< ヨハネの福音書 6 >

1 第二款 イエズスガリレアにて信仰の激變を起させ給ふ 其後イエズス往きて、ガリレアの湖、即ちチベリアデの湖の彼方へ渡り給ひしに、
Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia.
2 病める人々に為し給へる奇蹟を見て、群衆夥しく從ひければ、
Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, “Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?”
3 山に引退きて、弟子等と共に其處に坐し居給へり。
4 時はユデア人の過越の祭日近き頃なりき。
5 イエズス目を翹げて、無數の群衆の我許に來るを見給ひしかば、フィリッポに曰ひけるは、此人々の食すべき麪を我等何處より買ふべきか、と。
6 斯く曰へるは、彼を試み給はん為なりき、蓋自らは其為さんとする所を知り給へるなり。
(O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira).
7 フィリッポ答へけるは、二百デナリオの麪は、各些少づつを受くるも、此人々には足らざるなり、と。
Filipo a fetola a re, “Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!”
8 弟子の一人なる、シモン、ペトロの兄弟アンデレア、イエズスに向ひて、
Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, “Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?”
9 茲に一人の童子あり、大麦の麪五と魚二とを有てり、然れど斯く夥しき人の中に、其が何になるぞ、と云ひしかば、
10 イエズス、人々を坐せしめよ、と曰ひ、此處に草多かりければ、男子等坐したるに、其數五千人許なりき。
Mme Jesu a ba raya a re, “Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe,” mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano.
11 イエズス軈て麪を取り、謝し給ひて後、坐せる人々に分ち、魚をも彼等の欲するに任せて分ち給へり。
Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!
12 人々満腹せし時、イエズス弟子等に向ひ、殘れる屑を遺らざる様に拾へ、と曰ひしかば、
Mme Jesu a ba raya a re, “Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa.”
13 食せし人々の餘したる五の大麦の麪の屑を拾ひて、十二の筐に満たせり。
Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao!
14 斯て人々、イエズスの為し給ひたる奇蹟を見て、實に是ぞ此世に來るべき預言者なる、と云ひしが、
Erile fa batho ba lemoga kgakgamatso e tona tona eo e e diragetseng, ba bua ka kgakgamalo ba re, “Ammaaruri, ke mopopofiti yo re ntseng re mo solofetse!”
15 イエズス彼等の将に己を執へて王と為さんとするを暁り給ひしかば、復獨り山に逃れ給へり。
Mme erile ka go bua jalo, Jesu a bona gore ba ipaakanyeditse go mo tsaya ka pateletso go mo dira kgosi ya bone, hong a tlhatlogela kwa godimo mo dithabeng a le nosi.
16 日没に及び、弟子等湖に下りて、
Mo maabanyaneng ao barutwa ba gagwe ba fologela kwa lotshitshing go mo emela teng.
17 船に乗り、カファルナウムに向ひて湖を渡るに、既に暗けれどもイエズス未だ彼等の處に來り給はず、
Mme erile go nna lefifi Jesu a ise a tle, ba tsena mo mokorong ba kgabaganya lewatle go ya Kaperenama.
18 湖は大風吹きて荒れ居たり。
Mme ka bofefo ga tsoga phefo e kgolo thata mo lewatleng, ya ba tsubutletsa le mokoro o ba neng ba o kgweetsa, le lewatle la rwalelesega. Mme le fa go ntse jalo, erile ba ka ne ba tsamaile bommaele ba le bararo kgotsa ba le bane, ka tshoganetso ba bona Jesu a tsamaela ntlheng ya mokoro! Mme ba tshoga thata,
19 斯て約四五十町も漕出したる時、人々イエズスの水の上を歩みて船に近づき給ふを見て怖れしが、
20 イエズス我なるぞ、怖るること勿れ、と曰ひしかば、
mme a ba bitsa a re se boifeng.
21 彼等之を船に乗せんとしたるに、船は忽ち之く所の地に着けり。
Mme ba eletsa go mo tseela mo teng, mme ka bofefo mokoro wa goroga kwa ba neng ba ya teng!
