< ルカの福音書 12 >

1 其時夥しき群衆、周圍に立ち居て踏合ふ計なるに、イエズス弟子等に語出で給ひけるは、ファリザイ人等の麪酵に用心せよ、是僞善なり。
Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri.
2 蔽はれたる事に顕れざるべきはなく、隠れたる事に知れざるべきはなし、
Bo tlaa nna sesupo jaaka sebediso mo boping jo bo dubilweng.
3 其は汝等の暗黒にて言ひし事は光明に言はれ、室内にて囁きし事は屋根にて宣べらるべければなり。
Sengwe le sengwe se ba se buetseng mo lefifing se tlaa utlwiwa mo pontsheng, le se lo se sebetseng mo matlung a a kwa teng se tlaa anamisiwa mo ditlhoeng tsa matlo gore botlhe ba utlwe!
4 然れば我わが友たる汝等に告ぐ、肉體を殺して其後に何をも為し得ざる者を懼るること勿れ。
“Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona.
5 爰に汝等の懼るべき者を示さん、即ち殺したる後地獄に投入るる権能ある者を懼れよ、然り、我汝等に告ぐ、之を懼れよ。 (Geenna g1067)
Mme ke lo bolelela yo lo tshwanetseng go mmoifa, boifang Modimo o o nang le nonofo ya go bolaya le go latlhela mo moleteng. (Geenna g1067)
6 五羽の雀は四銭にて売るに非ずや、然るに其一羽も、神の御前に忘れらるる事なし。
“Tlhwatlhwa ya dithaga tse tlhano ke bokae? A ke dithebe di se kae e seng go feta moo? Le fa go ntse jalo Modimo ga o lebale le fa e le epe ya tsone.
7 汝等の髪毛すら皆算へられたり、故に懼るること勿れ、汝等は多くの雀に優れり。
Ebile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona! Se boifeng gonne lo botlhokwa thata mo go one go gaisa setlhopha sa dithaga.
8 我汝等に告ぐ、総て人々の前にて我を宣言する者は、人の子も亦神の使等の前にて之を宣言せん。
“Mme ke lo tlhomamisetsa se, ka re: Nna Morwa Motho ke tlaa lo tlotla mo pepeneneng fa pele ga baengele ba Modimo fa lo mpolela jaaka Tsala ya lona mono lefatsheng.
9 然れど人々の前にて我を否む者は、神の使等の前にて否まるべし。
Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele.
10 又総て人の子を譏る人は赦されん、然れど聖霊に對して冒涜したる人は赦されじ。
(Le fa go ntse jalo ba ba buang ka ga me ba ka nna ba itshwarelwa, fa ba ba buang kgatlhanong le Mowa O O Boitshepo ba se kitla ba itshwarelwa).
11 人々汝等を會堂に、或は官吏、権力者の前に引かん時、如何に又は何を答へ、又は何を言はんかと思煩ふこと勿れ、
“Mme e re fa lo tlisiwa tshekong fa pele ga babusi ba ba Sejuta le ba ba nang le ditaolo mo matlung a thuto lo se tshwenyege ka se lo tlaa se buang go iphemela,
12 言ふべき事は、其時に當りて、聖霊汝等に教へ給ふべければなり、と。
gonne Mowa O O Boitshepo o tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng fa lo ntse lo le foo.”
13 斯て群衆の中より、或人イエズスに向ひ、師よ、我兄弟に命じて、家督を我と共に分たしめ給へ、と云ひしかば、
Hong mongwe a mo tlhaeletsa mo bontsintsing jwa batho a re, “Morena, tswee-tswee raya mogolole a kgaogane boswa le nna.”
14 イエズス之に曰ひけるは、人よ、汝等の上の判事又は分配者として、誰か我を定めしぞ、と。
Mme Jesu a mo fetola a re, “Rra, ke mang yo o ntirileng moatlhodi mo go lona go akanya dilo tse di ntseng jaaka tseo?
15 斯て人々に曰ひけるは、慎みて凡ての貪欲に用心せよ、其は人の生命は所有物の豊なるに因らざればなり、と。
Itlhokomeleng lo se ka lwa aga lo eletsa dilo tse lo senang natso. Gonne botshelo jwa boammaaruri le go tshela ga boammaaruri ga go a ikaega ka dikhumo tsa rona.”
