe.
28 又ロトの日に起りし如くならん、即ち人々飲食し、売買し、植ゑ、建てなど為し居りしが、
“Mme lefatshe le tlaa nna jaaka mo metlheng ya ga Lote: Batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba a nwa ba a ja, ba reka ba rekisa, ba tlhoma ditlhare ba aga,
29 ロトがソドマより出でし日には、天より火と硫黄と降りて、彼等を悉く亡ぼせり。
go fitlhelela mo mosong o Lote o neng a tswa mo Sodoma. Hong molelo le sebabole tse di neng di tswa kwa legodimong tsa ba nyeletsa botlhe.
30 人の子の現るべき日にも亦斯の如くなるべし。
Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me.
31 其時人屋根に居りて器具家の内に在らば、之を取らんとて下るべからず、畑に居る人も亦同じく歸るべからず。
“Ba ba tlaa bong ba se mo lwapeng ka letsatsi leo ba seka ba ya go phutha; ba ba mo nageng ba se ka ba boela kwa motsing.
32 ロトの妻の事を憶へ。
Gakologelwang se se neng sa diragalela mosadi wa ga Lote!
33 総て己が生命を救はんと欲する人は之を失ひ、失はん人は之を保たん。
Le fa e le mang yo o ngaparetseng botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka.
34 我汝等に告ぐ、彼夜には二人一個の寝牀に居らんに、一人は取られ一人は遺されん、
Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tlaa bo ba robetse mo tlung e le nngwe mme mongwe o tlaa tsewa yo mongwe a tlogelwe.
35 二人の婦共に磨挽き居らんに、一人は取られ一人は遺されん、二人の男畑に居らんに、一人は取られ一人は遺されん、と。
Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira botlhe mo tlung; yo mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa tlogelwa; mme go tlaa nna fela jalo mo banneng ba ba dirang ba bapile mo tshimong.”
36 弟子等答へて、主よ、何處ぞ、と云ひしかば、
37 何處にもあれ、屍の在らん處に鷲も亦集るべし、と曰へり。
Mme barutwa ba botsa ba re, “Morena, ba tlaa bo ba isiwa kae?” Jesu a fetola a re, “Kwa setoto se leng gone, manong a phuthegela gone!”

< ルカの福音書 17 >