22 明日に至りて、湖の此方に立てる群衆、船は一艘の外あらざりしに、イエズス弟子等と共に其船に入り給はずして、弟子等のみ往きし事を認めたり。
Mme ya re mo mosong o o latelang, morago ga ba kgabaganya lecha, bontsintsi jwa batho jwa simolola go phuthaganela mo lotshitshing (bo emetse go bona Jesu). Gonne ba ne ba itse gore barutwa ba ne ba tsamaile ka mokoro wa bone ba mo tlogela kwa morago. Mekoro e mennye e le mentsinyana e e tswang kwa Tiberia e ne e le gautshwane,
23 折しも別の船等チベリアデより來り、主の謝し給ひて己等が麪を食せし處に近く着きしかば、
24 人々イエズスと弟子等との其處に在らざるを見て其船に乗り、イエズスを尋ねてカファルナウムに至れり。
mme erile batho ba bona gore Jesu o ne a seyo foo, le fa e le barutwa ba gagwe, ba tsena mo mekorong ba kgabaganyetsa kwa Kaperenama go ya go mo senka teng.
25 斯て彼等湖を渡り、イエズスを見付けて、ラビ何時此處に來り給ひしぞ、と云ひしかば、
Erile fa ba goroga ba mmona ba re, “Morena o tsile fano jang?”
26 イエズス彼等に答へて曰ひけるは、誠に實に汝等に告ぐ、汝等が我を尋ぬるは、奇蹟を見し故に非ず、麪を食して飽足りし故なり。
Jesu a ba fetola a ba raya a re, “Boammaaruri jwa potso ya lona ke gore lo batla go nna le nna gonne ke lo file dijo, e seng ka ntlha ya gore lo dumela mo go nna.
27 働く事は朽つる糧の為にせずして、永遠の生命に至るまで存する糧、即ち人の子が汝等に與へんとする糧の為にせよ、其は父なる神彼を證印し給ひたればなり、と。 (aiōnios g166)
Jalo he, ga lo a tshwanela go baya mo dilong tse di nyelelang jaaka dijo. Nnyaa, dirisang nonofo ya lona ka go batla botshelo jo bo sa khutleng jo nna Morwa Motho ke ka bo lo nayang. Gonne Modimo Rara o nthomile gone go dira jalo.” (aiōnios g166)
28 是に於て人々イエズスに向ひ、神の業を働かん為には、我等何を為すべきぞ、と云ひしに、
Mme ba mo fetola ba re, “Re tshwanetse go dira eng go itumedisa Modimo?”
29 イエズス答へて曰ひけるは、汝等其遣はし給ひし者を信ずるは、是神の業なり、と。
Jesu a ba raya a re, “Go rata ga Modimo ke gore lo dumele mo go yo o mo romileng.”
30 是に於て彼等又言ひけるは、然らば我等をして見て汝を信ぜしめん為に、如何なる徴を為し何を行ひ給ふぞ。
Ba fetola ba re, “O tshwanetse go re bontsha dikgakgamatso tse dingwe fa o batla gore re dumele gore o Mesia. Re fe dijo mahala malatsi otlhe, jaaka borraa rona ba ne ba di fiwa fa ba tsamaya ba raletse sekaka! Fela jaaka dikwalo di re, ‘Moshe o ba neetse senkgwe se se tswang legodimong’.”
31 我等が先祖は荒野にてマンナを食せり、録して「彼等に天よりの麪を與へて食せしめ給へり」とあるが如し、と。
32 其時イエズス彼等に曰ひけるは、誠に實に汝等に告ぐ、モイゼは天よりの麪を汝等に與へず、我父こそ天よりの眞の麪を汝等に賜ふなれ。
Jesu a ba raya a re, “Moshe ga a ise a ke a se ba neele. Rre ke ene yo a neng a se ba naya. Mme jaanong o lo fa senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong.
33 蓋神の麪とは、天より降りて世に生命を與ふるもの是なり、と。
Senkgwe sa boammaaruri ke Motho, yo o romilweng ke Modimo a tswa legodimong, mme ene o neela lefatshe botshelo.”
34 斯て人々、主よ、此麪を恒に我等に與へよ、と云ひしかば、
Mme ba mo raya ba re, “Morena, re nnele senkgwe se mo matshelong a rona malatsi otlhe!”
35 イエズス曰ひけるは、我は生命の麪なり、我に來る人は飢ゑず、我を信ずる人は、何時も渇かざるべし。
Mme Jesu a re, “Ke nna Senkgwe sa Botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go nna yo o tlaa tlholang a bolawa ke tlala gape. Ba ba dumelang mo go nna ga ba kitla ba tlhola ba nyorwa.
36 然れども我が既に汝等に告げし如く、汝等は我を見たれども、猶信ぜざるなり。
Mme molato fela ke gore, jaaka ke lo boleletse pele, ga lo dumele le fa tota lo mponye.
37 総て父の我に賜ふ者は我に來らん、我に來る人は我之を逐出さじ、
Mme bangwe ba Rara a ba nneileng ba tlaa tla kwa go nna mme ga nkitla ke ba gana.