16 又彼等に喩を語りて曰ひけるは、或富者の畑豊かに實りければ、
Mme a fa setshwantsho: a re, “Monna wa mohumi o ne a na le tshimo e e mmu o nonneng e e ntshang thobo e ntsi.
17 其人心の中に考へけるは、我産物を積むべき處なきを如何にせんと。
Le fa go ntse jalo difalana tsa gagwe di ne di tletse mo go penologang, o ne a sa kake a kgona go tsenya sengwe le sengwe mo teng. Mme a akanya mathata a gagwe,
18 遂に謂へらく、我は斯為べし、即ち我倉を毀ち、更に大いなる物を建てて、其處に我産物と財貨とを積まん、
ya re kwa bofelong a goa a re, ‘Ke a itse, ke tlaa rutla difalana tsa me ke aga tse di tona! Jaanong ke tlaa nna le polokelo e e lekaneng.
19 而して我魂に向ひ、魂よ、多年の用意に蓄へたる財産數多あれば、心を安んじ、飲食して樂しめ、と言はん、と。
Mme ke tlaa nna, ke ithaya ke re, “Tsala o na le dithoto tse dintsi tsa dingwaga tse di tlang. Thuba kobo segole! Itumedise botshelo jwa gago ka mofine le basadi o opelelwe.”’
20 然れど神は彼に曰はく、愚者よ、汝の魂は今夜呼還されんとす、然らば備へたる物は誰が物と為るべきぞ、と。
“Mme Modimo wa mo raya wa re, ‘Seeleele ke wena; bosigo jono o a swa mme dilo tse tsotlhe e tlaa nna tsa ga mang?’
21 己の為に寳を積みて、神の御前に富まざる人は斯の如き者なり、と。
Ee, mongwe le mongwe ke seeleele yo o amogelang dikhumo mo lefatsheng e seng kwa legodimong.”
22 又弟子等に曰ひけるは、然れば我汝等に告ぐ、生命の為に何をか食ひ身の為に何をか着ん、と思煩ふこと勿れ、
Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Se tshwenyegeng ka gore a lo na le dijo tse dintsi go ja kgotsa diaparo go apara.
23 生命は食物に優り、身は衣服に優れり。
Gonne botshelo bo gaisa dijo le diaparo.
24 烏を鑑みよ、播く事なく刈る事なく、倉をも納屋をも有たざれども、神は之を養ひ給ふなり、汝等烏に優ること幾何ぞや。
Lebelelang magakabe, ga a leme, ga a robe, ga a na difalana go boloka dijo tsa one, mme le fa go ntse jalo a tshela sentle fela gonne Modimo o a a otla. Mme lo tlhwatlhwa kgolo mo go one go gaisa dinonyane!
25 汝等の中誰か工夫して己が寿命に一肘だも加ふることを得んや、
“Jaanong mo godimo ga mo, go thusang gore lo tshwenyege? Go lo thusa ka eng? A go ka lo okeletsa botshelo ka letsatsi le le lengwe fela? Nnyaa!
26 然れば斯く最小き事すらも能はざるに、何ぞ其他の事を思煩ふや。
Mme fa tlhobaelo e se ka ke ya dira selo se sennye jaaka seo, go thusang go tlhobaelela dilo tse di tona?
27 百合の如何に長つかを鑑みよ。働く事なく紡ぐ事なし、然れども我汝等に言う、サロモンだも其榮華の極に於て、彼百合の一ほどに粧はざりき。
“Lebelelang dithunya: Ga di dire ebile ga di otlhe tlhale mme le fa go ntse jalo Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa apare sentle jaaka tsone.
28 今日野に在りて明日炉に投入れらるる草をさへ、神は斯く粧はせ給へば、况や汝等をや、信仰薄き者等哉。
Mme fa Modimo o apesa dithunya tse di leng fano gompieno e re ka moso di bo di seyo, a ga lo gopole gore o tlaa lo apesa babelaedi ke lona!
