< ルカの福音書 16 >

1 イエズス又弟子等に曰ひけるは、或富豪に一人の家令ありしが、主人の財産を浪費せりとて、訟出でられしかば、
Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege.
2 主人彼を召び、我が汝に就きて聞く所は是何事ぞや、汝最早家令たるを得ざれば、家令たりし時の會計を差出せ、と云ひしに、
Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.
3 家令心の中に謂ひけるは、我主人家令の職を我より褫へる上は、我何を為すべきぞ、耕す事は叶はず、乞食するは羞し、
“Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong.
4 家令を罷められたる後、人々の家に承けられん為には、為すべき様こそあれ、とて、
Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’
5 主人に負債ある人々を呼集めて、初の一人に云ひけるは、我主人に對する汝の負債は幾許ぞ、と。
“Mme a laletsa mongwe le mongwe yo o neng a kolota mong wa gagwe go tla go buisana nae. A botsa wa ntlha a re, ‘O mo kolota bokae?’ Monna a fetola a re, ‘Molato wa me ke selekanyo sa dinkgwana di le makgolo a ferabobedi le masome a matlhano a lookwane.’ Molebeledi a mo raya a re, ‘Ee, tumalano e o e kwadileng ke e: e senye o kwale e e leng bontlha bongwe jwa yone.’
6 彼、油百樽なり、と云ひしに、家令云ひけるは、汝の證書を取り、早く坐して五十と書け、と。
7 又次の者に云ひけるは、汝の負債は幾許ぞと、彼、麦百石なりと云ひしに、家令云ひけるは、汝の證書を取りて八十と書け、と。
“Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’
8 然るに主人、此不正なる家令を誉めて、其手段を巧なりとせり。蓋此世の子等は互に光の子等よりも巧なればなり。 (aiōn g165)
“Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo. (aiōn g165)
9 我も亦汝等に告ぐ、汝等不正の富を以て友人を作り、息絶えし後、汝等に永遠の住處に承入れしむべく為よ。 (aiōnios g166)
Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong? (aiōnios g166)
10 抑小事に忠なる人は大事にも亦忠なり、小事に不正なる人は大事にも亦不正なり。
Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo.
11 然れば汝等若し不正の富に於て忠ならざりせば、誰か眞の富を汝等に托せん。
Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo?
12 又他人の物に於て忠ならざりせば、誰か汝等の物を汝等に與へん。
Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona.
13 一人の僕は二人の主に兼事ふること能はず、或は一人を憎みて一人を愛し、或は一人に從ひて一人を疎むべければなり。汝等は神と富とに兼事ふること能はず、[と宣へり]。
“Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!”
14 然るに貪欲なるファリザイ人等、此始終の事を聞きて嘲りければ、
Mme Bafarasai, ba ba ratang madi thata, ba mo sotla ka ntlha ya mo gotlhe.
15 イエズス彼等に曰ひけるは、汝等は人の前に自ら義とする者なり、然れど神は汝等の心を知り給ふ、蓋人に取りて高き者は、神の御前に憎むべき者なり。
Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo.
16 律法と預言者等とはヨハネを限とす、其時より神の國は宣傳へられ、人皆力を盡して之に到らんとす。
Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone.
17 天地の廃るは、律法の一画の墜つるよりは易し。
Mme moo ga go reye gore molao o senyegetswe ke thata le fa e le ka ntlhanyana epe. O nonofile ebile ga o na botshikhinngo fela jaaka legodimo le lefatshe.
18 総て妻を出して他に娶る人は姦淫を行ふ者なり、又夫より出されたる婦を娶る人は姦淫を行ふ者なり。
“Mme jalo fa mongwe a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng le ene o dira boaka”.
19 曾て一人の富豪あり、緋色の布と亜麻布とを纏ひ、日々奢り暮らしたるに、
Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi.
20 又ラザルと云へる一人の乞食あり、全身腫縻れて富豪の門前に偃し、
Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe.
21 其食卓より落つる屑に飽足らん事を欲すれども與ふる人なく、而も犬等來りて其腫物を舐り居たり。
E ne e tle e re a rapame foo a laletse masalela a a wang mo lomating lwa bojelo jwa monna wa mohumi, dintsa di latswe dintho tsa gagwe.
22 然るに乞食死にければ、天使に携へられてアブラハムの懐に至りたるに、富豪も亦死して地獄に葬られしが、 (Hadēs g86)
Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa,
23 苦痛の中に在りて、目を翹げて、遥にアブラハムと其懐なるラザルとを見、
mme mowa wa gagwe wa ya moleting. E rile fa a le koo, mo tlhokofatsong a lebela Lasaro a le kgakala a na le Aberahame. (Hadēs g86)
24 叫びて云ひけるは、父アブラハムよ、我を憫みてラザルを遣はし、其指先を水に浸して我舌を冷させ給へ、我は此焔の中に甚く苦しめるを、と。
“Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse.
25 アブラハム之に云ひけるは、子よ、汝が存命の間善き物を受け、ラザルが同じ間に惡き物を受けしを記憶せよ、然ればこそ今彼は慰められて汝は苦しむなれ。
“Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong.
26 加之、我等と汝等との間には大いなる淵の定置かれたれば、此處より汝等の處へ渡らんと欲するも叶はず、其處より此處に移る事も叶はざるなり、と。
Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’.
27 富豪又云ひけるは、然らば父よ、希はくはラザルを我父の家に遣はし、
“Mme monna wa mohumi a re, ‘Ao, Rre Aberahame, tswee-tswee mo romele kwa legaeng la ga rre,
28 我に兄弟五人あれば、彼等も亦此苦悩の處に來らざる様、之に證明せしめ給へ、と。
gonne go na le bana ba ga rre ba le batlhano ba basimane, go ba tlhagisa kaga felo fano ga tlhokofatso e e botlhoko gore ba se ka ba tla fano fa ba a swa.’
29 アブラハム之に云ひけるは、モイゼと預言者等とあれば、彼等は之に聴くべきなり、と。
“Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’.
30 富豪、否父アブラハムよ、然れど若死者の中より至る者あらば、彼等改心すべし、と云ひければ、
“Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’
31 アブラハム之に向ひて、若モイゼと預言者等とに聴かざる彼等ならば、假令死者の中より復活すとも信ぜざるべし、と云へり、と。
“Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’”

< ルカの福音書 16 >