38 是我が天より降りしは、我意を成さん為に非ずして、我を遣はし給ひし者の思召を成さん為なればなり。
Gonne ke tsile fano ke tswa legodimong go tla go dira go rata ga Modimo o o nthomileng, e seng go rata ga me.
39 然て我を遣はし給ひし父の思召は、総て我に賜ひし者を我毫も失はずして、終の日に之を復活せしむべき事是なり。
Mme mo ke go rata ga Modimo go re, ‘Ke seka ka latlhegelwa le fa e le ke a le mongwe fela mo go botlhe ba o ba nneileng, mme e leng gore ke ba tsosetse botshelong jo bo sa khutleng ka Letsatsi la Bofelo.’
40 又我を遣はし給ひし我父の思召は、総て子を見て之を信仰する人は永遠の生命を得ん事是なり。斯て我終の日に之を復活せしむべし、と。 (aiōnios g166)
Gonne ke go rata ga ga Rre gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwawe a ba a dumela mo go ene o tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng, gore ke tle ke mo tsose ka Letsatsi la Bofelo.” (aiōnios g166)
41 是に於てイエズスが、我は天より降りたる麪なり、と曰ひし為に、ユデア人等彼に就きて呟きつつ、
Hong Bajuta ba simolola go mo ngongoregela, gonne a re ke Senkgwe se se tswang legodimong.
42 是ヨゼフの子イエズスにして、其父母は我等が知れる者ならずや。然るを如何ぞ、我は天より降れりと云ふや、と云ひければ、
Ba hakgamala ba re, “A reng? Gonne re mo itse e le Jesu fela, morwa Josefa yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng. O rayang fa a re o fologile kwa legodimong?”
43 イエズス答へて曰ひけるは、汝等呟き合ふこと勿れ、
Mme Jesu a fetola a re, “Se ngongoregeng ka ntlha ya go bua ga me jalo.
44 我を遣はし給ひし父の引き給ふに非ずば、何人も我に來る事を得ず、[來る人は]我終の日に之を復活せしめん。
Gonne ga go ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara yo o nthomileng a mo gogela kwa go nna, mme ka Letsatsi la Bofelo ke tlaa mo tsosa.
45 預言者等[の書]に録して、「皆神に教へらるる者とならん」とあり。父に聴きて學べる人は皆我に來る、
Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna.
46 父を人の見奉りしには非ず、惟神より成る者のみ父を見奉りたるなり。
(Ga go ope yo o bonyeng Rara, ke nna fela yo ke mmonyeng).
47 誠に實に汝等に告ぐ、我を信ずる人は永遠の生命を有す。 (aiōnios g166)
“Ke bua ka go gatelela ke re, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o setse a na le botshelo jo bo sa khutleng! (aiōnios g166)
48 我は生命の麪なり。
Ee, ke senkgwe sa botshelo.
49 汝等の先祖は、荒野にマンナを食して死せしが、
Go ne go sena botshelo bope mo senkgweng se, se se neng se tswa mo loaping, se se neng sa neelwa borraeno mo sekakeng, gonne botlhe ba ne ba a swa.
50 是は天より降る麪にして、人之を食せば死せざらん為なり。
Mme go na le senkgwe tota se se tswang legodimong se se nayang mongwe le mongwe yo o se jang botshelo jo bo sa khutleng.
51 我は天より降りたる活ける麪なり。人若此わが麪を食せば永遠に活くべし。 而して我が與へんとする麪は、此世を活かさん為の我肉なり、と。 (aiōn g165)
Mme ke sone senkgwe seo se se tshelang se se fologileng kwa Legodimong. Le fa e le mang yo o jang senkgwe se o tlaa tshelela ruri; mmele wa me ke sone senkgwe se, se ntsheditswe go golola batho.” (aiōn g165)
52 是に於てユデア人等相争ひ、此人争でか己が肉を我等に與へて食せしむるを得んや、と云ひしかば、
Hong Bajuta ba simolola go ganetsanya kaga se a se rayang. Ba re, “Monna yo o ka re naya nama ya gagwe gore re e je?”
53 イエズス曰ひけるは、誠に實に汝等に告ぐ、汝等人の子の肉を食せず其血を飲まずば、汝等の衷に生命を有せざるべし。
Hong Jesu a ipoeletsa a re, “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ke lo raya, ke re: fa lo sa je nama ya Morwa Motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo ka ke lwa nna le botshelo jo bo sa khutleng mo go lona.