29 汝等も、何をか食ひ何をか飲まんと求むること勿れ、又大望を起すこと勿れ、
Le gone lo se ka lwa tshwenyega ka ga dijo, se se jewang le se se nowang; se tshwenyegeng gotlhelele gonne Modimo o tlaa di lo naya.
30 蓋世の異邦人は、此一切の物を求むれども、汝等の父は汝等の之を要することを知り給へばなり。
“Batho botlhe ba itapisa ka senkgwe sa letsatsi le letsatsi, mme Rraeno yo o kwa legodimong o itse go tlhoka ga lona.
31 然れば先神の國と、其義とを求めよ、然らば此一切の物は汝等に加へらるべし。
O tlaa aga a lo naya tsotlhe tse lo di tlhokang letsatsi le letsatsi fa lo tlhoafaletse Bogosi jwa Modimo.
32 小き群よ、懼るること勿れ、汝等に國を賜ふ事は、汝等の父の御意に適ひたればなり。
“Jalo se boifeng, lona motlhape o monnye gonne go naya Rraeno boitumelo jo bogolo go lo naya Bogosi.
33 汝等の所有物を売りて施を行へ、己の為に古びざる金嚢を造り、匱きざる寳を天に蓄へよ、彼處には盗人も近づかず、蠹も壊はざるなり。
Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.
34 是汝等の寳の在る處には、心も亦在るべければなり。
Gongwe le gongwe kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le dikakanyo tsa gago di tlaa nna teng.
35 汝等腰に帯して手に燈あるべし。
“Nnang lo ipaakantse, lo apere lo iketleeleditse,
36 又恰も、主人婚莚より還來りて門を叩かば直に開かん、と待受くる人の如くに為よ。
go boa ga Morena wa lona kwa modirong wa lonyalo. Hong lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go mmulela kgoro gore a tsene ka nako e o gorogang ka yone a kokota.
37 主人の來る時に醒めたるを見らるる僕等は福なり、我誠に汝等に告ぐ、主人自ら帯して此僕等を食に就かせ、通ひて彼等に給仕せん。
Go tlaa nna boitumelo jo bogolo mo go ba ba ipaakantseng ba bile ba letile go boa ga gagwe. Ene ka boene o tlaa ba amogela a ba naya bonno a ba a apara seaparo sa baabi ba dijo go ba heha.
38 主人十二時までに來るも三時までに來るも、僕等の斯の如きを見ば、彼等は福なり。
“O ka nna a tla ka nako ya boroba bongwe bosigo, kgotsa bosigo gare. Mme e tlaa re mogang a tlang, go tlaa nna boitumelo mo batlhankeng ba gagwe ba ba ipaakantseng!
39 汝等知るべし、家父若盗人の來るべき時を知らば必ず警戒して其家を穿たしめじ。
“Mongwe le mongwe o ne a tlaa mo ipaakanyetsa fa ba ne ba itsile nako tota ya go boa ga gagwe, fela jaaka ba ne ba ka ipaakanyetsa legodu fa ba itsile fa le tlaa tla.
40 汝等も亦用意してあれ、人の子は汝等の思はざる時に來るべければなり、と。
Jalo ipaakanyeng ka nako tsotlhe. Gonne Nna Morwa Motho, ke tlaa tla go sa solofela ope.”
41 ペトロ、イエズスに向ひ、主よ、此喩を曰ふは、我等の為にか、凡ての人の為にもか、と云ひしかば、
Petere a botsa a re, “Morena a o bua le rona fela kgotsa le mongwe le mongwe?”
42 主曰ひけるは、時に應じて家族に麦を程よく分與へしめんとて、戸主が其家族の上に立つる、忠義にして敏き執事は誰なるか、
Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.
43 主人の來る時に斯く行へるを見らるる僕は福なり。
44 我誠に汝等に告ぐ、主人は己が有てる一切の物を之に掌らしめん。
45 もし彼僕心の中に、我主人の來る事遅しと謂ひて、下男、下女を打擲き、飲食して酔始めんか、
“Mme fa motho a simolola go akanya gore, ‘Morena wa me ga a nke a tla o diegile,’ hong a simolole go itaya banna le basadi ba o tshwanetseng go ba sireletsa, le go senya nako ya gagwe mo medirong ya dino le botagwa,
46 期せざる日、知らざる時に、彼僕の主人來りて之を罰し、其報を不忠者と同じくせん。
Mme mong wa gagwe o tlaa boa kwa ntle ga kitsiso epe mme a mo ntshe mo maemong a gagwe a go tshephega a mo neye bonno jwa ba ba sa ikanyegeng.
