< ヨハネの福音書 3 >

1 爰にファリザイ人の中にニコデモと呼ばれて、ユデア人の長だちたる者ありしが、
Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.”
2 夜イエズスの許に至りて云ひけるは、ラビ、我等は汝が神より來りたる教師なる事を知れり、其は何人も、神之と共に在すに非ざれば、汝の為せる如き奇蹟を行ひ得ざればなり。
3 イエズス答へて曰ひけるは、誠に眞に汝に告ぐ、人新に生るるに非ずば、神の國を見ること能はず。
Mme Jesu a fetola a re, “Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo.”
4 ニコデモ云ひけるは、人既に老いたるに争でか生るる事を得べき、豈再び母の胎内に入て新に生るるを得んや。
Mme Nikodemo a gakgamala a re, “Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?”
5 イエズス答へ給ひけるは、誠に實に汝に告ぐ、人は水と霊とより新に生るるに非ずば、神の國に入る事能はず。
Mme Jesu a fetola a re, “Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo.
6 肉より生れたる者は肉なり、霊より生れたる者は霊なり。
Batho ba ka tsala batho ba bangwe fela, mme Mowa O O Boitshepo o naya botshelo jo bosha jo bo tswang legodimong.
7 汝等再び生れざるべからずと我が汝に告げたるを怪しむこと勿れ。
Jalo he, o se gakgamalele go bua ga me fa ke re o tshwanetse go tsalwa gape!
8 風は己が儘なる處に吹く、汝其聲を聞くと雖も、何處より來りて何處に往くかを知らず、総て霊より生れたる者も亦然り、と。
Fela jaaka o ka utlwa phefo mme o ka seka wa bolela kwa e tswang teng kgotsa kwa e tlaa fokelang teng gape, Mowa o ntse fela jalo. Ga re itse gore o tlaa neela mang botshelo jo, jo bo tswang legodimong.”
9 ニコデモ答へて、此等の事如何にしてか成り得べき、と云ひしかば、
Mme Nikodemo a mmotsa a re, “O rayang?”
10 イエズス答へて曰ひけるは、汝はイスラエルに於て師たる者なるに、是等の事を知らざるか。
Mme Jesu a fetola a re, “O moruti wa Bajuta yo o tlotlegang, mme a ga o ise o tlhaloganye dilo tse? Ke go bolelela se ke se itseng e bile ke se bonye, mme le fa go ntse jalo ga o ise o ntumele.
11 誠に實に汝に告ぐ、我等は知れる所を語り、見たる所を證す、然れど汝等は其證言を承けざるなり。
12 我が地上の事を語りてすら汝等は信ぜざるものを、天上の事を語るとも争でか之を信ぜんや。
Mme fa o sa ntumele fa ke go bolelela ka ga dilo tse di diragalang fano mo bathong, o ka dumela jang fa ke go bolelela ka tse di diragalang kwa legodimong?
13 天より降りたるもの、即ち天に在る人の子の外は、誰も天に昇りしものなし。
Gonne ke nna fela, Morwa Motho, yo ke tsileng mo lefatsheng mme ke tlaa boela kwa legodimong gape.
14 又モイゼが荒野にて蛇を揚げし如く、人の子も必ず揚げらるべし、
“Mme fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa setshwantsho sa noga ya kgotlho mo mopakong, le nna ke tshwanetse go tsholediwa fela jalo mo mopakong.
15 是総て之を信仰する人の、亡びずして永遠の生命を得ん為なり。 (aiōnios g166)
Gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
16 蓋神の此世を愛し給へる事は、御獨子を賜ふ程にして、是総て之を信仰する人の亡びずして永遠の生命を得ん為なり。 (aiōnios g166)
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
17 即ち神が御子を此世に遣はし給ひしは、世を審判せしめん為に非ず、世が彼に由りて救はれん為なり。
Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka.
18 彼を信仰する人は審判せられず、信ぜざる人は既に審判せられたり、其は神の御獨子の御名を信ぜざればなり。
“Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi.
19 審判とは是なり、即ち光既に世に來りたるに、人は己の行の惡き為に、光よりも寧暗を愛したるなり。
Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.
20 総て惡を為す人は光を憎み、己が行を責められじとて光に來らず。
Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe.
21 然れど眞理を行ふ人は、己が行の顕れん為に光に來る、其は神の内に行はれたればなり、と。
Mme ba ba dirang tshiamo, ba tla ka boitumelo mo Leseding gore mongwe le mongwe a bone gore ba dira se Modimo o batlang ba se dira.”
22 第二款 イエズスユデアに留り給ふ 其後イエズス弟子等とユデア地方に至り、共に留りて洗し居給ひしが、
Erile morago, Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Jerusalema mme ba nna ka lobakanyana mo Judea ba kolobetsa teng.
23 ヨハネもサリムに近きエンノンに水多かりければ、其處にて洗しつつあり、人々來りて洗せられ居たり。
Ka nako e, Johane wa Mokolobetsi o ne a ise a tsenngwe mo kgolegelong. O ne a kolobetsa kwa Ainona gaufi le Salema, gonne go ne go na le metsi a mantsi teng.
24 即ちヨハネ未だ監獄に入れられざりしなり。
25 然るにヨハネの弟子等とユデア人との間に、洗禮に就きて議論起りしかば、
Letsatsi lengwe mongwe a simolola go ngangisa barutwa ba ga Johane a ba bolelela gore kolobetso ya ga Jesu ke yone fela e e botoka.
26 彼等ヨハネの許に來りて云ひけるは、ラビ、ヨルダン[河]の彼方に汝と共に在りし時、汝より證明せられたる彼人は、今自ら洗して、人皆之に趣くなり、と。
Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”
27 ヨハネ答へて云ひけるは、人は天より賜はりたるに非ずば、何物をも自ら受くる能はず、
Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe.
28 汝等自ら我に就きて證する如く、我曾て、我はキリストに非ず、唯其先に遣はされたるのみ、と告げたりき。
Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe.
29 新婦を有てる人こそ新郎なれ。然て新郎の友として立ちて之に聞く人は、新郎の聲の為に喜びに喜ぶ。然れば我此喜は円満なり。
Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe.
30 彼は榮ゆべく我は衰ふべし。
O tshwanetse go tlotlega thata, mme nna ke tshwanetse go ngotlafala thata.
31 上より來れる人は衆人に上たり、地よりの人は地に属して地上の事を語る、天より來れる人は衆人に上たるなり。
O tswa legodimong ebile o mogolo mo go mongwe le mongwe. Nna ke wa lefatshe, mme tlhaloganyo ya me e lekaganyeditswe mo dilong tsa lefatshe fela.
32 彼は其親ら見且聞きし所を證すと雖も、一人も其證言を承けず、
O bolela se a se bonyeng le se a se utlwileng, mme ke ba se kae fela ba ba dumelang se a se ba bolelelang!
33 其證言を承けたる人は、神の眞實にて在す事を證印せる者なり。
“Ba ba mo dumelang ba bona gore Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Gonne yo, yo o romilweng ke Modimo, ebile o bua mafoko a Modimo, gonne Mowa wa Modimo o mo go ene mo go senang selekanyo.
34 即ち神の遣はし給ひし者は神の御言を語る、神は[聖]霊を賜ふに制限なければなり。
35 父は御子を愛して萬物を其手に賜へり。
Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng.
36 御子を信仰する人は永遠の生命を有す。然れど御子を信ぜざる人は生命を見ざるべく、神の怒却て彼が上に止る、と。 (aiōnios g166)
Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.” (aiōnios g166)

< ヨハネの福音書 3 >