54 我肉を食し我血を飲む人は永遠の生命を有す、而して我終の日に之を復活せしむべし。 (aiōnios g166)
Mme le fa e le mang yo o jang nama ya me a ba a a nwa le madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tlaa mo tsosa ka Letsatsi la Bofelo. (aiōnios g166)
55 蓋我肉は實に食物なり。我血は實に飲物なり。
Gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi ke seno sa boammaaruri.
56 我肉を食し我血を飲む人は我に止り、我も亦之に止る。
“Mongwe le mongwe yo o jang nama ya me a ba a a nwa madi a me o mo go nna, le nna ke mo go ene.
57 活ける父我を遣はし給ひて、我父に由りて活くる如く、我を食する人も亦我に由りて活きん。
Ke tshela ka nonofo ya ga Rara yo o tshelang yo o nthomileng, mme fela jalo ba ba njang le bone ba tlaa tshela ka ntlha ya me!
58 是ぞ天より降りし麪なる、汝等の先祖がマンナを食して然も死せしが如くならず、此麪を食する人は永遠に活くべし、と。 (aiōn g165)
Ke Senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong; mme le fa e le mang yo o jang Senkgwe se, o tlaa tshelela ruri, a sa swe jaaka borraeno ba ne ba a swa, le fa ba ne ba jele senkgwe se se tswang legodimong.” (aiōn g165)
59 イエズスカファルナウムなる會堂の内にて教へつつ斯く曰ひしに、
(A rera thero e mo ntlung ya thuto mo Kaperenama).
60 弟子等の中には、之を聞きて、此談は難し、誰か之を聴くことを得ん、と謂ふ者多かりしが、
Le barutwa ba gagwe tota ba re, “Golo mo go thata go tlhaloganngwa. Ke mang yo o ka thalosang se a se rayang?”
61 イエズス彼等が之に就きて呟けるを自ら知りて曰ひけるは、此事汝等を躓かしむるか、
Jesu a itse mo pelong ya gagwe gore barutwa ba gagwe ba ne ba ngongorega mme a ba raya a re, “A golo mo go a lo kgopisa?
62 然れば汝等若人の子が原居りし處に昇るを見ば如何、
Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape?
63 活かすものは霊にして、肉は益する所なし、我が汝等に語りし言は霊なり生命なり。
Mowa O O Boitshepo ke one fela o o nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ba ba tsetsweng gangwe fela ka tsalo ya senama, ga ba kitla ba amogela mpho e. Mme jaanong ke lo boleletse ka fa lo ka nnang le botshelo jo jwa semowa ka teng.
64 然れども汝等の中には信ぜざる者あり、と。是イエズス素より、信ぜざる人々の誰なるか、己を売るべき人の誰なるかを知り居給へばなり。
Mme bangwe ba lona ga ba ntumele.” (Gonne Jesu o ne a sale a itse kwa tshimologong ba ba neng ba sa dumele le yo o tlaa mo okang).
65 斯て曰ひけるは、然ればこそ我曾て、人は我父より賜はりたるに非ずば我に來ることを得ず、と汝等に告げたるなれ、と。
Mme a re, “Ke sone se ke neng ke se raya fa ke re ga go na ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara a mo lere kwa go nna.”
66 此後は、弟子等多く退きて、最早イエズスと共に歩まざりしかば、
Erile fela gone foo barutwa ba gagwe ba le bantsintsi ba mo furalela ba mo tlogela.
67 イエズス十二人に向ひ、汝等も去らんと欲するか、と曰ひしに、
Mme Jesu a retologela kwa go ba ba lesome le bobedi a ba botsa a re, “A le lona lo a tsamaya?”
68 シモン、ペトロ答へけるは、主よ、我等誰にか之かん、汝こそ永遠の生命の言を有し給ふなれ。 (aiōnios g166)
Mme Simone Petoro a fetola a re, “Morena, re ka ya kwa go mang? Ke wena fela o le esi yo o nang le mafoko a a nayang botshelo jo bosakhutleng, (aiōnios g166)
69 我等は汝が神の御子キリストなる事を信じ且暁れり、と。
jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.”
70 イエズス彼等に答へ給ひけるは、我汝等十二人を選みしに非ずや、然るに汝等の一人は惡魔なり、と。 是はシモンの子イスカリオテのユダを曰へるものにて、彼は十二人の一人ながら、イエズスを売るべき者なればなり。
Hong Jesu a re, “Ke tlhophile ba le lesome le bobedi ba lona, mme a le esi ke diabolo.”
(O ne a bua ka ga Judase, Morwa Simone Isekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o tlaa mo okang).

< ヨハネの福音書 6 >