47 又其主人の意を知りて用意せず、主人の意に從ひて行はざる僕は、鞭たるる事多からん。
O tlaa otlhaiwa mo go botlhoko, gonne le fa a ne a itse tiro ya gagwe o ganne go e dira.
48 然れども、知らずして鞭たるべき事を為したる者は、打たるる事少かるべし、総て多く與へられたる人は多く求められ、委托したる事多ければ催促する事も多かるべし。
“Mme le fa e le mang yo o sa itseng gore o dira phoso o tlaa otlhaiwa fela go le gonnye. Mo go tona go batlwa mo go ba ba neilweng mo go tona, gonne boikarabelo jwa bone bo bo tona.
49 我は地上に火を放たんとて來れり、其燃ゆる外には何をか望まん。
“Ke tsile go lere molelo mo lefatshing, mme ruri, ke eletsa jang gore ekete tiro ya me e ka bo e setse e fedile!
50 然るに我には我が受くべき洗禮あり、其が為遂げらるるまで、我が思逼れる事如何許ぞや。
Go na le kolobetso e e maswe kwa pele ga me, mme ke pitlagane thata go tsamaya e diragala!
51 汝等は、我地上に平和を持來れりと思ふか、我汝等に告ぐ、否却つて分離なり。
“A lo gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng? Nnyaa! Ke lerile ntwa le kgaogano fela.
52 蓋今より後、一家に五人あらば、三人は二人に、二人は三人に對して分れん、
Go tloga fano malwapa a tlaa kgaogana ka bogare, ba bararo ba eme le nna, ba babedi ba nne kgatlhanong le nna, kgotsa go nne ka mokgwa o sele.
53 即ち父は子に、子は父に、母は女に、女は母に、姑は嫁に、嫁は姑に對して分るる事あらん、と。
“Rrabana o tlaa ntsha maikutlo a sele ka ga me; morwawe le ene a ntshe a sele; mmangwana le morwadie ba tlaa tlhoka kutlwisisanyo, mogopolo wa matsalaa motho yo o tlotlegang o tlaa nyadiwa ke ngwetsi ya gagwe.”
54 イエズス又群衆に曰ひけるは、汝等西より雲起るを見れば直に雨來らんと謂ふ、既にして果して然り。
Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Fa lo bona maru a simolola go ipopa kwa bophirima, lwa re, ‘Pula e e tla’, mme lo bo lo bolelela ruri.
55 又南風吹くを見れば暑くなるべしと謂ふ、既にして果して然り。
“Fa phefo ya borwa e foka lo re, ‘Gompieno go tlaa nna mogote’. Mme ruri go nne jalo.
56 僞善者よ、汝等は天地の有様を見分くる事を知れるに、如何ぞ今の時を見分けざる、
Baitimokanyi! lo lemoga loapi sentle thata, mme lo gana go lemoga ditlhagiso tse di lo dikaganyeditseng kaga dipaka tse di diphatsa tse di tlang.
57 如何ぞ義しき事を自ら見定めざる。
Ke eng fa lo gana go iponela se se siameng?
58 汝等敵手と共に官吏の許に往く時、途中にて彼に赦されん事を力めよ。恐らくは汝を判事の許に引き、判事は下役に付し、下役は監獄に入れん、
“Fa o kopana le moganetsi wa gago mo tseleng a isa kgang ya lona kgotleng, leka go letlana nae pele ga kgang e tsena kwa moatlhoding, e se re gongwe a go isa kwa kgolegelong;
59 我汝に告ぐ、最終の一厘までも還さざる中は、汝其處を出でざるべし、と。
gonne fa seo se diragala ga o kitla o gololesega gape go fitlhelela thebe ya bofelo e duelwa yotlhe”.

< ルカの福音書 12 >